LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/12 ts. 6-7
  • Dilo Tse di Bakang Thubakanyo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dilo Tse di Bakang Thubakanyo
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?
    Tsogang!—2002
  • A go Ka Nna le Lefatshe Le le Se Nang Tirisodikgoka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Dikgoka
    Tsogang!—2015
  • Ke Eng fa Bokebekwa bo Aname Jaana Gompieno?
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 8/12 ts. 6-7

Dilo Tse di Bakang Thubakanyo

GO LEBEGA dilo tse di bakang thubakanyo di raraane. Mme gantsi ga di bakiwe ke selo se le sengwe se se jaaka batho ba o itsalanyang le bone, boitlosobodutu kgotsa batho ba ba mo tikologong e o nnang mo go yone. Thubakanyo e ka bakwa ke dilo di le dintsi, go akaretsa tse di latelang.

Go felelwa ke tsholofelo le go tlalelwa. Ka dinako tse dingwe batho ba feleletsa ba dira thubakanyo fa ba gateletswe, ba tseelwa kwa tlase, ba tlhaotswe mo setšhabeng, ba humanegile kgotsa ba ikutlwa ba sa kgone go tokafatsa matshelo a bone.

Boitshwaro jo bo sa laolegeng jwa segopa sa batho. Jaaka go a tle go direge kwa metshamekong mengwe, fa batho ba le segopa ga go na sepe se se ba thibelang gore ba se ka ba itshwara ka tsela e e sa siamang. Ka ntlha yang? Buka ya Social Psychology ya re “ga ba akanye thata ka melao ya boitsholo e bone ba tshelang ka yone mme gantsi ba tla tsibogela dilo dipe fela tse di ka bakang thubakanyo.” Buka e nngwe e bolela gore batho bao ba ka simolola go latela batho ba bangwe fela ba sa akanye, ba sa tlhole “ba ikutlwa ba na le maikarabelo ape mo setšhabeng.”

Letlhoo le lefufa. Polao ya ntlha e go kwadilweng ka yone mo hisitoring ya batho e ne e dirilwe ke monna mongwe yo o bidiwang Kaine. (Genesise 4:1-8) E re ka Kaine a ne a tletse lefufa le letlhoo, o ile a bolaya morwarraagwe—le fa Modimo a ne a tlhagisitse Kaine gore a laole maikutlo a gagwe a ba a mo solofetsa gore o tla mo segofatsa fa a ka dira jalo. A bo mafoko ano a Baebele a le boammaaruri jang ne: “Koo lefufa le manganga di leng gone, gone koo go na le go tlhoka thulaganyo le sengwe le sengwe se se bosula”!—Jakobe 3:16.

Go nwa bojalwa le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang. Go dirisa diokobatsi kgotsa go nwa bojalwa ka tsela e e sa siamang ga go senye fela tsela e motho a lebegang ka yone mme gape go kgoreletsa tsela e boboko jwa gagwe bo berekang ka yone. Go ka felela ka gore motho yo o dirisitseng diokobatsi kgotsa yo o noleng bojalwa a nne dikgoka le go nna bogale fa a rumolwa.

Dithulaganyo tse di thibelang bokebekwa tse di sa gagamalang tsa tshiamiso. Moreri 8:11 ya re: “Ka gonne katlholo kgatlhanong le tiro e e bosula ga e a diragadiwa ka bofefo, ke sone se pelo ya bomorwa batho e ikemiseditseng go dira bosula ka tsela e e feletseng.” Dithulaganyo tsa tshiamiso tse di bokoa, tse di palelwang kgotsa tse di boferefere di rotloetsa thubakanyo ka tlhamalalo kgotsa ka tsela e e bofitlha.

Bodumedi jwa maaka. Gantsi bodumedi bo amanngwa le thubakanyo, go akaretsa le thubakanyo e e dirwang ke makoko le borukutlhi. Mme batho ba ba dirang jalo ga se fela ba ba tatalalelang se ba se dumelang, ba ba feteletsang dilo le ba ba ilweng tlhogong ke se ba se dumelang. Mo dintweng tse pedi tsa lefatshe, maloko a madumedi a magolo mo lefatsheng—a a ipitsang a Bokeresete le a e seng a Bokeresete—a ne a bolaana, gantsi a segofadiwa ke baeteledipele ba one ba bodumedi. Boitshwaro jo bo ntseng jalo bo kgopisa Modimo.—Tito 1:16; Tshenolo 17:5, 6; 18:24.

