“Ditshenekegi Tsa mo Lewatleng” Tse o ka Itumelelang Go di Ja
Bareki bangwe ba ba suleng ke tlala ba ntse mo resetšhurenteng nngwe kwa New York City. Ba dirisa didirisiwa tsa tshipi go bula ka botswerere dikgapha tse di thata tsa ditshedi tse dikgolo tse e keteng ditshenekegi tse di fa pele ga bone. Batho bano ba ba itumelelang ditshenekegi tseno ba itlhokomolosa matlho a tsone a e keteng a ba lebile mo dipoleiting tsa bone mme ba natha nama e e boruma e e monate. Ba ja eng? “Ditshenekegi tsa mo lewatleng”—tse gantsi di itsiweng e le di-“lobster.”
KE KA ntlha yang fa di-lobster di bidiwa ditshenekegi tsa mo lewatleng? Batshwaraditlhapi ba ne ba bona ditshedi tseno tsa lewatle tse di nang le dikgapha tse di thata di tshwana fela le ditshenekegi fa di ntse di tsamayatsamaya mo teng ga mekoro ya bone.
Mme go na le sengwe gape se di tshwanang ka sone. Ka bo1700, di-lobster di ne di tletse mo lotshitshing lwa lewatle lo lo kafa bokonebotlhaba jwa United States jaaka losaisai lwa ditshenekegi. Ditshedi tseno tsa lewatle tse di nang le dikgapha tse di thata di ne tsa tshwarwa mme tsa tshelwa mo masimong go nna menontsha. Di ne tsa dirisiwa go thaya ditlhapi. E ne e le dijo tsa magolegwa. Mo metlheng eo, di ne di tlwaelegile thata jaana mo e leng gore setlhopha sa badiri ba ba neng ba bereka ka lobaka lo lo rileng kwa kgaolong eo ba ne ba fenya kgetsi ya molao e mo go yone go neng ga laelwa gore ba se ka ba fepiwa di-lobster makgetlho a a fetang a le mararo mo bekeng!
Go farologana le seo, mo bathong ba ba neng ba nna kgakala le lewatle, di-lobster e ne e le dijo tse ba di jang sewelo. Ka ntlha yang? Ka gonne fa lobster e sena go swa, e bola ka bonako mme e ka se thibelwe go bola ka go tshelwa letswai kgotsa go omisiwa. Le fa go ntse jalo, mo magareng a dingwaga tsa bo1800, batho ba ne ba simolola go di thibela go bola ka go di tsenya mo dithining mme ka jalo batho ba ba oketsegileng ba ne ba kgona go itumelela tatso ya tsone e e monate. Mo godimo ga moo, go agiwa ga diporo go dirile gore go kgonege go romela di-lobster tse di tshelang kwa nageng yotlhe ya United States. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba ne ba simolola go rata di-lobster. Le fa go ntse jalo, go tsamaisa di-lobster tse di foreshe go ne go ja madi a mantsi, ka jalo, e ne e le dijo tsa maemo tse di neng di jewa fela ke bahumi.
Gompieno batshwaraditlhapi ba tshwara mefuta e e farologaneng ya di-lobster mo dintshing tsa lewatle mo lefatsheng lotlhe. American lobster e ka fitlhelwa kwa Lewatleng la Atlantic, go simolola kwa Newfoundland go fitlha kwa North Carolina. Lefelo le le romelang di-lobster tse dintsi kwa dinageng tse dingwe ke Maine, e e kwa bokonebotlhaba jwa United States. Koo, go romelwa di-lobster tse di apeilweng le tse di tshelang kwa dinageng tse dingwe go ralala lefatshe. Batho ba ba di romelang kwa dinageng tse dingwe ba ka romela dikilogerama di ka nna 36 000 tsa di-lobster mo sefofaneng se le sengwe.
Gantsi ditlhopha tsa bagwebi di dira dijo tse dintsi tse di tla jewang mo lefatsheng lotlhe e bile di ba tlisetsa lotseno lo lontsi. Mme ga go a nna jalo ka di-lobster. Gantsi batshwari ba di-lobster ke baagi ba mo lefelong leo ba ba iperekang. Ga ba di atise mo polasing ya tsone mme ba tsaya mesepele go ya go di tshwara kwa di nnang gone—mme bone ba di tshwara kwa Lewatleng la Atlantic.
Kafa Lobster e Tshwarwang ka Teng
Batshwari ba di-lobster ba di tshwara jang? Go araba potso eno, Tsogang! e ne ya buisana le Jack, yo e leng kokomana ya bonè mo losikeng lwa ga bone lwa batho ba ba tshwarang di-lobster kwa Bar Harbor, kwa Maine. Jack o ne a simolola go tshwara ditlhapi fa a ne a le dingwaga di le 17 mme o bereka kwa kgogometsong e rraagwemogologolwane a neng a bereka kwa go yone. Mosadi wa ga Jack e bong Annette le ene o mo kgwebong eno. A re: “Ke ne ka nna motshwaraditlhapi fa ke sena go nyalwa ke motshwaraditlhapi. Ke ne ka ithutela tiro eno mo mokorong wa ga Jack ka dingwaga di le pedi mme morago ka ithekela wa me.”
Jack le Annette ba thaya di-lobster jang? Annette o tlhalosa jaana: “Re tsaya serai sa di-lobster, serubi sa tshipi se se khutlonnètsepa se se nang le phatlha e e bulegileng go le gonnye mme mo go sone re bo re tsenya kgetsana ya letloa e e tletseng dijo tse re thayang ka tsone, tse gantsi e leng tlhapi e e bidiwang herring.” Batshwaraditlhapi ba gokelela sengwe se se tshwayang se se kokobalang mo metsing mo seraing sengwe le sengwe. Annette a re: “Motshwaraditlhapi mongwe le mongwe o penta letshwao la gagwe ka mmala o sele gore moragonyana go nne motlhofo go bona gore serai sa gagwe ke sefe.”
Fa dirai di sena go latlhelwa mo metsing, di nwelelela kwa tlase ga lewatle mme dilo tse batshwaraditlhapi ba tshwaileng dirai tsa bone ka tsone di kokobala mo godimo ga tsone gore ba bone ka bonako kwa dirai tsa bone di leng gone. Annette a re: “Re tlogela dirai tsa rona mo metsing malatsi a le mmalwa mme go tswa foo re boela go ya go di ntsha le go di busetsa mo mokorong. Fa go na le lobster mo seraing re a e ntsha, re bo re lekanya bogolo jwa yone.” Batshwaraditlhapi ba ba kelotlhoko ba ba jaaka Jack le Annette ba busetsa di-lobster tse dinnye mo lewatleng; di-lobster dingwe tse di namagadi le tsone di busediwa mo lewatleng gore di kgone go tsala di-lobster tse dingwe tse dinnye.
Go tswa foo, batshwaraditlhapi ba ya kwa maemakepeng a a gaufi go ya go rekisa di-lobster tsa bone di sa ntse di tshela. Kwantle ga ditlhopha dingwe tse di berekang mmogo, ga go na dipampiri tsa tumalano tse di saeniwang—ke batshwaraditlhapi ba lefelo leo fela ba ba rekisetsang batho ba lefelo leo. Jaaka go boletswe pelenyana, ka kakaretso go tshwarwa ga di-lobster ga go dirwe ka mokgwa wa go di atisa ka go di rua. Jack a re: “Batshwari bangwe ba di-lobster ba ile ba newa tetla ya go tshwara di-lobster tse di namagadi tse di nang le mae. Fa mae a sena go thuthuga, ba godisa di-lobster tse dinnye ka nakwana go tswa foo ba bo ba di busetsa mo lewatleng. Mokgwa ono o oketsa palo ya di-lobster.”
Go tshwara di-lobster e ka tswa e se tsela e e motlhofo ya go itshedisa kgotsa tsela e e molemolemo ya go huma. Mme fa o tlotla le batshwaraditlhapi bano, ba tla go bolelela ka melemo e mengwe—kgololosego e ba nnang le yone ya go nna le dikgwebo tsa bone tse di potlana kgotsa go tsweletsa tiro e e ntseng e dirwa mo setšhabeng le mo lelapeng kgotsa melemo ya go bereka le go nna gaufi le lewatle. Se se molemo le go feta ke gore kgwebo eno e dira gore batshwaraditlhapi ba kgotsofale ka tsela ya mmatota ka gonne ba itse gore go tshwara “ditshenekegi tsa mo lewatleng” tse di tlhwatlhwakgolo go tla itumelelwa ke batho ba ba ratang go di ja ba ba tshwerweng ke tlala go ralala lefatshe.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]
DIKOTSI TSA GO TSHWARA DI-LOBSTER
Tiro ya go tshwara di-lobster e ka lebega e le tiro e e babalesegileng. Mme ga go a nna jalo. Ka sekai, National Institute for Occupational Safety and Health (NIOSH) ya re “go tloga ka 1993 go fitlha ka 1997, palo ya badiri ba ba bolailweng ke dikotsi tse di amanang le tiro eno kwa Maine e ne e le batshwari ba di-lobster ba ba nang le dilaesense ba le 14 mo go bangwe le bangwe ba le 100 000, e leng palo e e fetang palogare ya badiri ba ba suleng mo dikgwebo tsotlhe mo nageng eo (badiri ba le 4,8 mo go bangwe le bangwe ba le 100 000) go menagane ga 2,5.”
Go ya ka NIOSH, patlisiso e e dirilweng ke Coast Guard ya kwa United States e fitlhetse gore “gantsi megala ya serai e e mo mekorong e raraana mo maotong a batshwari ba di-lobster mme bokete jwa dirai tseno bo bo bo dira gore ba wele mo lewatleng ba bo ba nwela ka go bo ba sa kgone go ikgolola kgotsa ba sa kgone go boa ba palama mokoro.” Mo patlisisong e e dirilweng mo batshwaring ba di-lobster ba le 103, e e neng ya dirwa go tloga ka 1999 go fitlha ka 2000, mo e ka nnang ba le 3 mo go bangwe le bangwe ba le 4, ba ne ba bolela gore nako nngwe ba kile ba rareediwa ke mogala wa serai, le fa gone e se botlhe ba ba ileng ba wela mo lewatleng. Go ile ga tsewa dikgato tsa pabalesego go tlhomamisa gore batshwari ba di-lobster ba na le dithulusu tse ba ka kgonang go di dirisa go sega megala ya dirai kgotsa go thibela gore ba se ka ba rareediwa ke yone di tloga fela.
[Ditshwantsho mo go tsebe 10, 11]
1. Jack o ntsha serai sa di-“lobster” mo metsing
2. Annette le Jack ba ntsha di-“lobster” mo phatlheng e e bulegileng go le gonnye mo serubing sa tshipi
3. “Lobster” nngwe le nngwe e lekanngwa ka selekanyi sa di-“lobster”