Ke Ne Ke Rata Thubakanyo
Jaaka go boletse Salvador Garza
FA KE ne ke le mosimanyana, ke ne ke rata thubakanyo mme ke ne ke lwa le mongwe le mongwe fela yo o neng a nkgalefisa. Tshimega nngwe ya motshameko wa mabole mo lefelong la rona o ne a lemoga seno mme a nthuta motshameko wa mabole. Go ise go ye kae, ke ne ke tsamaya go ralala United States ke tshameka motshameko wa mabole. Moragonyana ke ne ka dira tiro ya go sireletsa leloko lengwe la segopa sa dinokwane.
Ke ne ka tswelela ke rata thubakanyo tota le fa ke sena go nyala le go nna le bana ba le barataro. Ka nako eo, ke ne ke na le nightclub. Batho ba ne ba leka go mpolaya ka makgetlho a le mmalwa, mme ke ne ke itumelela botshelo jo bo ntseng jalo. Nako nngwe ke ne ka thuntsha banna ba babedi fa ke ne ke lwa le bone, mme ka ba gobatsa fela thata. Nna le ditsala dingwe tsa me re ne ra ba ra loga leano la go tsaya ka dikgoka radipolotiki mongwe yo o itsegeng. Mme mapodise a ne a lemoga leano leo a bo a ntshwara. Fa mapodise a fitlha kwa go ba bangwe, ba ne ba thuntshana le one mme ditsala tsa me di ne tsa bolawa tsotlhe. Ka jalo, ke itumelela gore ke ne ke le kwa kgolegelong ka nako eo!
Ke ne ka gololwa dingwaga moragonyana mme ka bona tiro. Letsatsi lengwe fa ke ya gae ke tswa tirong, ka tshoganyetso ke ne ka tshwarwa ke tlhogo e e neng ya dira gore ke felelwe ke maatla. Ke ne ke tshwenyegile thata jaana mo ke neng ka rapela Modimo gore a nthuse. Mosadi wa me e bong Dolores, yo o neng a ntse a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, o ne a mpoleletse gore Modimo o na le leina—Jehofa. (Pesalema 83:18) Ka jalo, ke ne ka mo rapela ka tlhamalalo.
Fa ke sena go fola, Dolores o ne a nkgothaletsa gore ke ye dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya bone ya Bogosi. Bopelonomi jwa Basupi le go nkgatlhegela ga bone ka tsela ya mmatota go ne ga nkama maikutlo fela thata. Ka ntlha ya seo, le nna ke ne ka simolola go ithuta Baebele mme tsela e ke neng ke leba botshelo ka yone e ne ya simolola go fetoga gotlhelele. Ke ne ka rata se ke neng ke se rutiwa.
Le fa go ntse jalo, go ithuta go laola bogale jwa me go ne ga ntsaya lobakanyana. Ka sekai, letsatsi lengwe fa nna le tsala ya me e bong Antonio re ne re le mo bodireding jwa ntlo le ntlo, re ne ra kopana le monna mongwe yo o neng a re kgoba. Ke ne ka galefa fela thata, mme ka mo kgogogela. Ka lesego, Antonio o ne a nthiba. Moragonyana o ne a mpontsha ka bopelotelele kafa Jesu a neng a itshokela go sotlwa thata le go gobololwa ka teng. Moaposetoloi Petere, yo o neng a dira gaufiufi le Jesu, o ne a kwala jaana: “E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene.” (1 Petere 2:23) Ke ne ka tsaya mafoko ao tsia.
Fa ke gopola diphetogo tse ke di dirileng fa dingwaga di ntse di feta, ke leboga Jehofa ka metlha go bo a nthusitse ka moya wa gagwe o o boitshepo, o o re thusang go nna boikgapo le go rata kagiso ka tsela ya mmatota. (Bagalatia 5:22, 23) Lelapa la me le seoposengwe e bile le itumetse mme re itumelela botshelo jo bo ritibetseng le jo bo nang le kagiso. Mo godimo ga moo, ke na le tshiamelo ya go nna modiredi wa nako e e tletseng, ke thusa batho ba bangwe go bona kagiso ya Modimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Go ithuta Baebele go thusitse Salvador gore a bone kagiso