LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/12 ts. 26-27
  • Ke Mang Yo o Ka Fetolang Lefatshe la Rona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang Yo o Ka Fetolang Lefatshe la Rona?
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Ditšhaba di le Dintsi di se Bolelang
  • Se Baebele e se Rutang
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Bogosi Jwa Modimo
    Tsogang!—2013
  • Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 7/12 ts. 26-27

Baebele ya Reng . . . 

Ke Mang Yo o Ka Fetolang Lefatshe la Rona?

“Batho mo lefatsheng ba batla gore baeteledipele ba bone ba ba neye dikarabo. Ba batla ditharabololo, e seng matsapa a a sa fitlheleleng sepe kgotsa diipato.”—MOTSAMAISIMOGOLO WA LEKGOTLA LA DITŠHABA TSE DI KOPANENG E BONG BAN KI-MOON.

RE TSHELA mo metlheng e Baebele e e bitsang “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Dikgang di tletse ka dipego tse di tshosang tsa ntwa, borukhutlhi, mathata a ikonomi le go senyega ga tikologo go go ntseng go oketsega.

A go na le tsholofelo epe ya gore dilo di tla tokafala? A dipuso tsa batho di ka kgona go rarabolola mathata a lefatshe? Kgotsa a re tlhoka go leba go sele go bona thuso?

Se Ditšhaba di le Dintsi di se Bolelang

Ditšhaba di le dintsi di bolela gore di engwe nokeng ke Modimo. Ka sekai, Maikano a Setšhaba a United States of America a re ke “setšhaba se se seoposengwe se se laolwang ke Modimo,” mme madi a naga eno a tshipi le a pampiri a na le mafoko a a reng “Re Ikantse Modimo.”

Gone ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba ba nnang kwa United States ga ba dumele gore Modimo o teng—mme go ntse jalo le ka dinaga tse dingwe tse di iphakang gore di engwa nokeng ke Modimo. Tota le batho ba ruri ba dumelang mo Modimong ba leba dilo ka tsela e e farologaneng malebana le gore Modimo o tsenelela go le kana kang mo dikgannyeng tsa batho.

● Bangwe ba re Modimo ga a kgathale mme o tlogeletse batho gore ba ipuse.

● Ba bangwe ba re Modimo o dirisa mebuso ya batho e bile a ka segofatsa maiteko a ba a dirang go tokafatsa lefatshe la rona.

A go na le mafoko a o dumalanang le one mo go a a fa godimo, fa go le jalo, ke afe?

Akanya ka seno: Fa e ne e le gore mafoko a ntlha a boammaaruri, re ka bo re le mo mathateng a magolo. Fa mafoko a bobedi a ne a le boammaaruri, re ne re tla tshwanelwa ke go ipotsa jaana: ‘A Modimo o rata setšhaba se sengwe go feta se sengwe? Fa ditšhaba tse pedi di ya ntweng mme bobedi jwa tsone di rapela ka tlhoafalo gore di fenye, Modimo o tsaya letlhakore lefe?’ A go a kgonega gore a se ka a tsaya letlhakore lepe?

Se Baebele e se Rutang

1. Motho o ne a sa bopelwa go ipusa. Baebele ya re: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Se se diragetseng mo hisitoring se tlhomamisa gore mafoko ao a boammaaruri. Puso ya motho ga ya tlisa maemo a a botoka mo lefatsheng, tota le fa babusi ba na le maitlhomo le maikaelelo a a molemo. Go na le moo, ‘motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.

2. Modimo o amega ka se se re diragalelang. Ga se gore ga a bone e bile ga a amege ka dilo tse di re diragalelang. Go na le moo, o tla tsaya kgato go re thusa. Jang? O tla dirisa Bogosi jwa gagwe “jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha.”—Daniele 2:44.

3. Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota. Ke jone Bogosi jo batho ba le bantsintsi ba ba peloephepa ba bo rapelelang mo thapelong e ba e rapelang gangwe le gape ya Rraetsho kgotsa Thapelo ya Morena. Mo go yone thapelo eo, batho ba kopa Modimo jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Ela tlhoko gore Bogosi jwa Modimo ga bo ame legodimo fela; gape bo dira gore thato ya Modimo e kgone go diragala le mo lefatsheng.

4. Modimo a ka kgona go fetola lefatshe leno—e bile o tla dira jalo—ka Bogosi jwa gagwe. Fa e le gore ga o dumele seno, sekaseka se Baebele e se rutang.

● Modimo o ne a dira gore batho ba simolole botshelo sentle mo tikologong e e nang le kagiso.—Genesise 1:27-31.

● Go sa kgathelesege mathata a re a bonang, Modimo ga a ise a latlhe boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe la rona.—Pesalema 37:11, 29.

● Modimo o setse a tsere dikgato go dira gore lefatshe la rona—le batho—le kgone go busediwa kwa maemong a a neng a a ikaeletse kwa tshimologong.—Johane 3:16.

A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo le kafa bo tla fetolang lefatshe ka gone? Basupi ba ga Jehofa, ba e leng bagatisi ba makasine ono, ba tla itumelela go go thusa. Ke eng fa o sa tlotle le bone ka dintlha tseno mo nakong e e tlang fa ba go etela mo legaeng la gago?

● Bogosi jwa Modimo ke eng?

● Bo tla tlisa diphetogo dife?

● Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa diphetogo tseno leng le gone jang?

A O KILE WA IPOTSA GORE . . . 

● Ke eng fa dipuso tsa batho di sa kgone go dira sengwe le sengwe se di tlhokang go se dira gore di fetole maemo a lefatshe?—Jeremia 10:23.

● Modimo o setse a re bontshitse jang gore o a re kgathalela?—Johane 3:16.

● Bogosi jwa Modimo bo tla dira eng mo lefatsheng la rona mme bo tla direla batho ba ba nnang mo go lone eng?—Pesalema 37:11, 29.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

A dipuso tsa batho di ka kgona go rarabolola mathata a lefatshe? Kgotsa a re tlhoka go batla thuso gongwe go sele?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela