Kago ya Phemelo ya Terezín—Ga e A Kgona go Thibela Pogo
TOROPO ya Theresienstadt (kgotsa Terezín) e fa gare ga ditoropokgolo tse di mo bogareng jwa Yuropa tsa Dresden le Prague. Toropo eno e na le kago e kgolo ya phemelo e e nang le dipota tse dikgolo. E ne e agetswe go thibela masole a dinaga di sele gore a se ka a tsena mo nageng eo le go sireletsa banni ba kgaolo e e e dikologileng.
Joseph II, yo e neng e le kgosi ya Jeremane e bile e le mmusimogolo wa Roma e e Boitshepo, o ne a laela gore go agiwe kago eno ya phemelo mme o ne a le teng fa setsha seo se ne se tlhatlhobiwa le moragonyana fa go ne go thewa motheo go ela kwa bokhutlong jwa 1780. Kago eno ya phemelo e ne ya agiwa go tlotlomatsa mmaagwe, Mmusimogolo wa mosadi e bong Maria Theresa mme go tswa foo e ne ya newa leina la Se-Czech e leng Terezín, le le kayang “Toropo ya ga Theresa.”a Go bolelwa gore go ne go a tle go nne le badiri ba ka nna 14 000 mo setsheng seo. Bontsi jwa tiro bo ne jwa wediwa mo dingwageng di le nnè.
Fa Terezín e fetsa go agiwa ka 1784, e ne e le kago ya phemelo e kgolo go di gaisa tsotlhe mo dinageng tsa Hapsburg. Mekgwa ya boenjenere e e neng e dirisiwa koo e ne e le ya maemo a a kwa godimo go gaisa yotlhe mo hisitoring ya go agiwa ga dikago tsa phemelo go fitlha ka nako eo. Le fa go ntse jalo, tota le pele e ka wediwa, maano a a dirisiwang ke masole a ne a setse a fetogile fela thata.
Masole a baba a ne a sa tlhole a dikanyetsa kago ya phemelo fa a ne a tlhasela naga. A ne a dikanyetsa metse e e gaufi a bo a e thopa. Ka ntlha ya seo, ka 1888 Terezín e ne e sa tlhole e itsiwe e le kago ya phemelo ya masole. Mafelo a a fa gare ga dipota tsa yone a ne a fetolwa go nna diparaka tse dintle tse di nang le dibanka le ditselana fa gare ga ditshingwana.
Kago ya Phemelo e Dirwa Toropo
Kago ya Phemelo ya Terezín e ne e agilwe jaaka toropo e e sireletsegileng. Mo teng ga dipota tsa yone tse dikgolo, go ne go na le mafelo a bonno a masole, ba malapa a bone le batho ba bangwe ba e seng masole.
Gaufi le kago e kgolo ya phemelo go ne ga agiwa e nngwe e nnye e e neng ya nna kgolegelo ya sesole. Mo masimologong a bo1800 baganetsi ba tsa dipolotiki ba Mmusomogolo wa Hapsburg ba ne ba tsenngwa mo go yone. Mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo moragonyana, bangwe ba magolegwa e ne e le basha ba ba neng ba nnile le seabe mo go bolayeng Kgosanakgolo Francis Ferdinand ka 1914 kwa Sarajevo. Ga ba a ka ba atlholelwa loso ka gonne ba ne ba le ka fa tlase ga dingwaga tse 20. Go ise go ye kae, bontsi jwa bone bo ne jwa swela mo kgolegelong. Ba ile ba tlhokofadiwa mme bangwe ba bone ba tsenwa. Gavrilo Princip, yo tota e neng e le ene mmolai, o ne a swela mo kgolegelong eo fa Ntwa ya Lefatshe I e ntse e fagile.
Kago e Nnye ya Phemelo e ne e itsege e le nngwe ya dikgolegelo tse di setlhogo go gaisa mo pusong ya Austria le Hungary. Gantsi magolegwa a ne a nna a bofilwe ka dikeetane tse di bokete mo meleteng ya kgolegelo e e tsididi e bile e le bongola. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, kago eno ya phemelo e ne ya dirisediwa go dira dilo tse di bosula le go feta.
“Lefelo la Botsogo jo Bontle la Terezín”—Tota E ne E le Eng?
Fa Banasi ba sena go tlhasela ba bo ba thopa naga e jaanong e leng Czech Republic, ba ne ba simolola go isa Bajuda kwa kagong e kgolo ya phemelo ka 1941. Banasi ba ne ba fetola toropo ya Theresienstadt go nna lefelo le go nnang Bajuda fela mo go lone. Ba ne ba bolela gore go ne go tlhokega gore batho ba tlhaolwe ka lotso e le gore go se ka ga nna le dikgotlhang fa gare ga Bajuda le batho ba e seng Bajuda. Le fa Banasi ba ne ba dira gore batho ba akanye gore Theresienstadt e ne e le lefelo la go tokafatsa botsogo le le neng le diretswe Bajuda fela, ba ne ba loga maano mo sephiring a go nyeletsa Bajuda botlhe.
Kwa karolong e e kwa botlhaba ya Yuropa, Banasi ba ne ba setse ba tlhomile dikampa tsa polao tse Bajuda ba ba tswang kwa Theresienstadt le mafelo a mangwe ba neng ba tla isiwa kwa go tsone ba bo ba bolawa.b Le fa go ne go sa bolo go itsiwe gore dikampa tseo di teng go tloga mo magareng a bo1930, Banasi ba ne ba anamisa tshedimosetso ya maaka ya gore dikampa tseo e ne e le dikgolegelo fela. Le fa go ntse jalo, dipego tse di kaga maemo a kwa dikampeng tseno di ne di ntse di oketsega. Ka ntlha ya seo, badiredi ba bagolo ba Banasi ba ne ba patelesega go araba ditatofatso tseo. Ka jalo, Banasi ba ne ba loga maano a go araba ditatofatso tseo fa pele ga lefatshe lotlhe. Ba ne ba dira seo jang?
Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, ka 1944 le 1945, baemedi ba International Red Cross ba ne ba lalediwa go tla go tlhatlhoba kago e kgolo ya phemelo gore ba iponele ka matlho se se diregang koo. Le fa go ntse jalo, e le gore go lebege e kete lefelo leno la phemelo e ne e le toropo fela ya go tokafatsa boitekanelo, Banasi ba ne ba dira tiro e kgolo ya go e kgabisa.
Dinomoro tsa mebila di ne tsa emisediwa ka maina a a monate. Go ne ga dirwa kago e e lebegang jaaka banka, le e e lebegang jaaka sekolo sa bana ba bannye mmogo le mabenkele. Go ne ga ba ga bulwa le khefi mo gare ga lefelo leno la Bajuda. Matlo a ne a baakanngwa ka fa ntle, ga jalwa dijalo mo phakeng e e fa gare ga motse mme ga agiwa lefelo la bobogelo kwa go neng go lediwa mmino o o tansetswang kwa go lone.
Morago ga moo, baemedi ba Red Cross ba ne ba lalediwa go tla go bontshiwa lefelo leno la botsogo jo bontle. Ba ne ba letlelelwa go bua le batho ba go neng go twe ke baemedi ba puso ya Bajuda. Le fa go ntse jalo, batho bano e ne e le banni ba ba tlhophilweng ka kelotlhoko, ba ba neng ba araba dipotso fela jaaka Banasi ba ne ba ba laetse ka nako ya fa ba ne ba ikatisetsa go araba dipotso tseo. Banasi ba ne ba kgona go tsietsa baemedi ba Red Cross ka makgetlho a mabedi a fa ba ne ba tlile go tlhatlhoba lefelo leno. Mo dipegong tsa bone, baemedi ba ne ba tlhalosa ka tsela e e seng yone gore Theresienstadt e ne e le toropo e e tlwaelegileng ya Bajuda e banni ba yone ba tlhokometsweng sentle. Fa baemedi ba International Red Cross ba sena go tswa kwa Theresienstadt, Bajuda ba ba neng ba le mo lefelong leno la Bajuda ba ne ba tswelela ba boga, ba bolawa ke tlala le go swa. Ke ba sekae fela ba ba neng ba sa ntse ba tshela fa Ntwa ya Lefatshe II e fela.
Kago e Nnye ya Phemelo
Gape Banasi ba ne ba dirisa Kago e Nnye ya Phemelo e le kgolegelo. Maemo a koo a ne a tshwana le a dikampa tsa pogisetso. Bontsi jwa banna le basadi ba ba diketekete ba ba neng ba tsentswe mo kgolegelong kwa Kagong e Nnye ya Phemelo ba ne ba leta fela mo lefelong leno ba bo ba isiwa kwa dikampeng dingwe tse dikgolo tse di mo kgaolong ya Puso ya Jeremane.
Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 20 ba ba tswang kwa Prague, kwa Pilsen le kwa dikarolong tse dingwe tsa naga ba ne ba tsentswe mo kgolegelong ya Kago e Nnye ya Phemelo. Ba ne ba dirile eng? Ba ne ba ganne go tshegetsa Banasi e bile ba sa tseye letlhakore mo dipolotiking. Le fa Basupi ba ne ba thibetswe go rera, ba ne ba tswelela go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tse di tswang mo Baebeleng. Ba ne ba boga fela ka ntlha ya tumelo ya bone mme bangwe ba bone ba ne ba bolawa kgotsa ba tlhokofadiwa go fitlha ba swa.
Se re Ka se Ithutang
Baebele ya re: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene. Moya wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.” (Pesalema 146:3, 4) Kago ya Phemelo ya Terezín ke sekai se se tshwanelang sentle sa ntlha eno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mmusimogolo yono wa mosadi gape e ne e le mmaagwe Marie Antoinette, yo kgabagare e neng ya nna kgosigadi ya kwa Fora.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona makasine wa Tsogang! wa September 8, 1995, tsebe 17-29 le wa April 8, 1989, tsebe 3-20 [ka Seesemane].
[Lebokoso mo go tsebe 20]
BASUPI BA GA JEHOFA MO KAGONG E NNYE YA PHEMELO
Bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba golegilwe kwa Theresienstadt ba ne ba thamathamisiwa pele ka dipotso kwa ntlokgolong ya mapodise a Ba-Gestapo kwa Prague. Gantsi fa ba tswa kwa Theresienstadt, ba ne ba isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso kwa Jeremane. Ba ne ba kgona jang go itshokela maemo a a setlhogo a kwa kgolegelong le go nna kgakala le Basupi ba bangwe?
Mosadi mongwe wa Mosupi yo o neng a le kwa kgolegelong kwa Theresienstadt o gakologelwa jaana: “E re ka ke ne ke sa batle go lebala dithuto tsa Baebele, ke ne ka di boaboeletsa gangwe le gape. Kwa kgolegelong nngwe le nngwe e ke neng ke isiwa kwa go yone, ke ne ke senka Basupi ba bangwe, mme fa go ne go ka direga gore ke fitlhele gore ba teng, ke ne ke leka go ikgolaganya le bone. Mme gape ke ne ke leka go rerela batho ba bangwe nako le nako fa maemo a dumela.”
Go lebega tsela e a neng a dira dilo ka yone e ne ya atlega. O ne a nna a ikanyega mo Modimong mo nakong yotlhe e a e feditseng a le kwa kgolegelong le mo dingwageng tsa fa a setse a dule.
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Setempe se se bontshang lefelo le le kgatlhang la Terezín ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Magolegwa a a sa tswang go goroga a ne a isiwa kwa matlong a magolegwa. Letshwao le kwadilwe jaana ka Sejeremane: “Arbeit Macht Frei” (Tiro e a Golola)
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Malao a dipolanka a a mo karolong e basadi ba neng ba nna mo go yone mo kagong ya phemelo
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Kgoro e kgolo ya Kago e Nnye ya Phemelo
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]
Both photos: With courtesy of the Memorial Terezín