LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/12 ts. 12-14
  • Ain Jalut—Ntwa e e Neng ya Fetola Hisitori ya Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ain Jalut—Ntwa e e Neng ya Fetola Hisitori ya Lefatshe
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Qutuz le Ba-Mamluk
  • Ain Jalut Kwa Palesetina
  • Diphelelo Tsa Ntwa ya Kwa Ain Jalut
  • Bakgarakgatshegi ba Kwa Asia ba ba Neng ba Tlhoma Mmusomogolo
    Tsogang!—2008
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
  • Merafe e Phuthegela Kwa Megido
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Haramagedona—Ntwa ya Modimo e e Tla Fedisang Dintwa Tsotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 3/12 ts. 12-14

Ain Jalut—Ntwa e e Neng ya Fetola Hisitori ya Lefatshe

MASOLE a a galefileng a a neng a tswa kwa Mongolia a ne a senya motse mongwe le mongwe o o neng o sa batle go ineela mo go one. Ka February 1258, a ne a tlhasela Baghdad mme a thubaganya dipota tsa yone. Go ne ga tsaya beke gore a bolaye batho ba toropo eo le go e thopa. Dinaga tsotlhe tsa Baiselamo di ne tsa aparelwa ke poifo ka ntlha ya Ba-Mongolia.a

Ka January 1260, fa Ba-Mongolia ba ne ba ya ntlheng ya bophirima, motse wa Aleppo o o kwa Siria o ile wa diragalelwa ke se se neng sa diragalela Baghdad. Ka March, babusi ba kwa Damaseko ba ne ba bulela Ba-Mongolia dikgoro tsa bone mme ba ineela. Ka bonako moragonyana ga foo, Ba-Mongolia ba ne ba gapa metse ya Palesetina ya Nablus (gaufi le lefelo la bogologolo la Shekema) le Gasa.

Molaodi wa masole a Ba-Mongolia e bong Hülegü, o ne a laela gore Mmusi wa Bamoseleme kwa Egepeto e bong al-Muzaffar Sayf al-Din Qutuz le ene a ineele. Hülegü o ne a mo tshosetsa ka gore fa a ka se ineele, Egepeto e ne e tla tlelwa ke ditlamorago tse di sa itumediseng. Masole a ga Hülegü a ne a feta masole a le 20 000 a Baegepeto kgakala mo e leng gore lesole le le lengwe la Moegepeto le ne le lebane le masole a le 15 a Ba-Mongolia. Mokwadi wa hisitori ya Bamoseleme e bong Porofesa Nazeer Ahmed, o bolela jaana: “Lefatshe la Bamoseleme le ne le lebane le go fedisiwa.” Mmusi Qutuz o ne a tla dirang?

Qutuz le Ba-Mamluk

Qutuz e ne e le Mo-Mamluk, lekgoba la Mo-Turkey. Ba-Mamluk e ne e kile ya nna makgoba a masole a Ba-Ayyubid, ba e neng e le babusi ba Bamoseleme kwa Cairo, kwa Egepeto. Le fa go ntse jalo, ka 1250, makgoba ao a ne a thankgola beng ba one mme a nna babusi ba Egepeto. Qutuz, yo le ene e neng e kile ya nna lekgoba la lesole, kgabagare o ne a tsaya marapo mme a nna mmusi wa Bamoseleme ka 1259. E ne e le lesole le le nang le bokgoni mme o ne a ikaeletse go lwa go na le gore a ineele mo masoleng a Ba-Mongolia. Le fa go ntse jalo, go ne go sa lebege a ka kgona go fenya Ba-Mongolia. Mme go ne ga simolola tatelano ya ditiragalo tse di neng di tla fetola hisitori ya lefatshe.

Hülegü o ne a amogela molaetsa wa gore Möngke, yo e neng e le mmusi yo mogolo wa Ba-Mongolia kwa nageng e e kwa kgakala ya Mongolia o ne a tlhokafetse. E re ka Hülegü a ne a bonela pele gore batho ba ne ba tla lwela maemo kwa gae, o ne a boela morago le bontsi jwa masole a gagwe. O ne a tlogela masole a palo e e fa gare ga 10 000 le 20 000—a akanya gore a lekane go ka fenya Baegepeto. Jaanong Qutuz o ne a lemoga gore a ka kgona go fenya Ba-Mongolia. O ne a swetsa ka gore eno e ne e le tshono ya gore a fenye batlhasedi bano.

Le fa go ntse jalo, go ne go na le baba ba bangwe ba Bamoseleme fa gare ga Egepeto le Ba-Mongolia—masole a batlhabanelatumelo a a neng a tlile kwa Palesetina go tla go gapa “Naga e e Boitshepo” ya madumedi a a ipitsang a Bokeresete. Qutuz o ne a a kopa tsela e e babalesegileng le tetla ya go reka dilo tse ba di tlhokang gore ba lwe le Ba-Mongolia kwa Palesetina. Masole a batlhabanelatumelo a ne a dumela. Tota e bile, Qutuz e ne e le ene fela a ka thusang masole a batlhabanelatumelo go ntsha Ba-Mongolia mo lefelong leo, ba e neng e le bothata mo go one fela jaaka e ne e le bothata mo Bamoselemeng.

Ka ntlha ya seo, maemo a ne a siametse gore go ka lowa ntwa ya makgaolakgang fa gare ga Ba-Mamluk le Ba-Mongolia.

Ain Jalut Kwa Palesetina

Masole a Ba-Mamluk le a Ba-Mongolia a ne a kopana ka September 1260 kwa Ain Jalut mo Lebaleng la Esdraelon. Go dumelwa gore Ain Jalut e ne e le gaufi le motse wa bogologolo wa Megido.b

Mokwalahisitori mongwe e bong Rashid al-Din a re, Ba-Mamluk ba ne ba lalela Ba-Mongolia kwa Megido. Qutuz o ne a fitlha bontsi jwa masole a gagwe a a palameng dipitse mo dithabeng tse di dikologileng lebala mme a laela setlhopha se sennye sa masole gore se ye kwa pele go gakatsa Ba-Mongolia gore ba tlhasele. Ba-Mongolia ba ne ba ithaya ba re masole a Ba-Mamluk a a fa pele ga bone a ne a feletse, ka jalo ba ne ba a tlhasela. Go tswa foo, Qutuz o ne a tlhasela Ba-Mongolia ka yone nako eo ba sa lebelela. O ne a laela masole a a palameng dipitse gore a tswe mo mafelong a a neng a iphitlhile mo go one mme a tlhasele Ba-Mangolia kafa matlhakoreng. Ba-Mongolia ba ne ba fenngwa.

E ne e le lekgetlho la ntlha Ba-Mongolia ba fenngwa fa e sa le ba simolola go tlhasela karolo e e kwa bophirima jwa Mongolia dingwaga di le 43 pelenyana. Le fa palo ya masole a a neng a lwa e ne e le nnye thata, ntwa ya kwa Ain Jalut e tsewa e le nngwe ya dintwa tsa botlhokwa thata mo hisitoring. E ne ya sireletsa Bamoseleme gore ba se ka ba nyelediwa, ya fedisa kgopolo ya gore Ba-Mongolia ba ka se ka ba fenngwa ya ba ya dira gore masole a Ba-Mamluk a buse dinaga tsa one tse di neng di gapilwe.

Diphelelo Tsa Ntwa ya Kwa Ain Jalut

Ba-Mongolia ba ile ba boela kwa Siria le Palesetina ka makgetlho a le mmalwa mme ba ne ba ka se tlhole ba leka go tshosetsa Egepeto. Ditlogolwana tsa ga Hülegü di ne tsa nna kwa Peresia, tsa nna Bamoseleme mme fa nako e ntse e tsamaya tsa nna batshegetsi ba setso sa Bamoseleme. Dinaga tsa tsone di ne tsa bidiwa Persian ilkhanate, mo go rayang “kgaolo e e laolwang ke kgosana.”

Qutuz ga a ka a tshela lobaka morago ga phenyo ya gagwe. O ne a bolawa ke baganetsi ba gagwe nakwana fela morago ga moo. Mongwe wa baganetsi bao e ne e le Baybars I, yo e neng e le mmusi wa ntlha wa Bamoseleme mo pusong e e kopantsweng gape ya Egepeto le Siria. Batho ba le bantsi ba ne ba mo tsaya e le mmusi yo e leng ene a simolotseng puso ya Ba-Mamluk. Puso e ntšha ya naga ya gagwe—e e neng e na le tsamaiso e ntle e bile e humile—e ne ya busa lobaka lwa makgolo a mabedi le sephatlo a dingwaga, go fitlha ka 1517.

Mo lobakeng loo lwa dingwaga tse di ka nnang 250, Ba-Mamluk ba ne ba ntsha masole a batlhabanelatumelo mo Nageng e e Boitshepo, ba rotloetsa kgwebo le madirelo, ba tshegetsa tsa botaki mme ba aga dikokelo, mafelo a kobamelo a Bamoseleme le dikolo. Mo pusong ya bone, Egepeto e ne ya nna naga e e di gogang kwa pele mo dinageng tsa Bamoseleme.

Ntwa ya kwa Ain Jalut ga e a ka ya ama dinaga tsa Botlhabagare fela. E ne ya laola le ditiragalo tsa dinaga tsa Bophirima. Makasine wa Saudi Aramco World wa re: “Fa Ba-Mongolia ba ka bo ba ile ba fenya Egepeto, ba ka bo ba ile ba kgona go kgabaganya Afrika Bokone go ya kwa Kgogometsong ya Gibraltar fa Hülegü a sena go boa.” E re ka ka nako eo Ba-Mongolia ba ne ba fitlhile le kwa Poland, ba ka bo ba ile ba dikanyetsa Yuropa mo dintlheng tsotlhe.

One makasine ono o botsa jaana: “Fa go ka bo go ile ga nna jalo, a Motlha wa Diphetogo kwa Yuropa o ka bo o ile wa diragala? Lefatshe gompieno le ka bo le sa nna ka tsela e le ntseng ka yone gotlhelele.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Ba-Mongolia le diphenyo tsa bone, bona makasine wa Tsogang! ya May 2008.

b E re ka dintwa di le dintsi tsa makgaolakgang di ne di lwelwa mo lefelong leno, lefoko “Megido” le ne la amanngwa le ntwa e e itsegeng thata e e bidiwang Haramagedona—Har–Magedon ka Sehebera. Baebele e amanya Haramagedona le “ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.”—Tshenolo 16:14, 16, Authorized Version.

[Mmapa mo go tsebe 12]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Damaseko

SIRIA

Thaba ya Tabore

Lebala la Esdraelon

Ain Jalut (gaufi le Megido)

Nablus (Shekema)

Jerusalema

Gasa

EGEPETO

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Lefelo le motse wa bogologolo wa Megido o neng o le mo go lone

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Masole a Ba-Mamluk le a Ba-Mongolia a ne a kopana ka September 1260 kwa Ain Jalut, mo Lebaleng la Esdraelon

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Marope a motse wa bogologolo wa Shekema mme kwa morago ke karolo ya motse wa segompieno wa Nablus

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela