LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/12 ts. 20
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Dikhuduego” di Tlogetse Batho ka Mabadi
  • Maemo a a Feteletseng a Bosa e Nna “Selo se se Tlwaelegileng”
  • A Baebele E ka Go Thusa go Itshokela Maemo a Bosa a a Bakang Tshenyo?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Go Bua ka Maemo a Bosa
    Tsogang!—1998
  • Leuba le Gaketse—Baebele e a Reng ka Gone?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Maemo a Bosa—A go Na le Sengwe se se Phoso ka One?
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 7/12 ts. 20

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Difouno tsa selula di ka thusa batho gore ba se ka ba tlotla le batho ba ba sa batleng go tlotla le bone—diperesente di le 13 tsa batho ba ba nang le difouno tsa selula [ba kile] ba itira e kete ba bua le mongwe mo founong e le gore ba se ka ba bua le batho bangwe ba ba neng ba na le bone.” —PEW RESEARCH CENTER, U.S.A.

Dipaka tsa selemo di le tlhano tse di fetileng di nnile le dipalo tse di kwa tlase go gaisa le fa e le leng tsa aese e e apesitseng lewatle la Arctic.—BBC NEWS, BORITANE.

Mo e ka nnang diperesente di le 47 tsa naga e e nang le mmu o o nonneng mo Afrika e sa ntse e sa lengwa.”—THE WITNESS, AFRIKA BORWA.

“Mo dingwageng di le 10 tse di fetileng, dinaga di le 10 (Netherlands, Belgium, Canada, Spain, Afrika Borwa, Norway, Sweden, Portugal, Iceland le Argentina) di ile tsa letla gore manyalo a batho ba bong jo bo tshwanang a kwadisiwe semolao.”—FAMILY RELATIONS, U.S.A.

“Dikhuduego” di Tlogetse Batho ka Mabadi

Patlisiso e e dirilweng kwa Northern Ireland e bontsha gore dikhuduego tse di nnileng gone koo gareng ga ditlhopha tse di farologaneng tsa dikereke le mo makokong a a farologaneng a dipolotiki di tlogetse batho ka mabadi. Kgotlhang eno e batho ba koo ba e bitsang “Dikhuduego” e ne ya tsaya dingwaga di ka nna 30 mme ya dira gore batho ba le babedi mo go ba le bararo ba baagi ba koo ba diragalelwe ke dilo tse di utlwisang botlhoko. Bramford Centre for Mental Health and Wellbeing e e kwa Yunibesithing ya Ulster e fitlhetse gore mo e ka nnang motho a le 1 mo go ba le 10 kwa Northern Ireland, o tla bo a nnile le bolwetse jwa go tlhobaela thata morago ga tiragalo e e utlwisang botlhoko nako nngwe mo botshelong jwa gagwe—The Irish Times ya re “eno ke nngwe ya dipalo tse di kwa godimo go gaisa tsotlhe” mo lefatsheng. Lokwalodikgang lono lo oketsa jaana: “Fa go bapisiwa palo ya batho ba ba amilweng ke dikgotlhang tseno le palo ya baagi ba naga eo, Dikhuduego e ne e le nngwe ya dikgotlhang tse di maswe go gaisa mo lefatsheng ka gonne di bakile loso lwa motho a le mongwe mo bathong ba le 500 ba naga eo.”

Maemo a a Feteletseng a Bosa e Nna “Selo se se Tlwaelegileng”

Maemo a a sa tlwaelegang a bosa kwa United States a ntse a oketsega. Maemo a bosa a a kileng a bo a tsewa e le a a feteletseng—merwalela e e boitshegang, komelelo e e bolayang le go wa ga kapoko e e senyang ya matlakadibe—jaanong ke “selo se se tlwaelegileng.” Kwa tiragalong nngwe e e neng e rulagantswe ke Union of Concerned Scientists, Katharine Hayhoe yo e leng moithutatlelaemete kwa Texas Tech University, o ne a bolelela badirikaene jaana: “Go na le maemo mangwe a re a tlwaetseng mme mo malatsing ano go direga dilo tse dintsi tse re sa di tlwaelang.” Hayhoe le baitse ba bangwe ba dumela gore dilo tse di dirwang ke batho di baka phetogo ya tlelaemete le maemo a bosa a a sa tlwaelegang lefatshe ka bophara.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela