LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/12 ts. 4-5
  • Batho Ba Ilwe Tlhogong ke Thubakanyo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho Ba Ilwe Tlhogong ke Thubakanyo
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ka Tlhotlhelediwa ke Thubakanyo e e Bontshiwang mo Metsweding ya Tshedimosetso?
  • Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?
    Tsogang!—2002
  • Dikgoka
    Tsogang!—2015
  • Thelebishene—“Motlhatlheledi Yo o Sa Lemotshegeng”
    Tsogang!—2006
  • Go Diregile Eng ka Boitlosobodutu?
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 8/12 ts. 4-5

Batho Ba Ilwe Tlhogong ke Thubakanyo

GOMPIENO batho mo lefatsheng ba ilwe tlhogong ke thubakanyo. Ke boammaaruri gore thubakanyo ga e bolo go bontshiwa mo boitlosobodutung. Le fa go ntse jalo, Media Awareness Network ya re “mo dingwageng tsa bosheng go na le sengwe se se fetogileng ka thubakanyo e e bontshiwang mo metsweding ya tshedimosetso. Sa ntlha, e oketsegile fela thata.” Sa bobedi, e “bontshiwa fela jaaka e ntse go feta pele, e bontsha tlhakanelodikobo go feta pele e bile e na le bosetlhogo jo bo feteletseng.” Akanya ka dintlha tse di latelang.

Mmino: Motswedi o o nopotsweng fa godimo wa tshedimosetso wa re dipina tse di nang le mafoko a a tlotlomatsang thubakanyo go feta le fa e le leng pele “di setse di amogelwa mo kgwebong ya mmino.” Dipina dingwe di dirisa puo e e leswe go tlotlomatsa polao le petelelo, tota le ya banna ba ba bolayang le go betelela basadi ba bone le bommaabone.

Metshameko ya Bidio: Makasine mongwe wa kwa Boritane o o kwaletsweng barati ba metshameko ya bidio o ne wa re: “Ntlha e e sa itumediseng ke gore, metshameko ya bidio e na le tshololo ya madi e ntsi thata.” O ne wa oketsa jaana: “Go ya bokgakaleng bongwe, gore motho a rate metshameko ya bidio o tshwanetse go rata thubakanyo.” Ka sekai, motshameko mongwe o o rategang o dira gore batho ba ba o tshamekang ba kgone go dira e kete ba betsa basadi ka dithobane tsa baseball go fitlhela ba swa. Metswedi mengwe ya tshedimosetso ya re, ka gonne metshameko ya bidio e dira gore motshameki a nne le seabe, e ka tlhotlheletsa bana thata ka tsela e e sa siamang go feta thelebishene.

Difilimi: Dipatlisiso di bontsha gore thubakanyo, tlhakanelodikobo le puo ya matlhapa di oketsegile fela thata mo difiliming mme tshedimosetso e e bontshang gore di ka lebelelwa ke batho ba dingwaga tse kae e ka se ikanngwe. Mo godimo ga moo, thubakanyo ga e dirwe fela ke batshameki ba go tweng ba bosula. Go ya ka patlisiso nngwe, mo e ka nnang halofo ya thubakanyo e e bontshiwang mo thelebisheneng, mo difiliming le mo dibidiong tsa mmino e dirwa ke batshameki ba go tweng ba siame.

Dikgang: Batlhagisi ba le bantsi ba dikgang tsa thelebishine ba kaelwa ke molaomotheo o o reng, “fa go na le tshololo e ntsi ya madi, batho ba le bantsi ba tla leba dikgang.” Dikgang di dira madi a mantsi mme babegadikgang ba itse gore thubakanyo e ngoka babogedi le gore palo e e kwa godimo ya babogedi e ngoka babapatsi ba e leng bone ba tshegetsang dithulaganyo tsa thelebishine ka madi kwa dinageng di le dintsi.

Di-Web Site: Mo Internet go na le ditshwantsho tse e seng tsa mmatota le tse e leng tsa mmatota tsa batho ba tlhokofadiwa, ba kgaoganngwa ditokitoki, ba kgaolwa dikarolo dingwe tsa mmele le go bolawa. Bana ba le bantsi ba ya kwa mafelong ao a Internet.

A o Ka Tlhotlhelediwa ke Thubakanyo e e Bontshiwang mo Metsweding ya Tshedimosetso?

A thubakanyo e e fitlhelwang mo thelebisheneng, mo difiliming, mo dibukeng, mo mminong le mo mefuteng e mengwe ya boitlosobodutu e tlhotlheletsa batho? Gone ke boammaaruri gore batho ba ba bonang lotseno ka thubakanyo e e fitlhelwang mo metsweding ya tshedimosetso gantsi ba bolela gore dilo tse ba di dirang ga di na kotsi epe. Mme gone akanya ka seno: E le gore borrakgwebo ba tlhotlheletse tsela e batho ba akanyang ka yone, ba duela dibilione tsa diranta go dira dipapatso tse nngwe le nngwe ya tsone e ka nnang boleele jwa metsotswana e le 30 fela. A mme go a utlwala go akanya gore filimi e e tsayang metsotso e le 90 e bagaka ba yone ba ka tswang ba se na boitsholo jo bo siameng e bile ba dira thubakanyo e ka ama megopolo e e tlhotlheletsegang motlhofo ya bana go le gonnye kgotsa e ka se e ame gotlhelele?

Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo o itse kafa batho ba bopegileng ka teng go feta kafa rona re itseng ka gone. Modimo o rileng ka go tsalana le batho ba ba dikgoka—ka tsela nngwe go akaretsa batho ba ba re ntshang bodutu ka metswedi ya tshedimosetso e e ratiwang thata? Akanya ka ditemana tse di latelang tsa Baebele:

● “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.”—Pesalema 11:5.

● “O se ka wa nna molekane le ope yo o tlwaetseng go nna bogale; mme o se ka wa ikopanya le motho yo o shakgalang thata, gore o se ka wa tlwaelana le ditselana tsa gagwe mme ruri wa tseela moya wa gago seru.”—Diane 22:24, 25.

Gone ke boammaaruri gore re ka se itshireletse mo ditlhotlheletsong tsotlhe tse di maswe. Mme re ka itlhophela boitlosobodutu le batho ba re itsalanyang le bone. Ka jalo, ipotse jaana, ‘Ke batla go nna motho wa mofuta mang?’ Go tswa foo o itsalanye le batho ba ba ntseng jalo, batho ba ba nang le melao ya boitsholo le mekgele e o batlang go nna le yone.—Diane 13:20.

Le fa tsela e re lebang thubakanyo ka yone e ka tlhotlhelediwa ke batho ba re tlhophang go itsalanya le bone mmogo le boitlosobodutu jo re bo tlhophang, go na le dilo tse dingwe gape tse di ka re tlhotlheletsang. E ka nna dilo dife tseo?

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Boitlosobodutu jo re bo tlhophang bo ka tlhotlheletsa tsela e re lebang thubakanyo ka yone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela