LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/12 ts. 29
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baeteledipele ba Basha Kwa Malaysia
  • Go sa Nne Kelotlhoko mo Internet
  • Puso E E Theilweng mo Motlhabeng, mo Lookwaneng, le mo Bodumeding
    Tsogang!—1991
  • Go Tweng Ka go Dira Ditsala ka Internet?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Go Thusa Basha go Lebana le Dikgwetlho
    Tsogang!—2007
  • Bana ba ba Dirisang Internet—Se Batsadi ba Tshwanetseng go se Itse
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 2/12 ts. 29

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Go nna poresidente go dira gore motho a ikutlwe a tlhoka go rapela.”—BARACK OBAMA, PORESIDENTE YA UNITED STATES OF AMERICA.

Fa ba ne ba bodiwa gore ba ne ba tla tlhopha tsela efe go bontsha go ipelafatsa ka naga ya gagabo, diperesente di le 56 tsa batho ba kwa Argentina ba ba fa gare ga dingwaga di le 10 le 24 ba ne ba bolela gore ba ne ba ka tlhopha go apara sekipa sa setlhopha sa kgwele ya dinao sa naga.—LA NACIÓN, ARGENTINA.

Mo patlisisong nngwe e e dirilweng go bolelwa gore “bobotlana nngwe tharong ya dijo tse di direlwang batho di a latlhiwa kgotsa di a senyega mo lefatsheng lotlhe, e leng selekanyo sa ditone tse di ka nnang dibilione di le 1,3 ka ngwaga.”—MOKGATLHO WA DIJO LE TEMOTHUO WA LEKGOTLA LA DITŠHABA TSE DI KOPANENG, ITALY.

“Gompieno, lefatshe le tletse dintwa le dipego tsa dintwa, ka jalo, sesole sa Nagagae ya rona se tshwanetse go nna se ipaakanyeditse go sireletsa batho ba gabone le dilo tsotlhe tse di tsewang di le boitshepo mo matshosetsing ape fela a a dirwang ke mmaba yo o tswang kwa ntle.”—PATRIARCH KIRILL, TLHOGO YA KEREKE YA ORTHODOX YA RUSSIA.

Palo ya dikotsi tsa koloi tse di diragetseng thata tse di begetsweng khampani nngwe ya inshorense ya kwa Jeremane ka 2010 di diragetse fa gare ga 7:00 a.m le 8:00 a.m. Modiredimogolo mongwe wa khampani o akgela jaana: “Tsela e e botlhokwa thata ya go tila dikotsi ke go ipha nako e e lekaneng ya go fitlha kwa tirong mo mosong.”—PRESSEPORTAL, JEREMANE.

Baeteledipele ba Basha Kwa Malaysia

Go na le thulaganyo nngwe ya kgaisano ya thelebishene e e ratiwang thata kwa Malaysia ya go tlhopha imam kgotsa moeteledipele yo o molemo wa bodumedi jwa Boiselamo. Thulaganyo eo ya thelebishene e e bidiwang “Imam Muda” kgotsa “Moeteledipele yo Mosha,” e dirwa kwa Kuala Lumpur. Batho ba ba nnang le seabe mo kgaisanong eo, ba ba dingwaga di le 18 go ya go 27, ba ba tswang mo malapeng a a farologaneng, ba nna ba ntse ba ntshiwa ka bonya ka bonya mo kgaisanong go fitlha go sala a le mongwe fela. Motho yo o fenyang kgaisano o newa madi le koloi e ntšha mme gape o newa le tiro ya go nna imam, basari ya go ya go ithuta kwa Saudi Arabia gape o duelelwa loeto lwa sedumedi go ya kwa Mecca. Batho ba ba nnang le seabe mo kgaisanong eno ba tshwanetse go itse sentle ditiro tsa imam, ba kgone go buisana ka dilo tsa bodumedi le dikgang tse dingwe tsa bosheng le go itse Koran ka tlhogo. Mong wa thulaganyo eno ya thelebishene a re boikaelelo jwa gagwe ke go “ngokela basha” mo Boiselamong.

Go sa Nne Kelotlhoko mo Internet

Batho ba le bantsi ba ba dirisang mafelo a go ikgolaganya le batho ba bangwe mo Internet ga ba bonele pele ditlamorago tse di sa itumediseng tsa go ntsha tshedimosetso ya sephiri. Le fa go ntse jalo, go sa nne kelotlhoko mo Internet go ka go tlisetsa ditlamorago tse di sa itumediseng moragonyana mo botshelong. Go ya ka mogokgo mongwe wa sekolo e bong Timothy Wright, yo o nopotsweng mo lokwalodikgannyeng lwa Sydney Morning Herald lwa kwa Australia, “thekenoloji ya segompieno e raya gore go bua o sa akanye, go senya mongwe leina, go tsenya setshwantsho sengwe se se sa siamang kgotsa go senola tshedimosetso ya motho yo mongwe ya sephiri ke dilo tse di nnelang ruri e bile di ka bonwa ke mongwe le mongwe fela yo o ka kgonang go tsena mo lefelong leo la go ikgolaganya le batho mo Internet.” Wright a re seno se kaya gore “diphoso tse motho a di dirileng fa a ne a le dingwaga di le 15, di sa ntse di ka bonwa ke mothapi dingwaga di le lesome moragonyana.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela