O Tshwanetse go Simolola Leng go Ruta Ngwana wa Gago?
● Monna mongwe kwa Summerville, kwa South Carolina, U.S.A., o ne a kwala gore go simolola fa mosadi wa gagwe a ne a na le dikgwedi di le tharo fela a imile, o ne a tle a rapame gaufi le ene bosigo bongwe le bongwe mme a bo a bala go tswa mo bukeng e e thusang go ithuta Baebele ya Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele. Rre yono a re: “Fa mosetsanyana wa rona e bong Bethiah a sena go tsholwa, re ne ra tswelela ka yone thulaganyo eno—re bala polelo e le nngwe bosigo bongwe le bongwe, go fitlha re bala buka yotlhe gararo.”
O tswelela jaana: “Pele Bethiah a ka kgona go bua sentle, o ne a setse a kgona go itse batho ba le bantsi ba ba mo Baebeleng le go etsa ditiragalo tsa dipego di le dintsi tsa Baebele tse di tlhalosiwang mo bukeng eno. Gape o ne a ithutile go bua ka tlhogo dipolelo di le dintsi tsa Baebele.”
Dipolelo tse 116 tse di mo kgatisong eno e e nang le ditshwantsho tse dintle e bile e kwadilwe ka mokwalo o mogolo di tlhaga ka tatelano go ya ka tsela e batho ba bantsi ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba tshetseng ka yone, mo go dirang gore mmadi a tlhaloganye le tatelano ya ditiragalo tsa Baebele. Fa e le gore o ka rata go romelelwa khopi ya buka eno e e nang le ditsebe di le 256, tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebe 5 ya makasine ono.
□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.