LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/12 ts. 32
  • “Buka Eno e Kwadilwe ka Botswerere”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Buka Eno e Kwadilwe ka Botswerere”
  • Tsogang!—2012
Tsogang!—2012
g 2/12 ts. 32

“Buka Eno e Kwadilwe ka Botswerere”

● A o ka rata go bala ka botshelo jwa ga Jesu Keresete jwa fa a ne a le mo lefatsheng mmogo le dithuto tsa gagwe tse di fetolang matshelo a batho le ditshwantsho tsa gagwe tse di sa lebalesegeng? Fa e le gore go ntse jalo, o kopiwa go bala buka ya setlhogo se se reng Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.

Fa mmadi mongwe yo o nang le kanaanelo a sena go bala buka eno, o ne a bolela jaana: “Le fa buka eno e kwadilwe ka tsela e e sa raraanang mme gone e tlhalosa ka tsela e ntle e bile e tlhalosa ka botlalo botshelo jwa Morena wa rona fa a ne a le mo lefatsheng, e kwadilwe ka botswerere.”

Go ya bokgakaleng jo bo rileng, ditiragalo tse di mo bukeng eno di kwadilwe ka tatelano go ya kafa di diragetseng ka teng. E theilwe mo mekwalong e e boitshepo e e kwadilweng ke batho ba le banè ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Jesu, bakwadi ba Diefangele e bong Mathaio, Mareko, Luke le Johane. Mathaio le Johane e ne e le baaposetoloi ba ga Jesu e bile ba ne ba tsamaya le ene. Mareko e ne e le tsala e kgolo ya ga Petere, mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu. Mme Luke yo e neng e le ngaka, o ne a tsamaya le moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo.

O ka kopa gore o romelelwe khopi ya buka eno ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebe 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela