LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/12 ts. 8
  • O ka Ithuta go Nna Motho yo o kagiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Ithuta go Nna Motho yo o kagiso
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Senka Kagiso Mme o e Latelele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Dikgoka
    Tsogang!—2015
  • A go Tshedisana le ba Bangwe ka Kagiso go ka Kgonega?
    Tsogang!—2006
  • ‘Batla Kagiso Mme o e Latelele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 8/12 ts. 8

O ka Ithuta go Nna Motho yo o kagiso

LE FA re ka tsholwa re na le maikutlo mangwe a a sa siamang, gantsi go nna dikgoka ke selo se motho a se ithutang. Go ntse jalo le ka go nna motho yo o kagiso. Mme gone, ke mang yo o ka re rutang ditsela tsa kagiso ya mmatota? Ga go na pelaelo gore motho yo o tshwanelang thata go re ruta seno ke Mmopi wa rona, yo botlhale jwa gagwe bo ka se bapisiweng le sepe. Ela tlhoko dintlha tse tlhano tse di latelang le mafoko a botlhale a a amanang le tsone a a fitlhelwang mo Baebeleng.

1 “O se ka wa tswela pelo motho wa thubakanyo.” (Diane 3:31) Ela tlhoko gore motho yo tota a leng maatla ke yo o nang le dinonofo tse di jaaka boikgapo le bonolo. Diane 16:32 ya re: “Yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata.” Fela jaaka dipota tse di nonofileng tsa letamo, o kgona go itshokela go rumolwa. Tota e bile fa motho a mo galefela o nna bonolo mme ka go dira jalo o “faposa bogale.” (Diane 15:1) Le fa go ntse jalo, motho yo o galefang motlhofo o phatloga le fa a rumolwa go se kae fela.—Diane 25:28.

2 Tlhopha ditsala tsa gago ka botlhale. Diane 16:29 ya re: “Motho wa thubakanyo o tla faposa mongwe ka ene.” Kafa letlhakoreng le lengwe, “yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.” (Diane 13:20) Ee, fa re tsalana le batho ba ba kagiso e bile ba na le boikgapo le moya o o bonolo, go ka direga thata gore re leke go ba etsa.

3 Lwela go rata batho ba bangwe ka lorato lwa mmatota. Tlhaloso ya lorato e e molemo go gaisa epe e e kileng ya kwalwa e fitlhelwa mo go 1 Bakorintha 13:4-7. Karolo ya yone e balega jaana: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. . . . Ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. . . . Lo emelana le dilo tsotlhe, . . . lo itshokela dilo tsotlhe.” Jesu o ne a re, fa re batla go etsa lorato lwa Modimo, re tshwanetse go rata le eleng baba ba rona.—Mathaio 5:44, 45.

4 Tshepa gore Modimo o tla otlhaya baikepi. “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. . . . Kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe. Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, . . . gonne go kwadilwe ga twe: ‘Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.’” (Baroma 12:17-19) Fa re dumela mo Modimong le mo ditsholofetsong tsa gagwe, re nna le kagiso ya mogopolo e batho ba ba se nang tumelo ba sa kgoneng le go e tlhaloganya.—Pesalema 7:14-16; Bafilipi 4:6, 7.

5 Tshepa gore Bogosi jwa Modimo ke jone bo tla tlisang kagiso ya mmatota mo lefatsheng. Bogosi jwa Modimo ke puso ya kwa legodimong e e tla tlogang e fedisa baikepi botlhe e bo e laola lefatshe lotlhe. (Pesalema 37:8-11; Daniele 2:44) Mo Bogosing joo, “mosiami o tla tlhoga” mme go tla nna le “letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng.”—Pesalema 72:7.

Dithuto tse di ntseng jalo tsa Baebele di thusitse batho ba le dimilionemilione—go akaretsa le ba ba neng ba rata thubakanyo—gore ba rate kagiso. Ela tlhoko sekai sa ga Salvador Garza.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela