Lelomo le Legolo go Gaisa mo Lefatsheng
FA Joseph Arnold a ne a le mo letsholong la go phutha dimela mo setlhaketlhakeng sa Sumatra se se kwa Indonesia, mokaedi wa gagwe o ne a mmitsa a itumetse a re: “A re ye Motlotlegi, a re ye, go na le lelomo le legolo thata, le lentle, le le gakgamatsang.” Fa Arnold, yo e leng moithutadimela wa kwa Boritane, a ntse a setse mokaedi wa gagwe morago o ne a bona sengwe se a neng a re ke “selo se se gakgamatsang eleruri.” E ne e le lelomo le le gakgamatsang. Mo e ka nnang lobaka lwa dingwaga di le 200 moragonyana, mofuta wa lelomo le Arnold a neng a le bona ka letsholo la gagwe la ngwaga wa 1818—rafflesia e e kgatlhisang—le sa ntse le tsewa e le lelomo le legolo go gaisa mo lefatsheng.
Go na le mefuta e mentsi ya rafflesia, yotlhe e tlhoga fela kwa dikgweng tsa Borwabotlhaba jwa Asia. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go bonwa mefuta e mesha ya malomo ano. Mofuta o o tlhagisang sethunya se segolo go gaisa ke Rafflesia arnoldii, mme o reeletswe ka Joseph Arnold le yo o neng a na le ene mo letsholong leo e bong Motlotlegi Thomas Stamford Raffles, yo e neng e le mothei le mmusi wa Singapore. Le fa lelomo leno le le lentle jaana, o ka se le kgetle wa dira ngata ya malomo ka lone.
Sa ntlha, akanya ka bogolo jwa lone. Rafflesia e ka gola go nna bophara jwa metara o ka nna mongwe—bogolo jwa thaere ya bese—mme bokete jwa yone bo ka nna dikilogerama di le 11.a Lelomo leno le na le dikarolo tse tlhano tse dikima e bile di le boleta, tse di borokwa jo bo nang le bopinki, tse di nang le marontho a masetlha a e keteng dikgoto. Dikarolo tseno di kopana mo logabeng lo logolo lo lo tshwanang le pitsa lo lo ka kgonang go tshola selekanyo sa dilitara di ka nna thataro tsa metsi.
Sa bobedi, akanya ka monko wa lone. Go ya ka tlhaloso nngwe e e sa fitlheng sepe, rafflesia e nkga jaaka “setoto se se bodileng thata sa nare,” mme seo se dira gore e bidiwe ka maina a mangwe a a e tshwanelang sentle e leng lelomo la setopo le lelomo la lily le le nkgang jaaka setopo.b Dintsi tse di jang nama e e bodileng ke tsone di tsamaisang mmudula wa lelomo leno thata ka gonne di ngokiwa ke sebodu sa lone.
Lelomo la rafflesia ga le na kutu, matlhare kgotsa medi mme le tlhoga mo dimeleng dingwe tse di namang mo sekgweng e bile le ikotla ka tsone. Fa lelomo la rafflesia le simolola go tlhoga go tswa mo lekwating la semela se se namang se le tla golang mo go sone, lekukunya leno le tsaya mo e ka nnang lobaka lwa dikgwedi di le lesome go gola, mme gantsi le gola go fitlha le lekana le khabetšhe e kgolo. Go tswa foo, mo tiragalong e e tsayang diura di le mmalwa, dikarolo tse di boleta di a phuthologa, di senola bontle jotlhe jwa tsone. Mo gare ga logaba lo lo bulegileng go na le makokoma a a motsu a a bidiwang di-process. Tiro ya tsone ga e ise e itsiwe go le kalo, le fa babatlisisi bangwe ba akanya gore tiro ya makokoma ano e ka tswa e le go anamisa mogote mme ka jalo a gakatsa monko wa lone o o bosula.
Le fa go ntse jalo, bontle jo bo sa tlwaelegang jwa lelomo leno bo fela ka bonako. Morago ga malatsi a le mmalwa fela, lelomo leno le a swa le bo le simolola go bola, le tlogela loleta lo lontsi lo lontsho.
Rafflesia arnoldii e bonwa sewelo e bile e mo kotsing. Ka ntlha yang? Lelomo le le tonanyana le tshwanetse go nna gaufi le le le namagadi gore mmudula o kgone go tswa mo lelomong le lengwe go ya kwa go le lengwe, le fa go ntse jalo bontsi jwa makukunya ga a gole kgotsa go tlhagisa malomo. Lebaka ke gore bontsi jwa makukunya a a rojwa a bo a dirisediwa melemo ya setso kana go jewa e le dijo tsa maemo a a kwa godimo. Mme seo se fokoditse thata palo ya dimela tse di tlhogang kwa nageng. Go senngwa go go tsweletseng pele ga mafelo a lelomo leno le tlhogang kwa go one a dikgwa tsa pula tsa kwa boboatsatsi go baka matshosetsi a mangwe a a masisi.
Go bona lelomo la rafflesia ke selo se se tlhomologileng. Bogolo jwa lone bo a kgatlhisa. Monko wa lone o bosula mo o sa lebalegeng ka bofefo. Gape popego le mmala wa lone di a gakgamatsa. Ee ruri, lelomo le legolo go gaisa mo lefatsheng ke nngwe ya ditiro tse dintsi tse di gakgamatsang tsa Mmopi wa rona. Pesalema 104:24 ya re: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Malomo a mefuta e mengwe ya rafflesia a bophara jwa disentimetara di le lesome fela.
b Lelomo la titan arum (Amorphophallus titanium) le lone le bidiwa lelomo la setopo mme ka dinako tse dingwe batho ba le tlhakanya le la rafflesia.—Bona makasine wa Tsogang! wa June 22, 2000, tsebe 31 [ka Seesemane].
[Mmapa mo go tsebe 17]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
MALAYSIA
SUMATRA
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Lekukunya la “rafflesia” le le gaufi le go bulega