Lefatshe le le Fetogileng—A o Tla Tsamaya o le Bona?
● Ditlhogo tsa ntlha mo makasineng ono wa Tsogang! di tlotla ka keletso e batho mo lefatsheng lotlhe ba nang le yone—keletso ya gore go nne le lefatshe le le botoka. A go na le tsholofelo epe ya gore o tla tsamaya o bona selo se se ntseng jalo se direga?
Bagatisi ba makasine ono, e leng Basupi ba ga Jehofa, ba dumela gore Baebele e ka re thusa go tlhaloganya se isagwe e re tsholetseng sone. Ke yone fela buka e e boitshepo e e tlhalosang hisitori ya batho go tloga fela kwa tshimologong. Gape Baebele e re bolelela gore re ka lebelela eng mo isagweng—mme ga se isagwe e e letobo e batho ba le bantsi ba akanyang ka yone.
A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng malebana le se Baebele e se bolelang ka kgang eno? Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e ka go thusa. E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong e teng ka dipuo di le 244.
□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.