Botlhale Jwa go Dirisa Loleme
‘FA FELA ke ne ke ka kgona go busa se ke se buileng!’ A o kile wa bua jalo? Ee, rotlhe re kgaratlhela go laola loleme lwa rona. Baebele ya re re ka kgona go kgwabofatsa mo e ka nnang phologolo nngwe le nngwe, “mme loleme lone, ga go na le a le mongwe wa batho yo o ka dirang gore lo kgwabofale.” (Jakobe 3:7, 8) A re tshwanetse go itlhoboga re sa laole se re se buang? Nnyaa! Akanya ka melaometheo mengwe ya Baebele e e ka re thusang go laola ka mo go oketsegileng karolo eno e nnye ya mmele mme e le e e nonofileng.
● “Ga go nke go tlhokega tlolo mo mafokong a mantsi, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o dira ka botlhale.” (Diane 10:19) Fa re bua thata, go na le kotsi e kgolwane ya gore re tla bua sengwe sa boeleele kgotsa le e leng se se utlwisang botlhoko. Ee ruri, loleme lo lo sa laolweng lo ka tshwana le molelo, lo anamisa ka bonako tshebo le go senya ba bangwe maina e bile e le ka tsela e e utlwisang botlhoko. (Jakobe 3:5, 6) Le fa go ntse jalo, fa re ‘thiba dipounama tsa rona,’ kgotsa re akanya pele ga re bua, re a bo re akanyetsa ditlamorago tse mafoko a rona a ka nnang le tsone. Ka tsela eno, re itsege re le batho ba ba nang le temogo e bile batho ba bangwe ba ka re tlotla le gore tshepa.
● “Nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Batho ba bangwe ba anaanela thata fa re reetsa ka kelotlhoko se ba se buang, ka gonne ka tsela eno ga re bontshe fela gore re a ba kgatlhegela mme gape re bontsha gore re a ba tlotla. Mme go tweng fa mongwe a ka bua sengwe se se utlwisang botlhoko kgotsa se se re galefisang? Fa go ntse jalo, re tshwanetse go “nna bonya go shakgala” re sa tsiboge ka tsela e e tshwanang le ya gagwe. Go itse mang? Motho yoo o ka tswa a galefisitswe ke sengwe se se rileng mme a ka nna a kopa maitshwarelo ka ntlha ya tsela e e sa itumediseng e a ileng a bua ka yone. A o fitlhela go le thata gore o ‘nne bonya go shakgala’? Fa go ntse jalo, rapela Modimo gore o nne le boikgapo. A ka se ka a itlhokomolosa dikopo tse di ntseng jalo tse di tswang pelong.—Luke 11:13.
● “Loleme lo lo bonolo lo ka roba lerapo.” (Diane 25:15) Go farologana le tsela e batho ba le bantsi ba akanyang ka yone, go nna bonolo go supa gore motho o nonofile. Ka sekai, karabo e e bonolo e ka fedisa kganetso e e bonalang e le thata e bile e sa fetoge jaaka lerapo, gongwe e le ka ntlha ya bogale kgotsa letlhoo. Ga go na pelaelo gore, e ka nna kgwetlho go nna bonolo, segolobogolo fa motho a galefile. Ka jalo, akanya ka melemo ya go dira se Baebele e se bolelang le ka matswela a a ka nnang teng a go sa dire jalo.
Ruri melaometheo ya Baebele ke “botlhale jo bo tswang kwa godimo.” (Jakobe 3:17) Fa re dirisa botlhale joo mo lolemeng lwa rona, mafoko a rona e tla nna a a nang le seriti, a a lorato le a a agang—jaaka “diapole tsa gouta mo dilong tse di setilweng tsa selefera,” a a tshwanelang seemo sentle.—Diane 25:11.