O Akanyang fa go Buiwa ka Jesu?
A o tsaya Jesu e le lesea le le sa tswang go tsholwa, monna yo o swang kgotsa Kgosi e e tlotlegang?
Baebele ya re Jesu ke Kgosi e e maatla. Mme seno se go ama jang?
Batho ba le bantsi ba dumela gore Jesu o ba swetse. Mme loso lwa monna yo o suleng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng lo ka dira jang gore batho ba bangwe ba bone botshelo gompieno?
O lalediwa ka lorato gore o tle go utlwa dikarabo tse di theilweng mo Dikwalong tsa dipotso tseno. Tshedimosetso eno e tla tlhalosiwa fa Basupi ba ga Jehofa ba tla bo ba kopane go gopola loso lwa ga Jesu. Monongwaga letsatsi la Segopotso le tla nna ka Labone, April 5, fa letsatsi le sena go phirima.
Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona ka nako le lefelo le le tshwanetseng.