E re ka go na le dilo tse dintsi tse di rotloetsang kgotsa tse di tlotlomatsang thubakanyo, a go a kgonega gore motho a nne kagiso ka tsela ya mmatota mo lefatsheng la gompieno? Ee go a kgonega, jaaka re tla tloga re bona.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

THUBAKANYO E SIMOLOLA MO PELONG

Le fa thubakanyo e ka bakwa ke dilo di le dintsi, dilo tsa konokono tse di bakang thubakanyo di tswa mo pelong. Jang? Jesu Keresete yo o neng a na le kitso e ntsi ka se se leng mo pelong ya motho, o ne a re: “Mo pelong ya batho, go tswa dikakanyo tse di utlwisang botlhoko: dikgokafalo, bogodu, dipolao, maakafalo, dikeletso tsa bopelotshetlha, ditiro tse di boikepo, tsietso, boitshwaro jo bo repileng, leitlho le le lefufa, tlhapatso, mabela, go tlhoka tekatekano.” (Mareko 7:21, 22) Re rotloetsa maikutlo ao a a sa siamang fa re nnela go lebelela, go reetsa kgotsa go akanya ka dilo tse di bosula.—Jakobe 1:14, 15.

Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re tsenya dilo tse di molemo mo megopolong ya rona, jaaka tse di umakilweng mo setlhogong se se mo tsebe 8, re dira gore re se ka ra akanya ka dikeletso tse di bosula e bile re a di ‘bolaya’ re bo re nonotsha tse di molemo. (Bakolosa 3:5; Bafilipi 4:8) Go tswa foo, Modimo o tla re thusa gore re “thatafadiwe mo mothong yo [re] leng ene mo teng.”—Baefeso 3:16.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

THUBAKANYO E TLHAKANYA BAITSE TLHOGO

Ke eng fa dinaga dingwe di na le dipego tsa dipolao tse di fetang tsa dinaga tse dingwe ka makgetlho a le 60? Ke eng fa dintwa le mefuta e mengwe ya thubakanyo e sa bolo go nna e le teng mo hisitoring ya batho? Dipotso tse di tlhakanyang tlhogo di dintsi; dikarabo tse di kgotsofatsang di mmalwa.

Babatlisisi bangwe ba re khumanego le go tshwara batho ka go sa lekalekane ke gone go go bakang thubakanyo. Go ya ka dipalopalo dingwe, mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa dintsho tsotlhe tse di bakilweng ke thubakanyo, go akaretsa go ipolaya, di diragetse kwa dinageng tse di sa humang go le kalo mo lefatsheng; mme gantsi mafelo a a humanegileng mo ditoropong tse dikgolo ke one a bokebekwa bo diregang thata kwa go one. A mme gone batho ba ba humanegileng ke bone ba ratang thubakanyo thata? Kgotsa a ba bona thubakanyo e ntsi ka gonne ditšhaba tsa bone di sa kgone go duelela thulaganyo ya maemo a a kwa godimo e e thusang go tlhomamisa gore molao o a diragadiwa? Go ntse go le jalo, go na le mafelo a a jaaka Calcutta kwa India, a kwa go one batho ba le dimilionemilione ba tshelelang mo lehumeng le legolo. Le fa go ntse jalo, Calcutta e na le palo e e kwa tlase thata ya dipolao mo lefatsheng.

Ba bangwe ba bolela gore fa ditlhobolo di bonwa motlhofo seo se dira gore go nne le thubakanyo e ntsi mo setšhabeng. Eleruri, ditlhobolo di dira gore batho ba ba dikgoka ba nne kotsi le go feta. Mme ke ka ntlha yang fa ditšhaba dingwe di na le dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba ratang thubakanyo go feta tse dingwe? Le mo ntlheng eno, baitse ga ba kgone go dumalana.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela