LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/12 ts. 2-3
  • Thubakanyo e re Utlwisa Botlhoko Rotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thubakanyo e re Utlwisa Botlhoko Rotlhe
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?
    Tsogang!—2002
  • Borukhutlhi—Bo Tla Fela go Ise go ye Kae!
    Tsogang!—2001
  • A go Ka Nna le Lefatshe Le le Se Nang Tirisodikgoka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Batho Ba Ilwe Tlhogong ke Thubakanyo
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 8/12 ts. 2-3

Thubakanyo e re Utlwisa Botlhoko Rotlhe

KE MANG yo o iseng a tsamaye a amiwe ke thubakanyo? Re e bona gangwe le gape mo dipegong tsa dikgang. E dira gore re boife fa re tsamaya mo mebileng le fa re le kwa tirong mme bana ba lebana le yone fa ba kgerisiwa ke bana ba bangwe kwa sekolong. Tota le kwa gae, kwa batho ba ikutlwang ba sireletsegile gone fa go lotletswe dikgoro, batho ba le dimilionemilione—segolobogolo basadi—ba ikutlwa ba sa sireletsega. Tota e bile, go ikaegile ka gore ke naga efe, mo e ka nnang diperesente di le 70 tsa basadi ba bega gore ba kile ba itewa ke monna yo ba nnang le ene.

Kwa dinageng di le dintsi, batho ba boifa dikhuduego tse di nang le thubakanyo tsa dipolotiki le tsa setšhaba kgotsa le eleng borukhutlhi. Mme poifo ya bone e bontshiwa ke palo e e ntseng e oketsega ya didirisiwa tse di lebelelang batho tsa eleketeroniki tse di leng teng kwa dinageng dingwe, segolobogolo kwa dinageng tse dirukutlhi di batlang go di tlhasela.

Go a utlwala go bo kgwebo ya dibidio tse di lebelelang batho e gola jaana—le fa go na le kwelotlase ya ikonomi mo lefatsheng lotlhe. Ke mang yo o di duelelang? Kgabagare di duelelwa ke rona rotlhe, fa re duela makgetho le dituelo tse dingwe. Mme ditlhwatlhwa tse di ntseng jalo di ka oketsega fa mekgwa ya pabalesego e ntse e anama, e ntse e dirisiwa thata e bile e ja madi a mantsi thata.

Tsela e e sa itumediseng e thubakanyo e re amang ka yone e tshwanetse ya dira gore re itlhatlhobe—re tlhatlhobe melaometheo e re tshelang ka yone le dilo tse re di dumelang. Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka dipotso tseno: Metswedi ya tshedimosetso e ama jang go anama ga thubakanyo? Ke dilo dife tse di ka tlhotlheletsang tsela e re lebang thubakanyo ka yone? Re ka itshireletsa jang mo ditlhotlheletsong tse di sa siamang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela