LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/12 ts. 18-20
  • Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka Karolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka Karolo
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Boga ga ga Keresete go Boleletswe Pele
  • Loso Lwa ga Keresete lo Boleletswe Pele
  • “A Gatelelwa ka Ntlha ya Diphoso Tsa Rona”
  • Jehofa o Godisa Motlhanka wa Gagwe yo e Leng Mesia
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Go Bolelela Pele ka Mesia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu—Lebaka La go Bo a Ne a Swa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Motlhanka wa ga Jehofa—“O ne A Tlhabelwa Ditlolo Tsa Rona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 8/12 ts. 18-20

Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka Karolo

Baebele E ne Ya Bolelela Pele Gore Keresete O ne A Tla Boga le go Swa Motseletsele ono wa ditlhogo di le robedi mo makasineng wa “Tsogang!” o sekaseka karolo e e tlhomologileng ya Baebele—dipolelelopele tsa yone. Ditlhogo tseno di tla go thusa go araba dipotso tseno: A dipolelelopele tsa Baebele di itlhametswe fela ke batho ba ba botlhale? A di tlhotlheleditswe ke Modimo? Re go laletsa gore o sekaseke bosupi.

FA Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, o ne a itse gore baba ba gagwe ba ne ba tlile go mmolaya setlhogo. Jesu o ne a itse seno jang? O ne a itse sentle dipolelelopele tse di ka ga gagwe tse di mo Dikwalong Tsa Sehebera kgotsa mo “Tesetamenteng ya Bogologolo.” Dingwe tsa dipolelelopele tseo di ne di kwadilwe ke moporofeti Isaia dingwaga di feta 700 pele Jesu a tsholwa. Re ka tlhomamisega jang gore mafoko a ga Isaia a kwadilwe pele ga ditiragalo tseo?

Ka 1947, modisa mongwe wa Mo-Bedouin kwa West Bank o ne a bona memeno e e neng e fitlhilwe mo legageng le le kwa Qumran, kwa lotshitshing lo lo kwa bokonebophirima jwa Lewatle le le Suleng. Memeno eo, mmogo le e mengwe e e bonweng mo magageng a a gaufi, e ne ya bidiwa Memeno ya Lewatle le le Suleng. E akaretsa khopi ya buka yotlhe ya ga Isaia.a Go lemogilwe gore khopi eno e kwadilwe mo e ka nnang dingwaga di le 200 pele Jesu a tsholwa. Ka jalo, se Isaia a neng a se kwala, tota e ne e le boporofeti. O ne a bolelela pele eng ka go boga ga ga Keresete kgotsa Mesia?b Ela tlhoko dipolelelopele di le pedi tsa ga Isaia.

Go Boga ga ga Keresete go Boleletswe Pele

Polelelopele 1: “Ke ne ka naya baitei mokwatla wa me.”—Isaia 50:6.c

Tiragatso: Ka ngwaga wa 33 C.E., baba ba ga Jesu ba Bajuda ba ne ba mo isa kwa Mmusing wa Moroma e bong Ponto Pilato gore a sekisiwe. E re ka mmusi yono a ne a bona gore Jesu ga a na molato, o ne a leka go mo golola. Le fa go ntse jalo, e re ka Bajuda ba ne ba gatelela gore Jesu a bolawe, Pilato o ne “a ntsha katlholo gore go diragadiwe se ba se batlang” mme a neela Jesu gore a bapolwe. (Luke 23:13-24) Le fa go ntse jalo, sa ntlha “Pilato [o ne] a tsaya Jesu mme a mo kgwathisa” kgotsa a dira gore a kgwathisiwe botlhoko. (Johane 19:1) Fela jaaka Isaia a ne a boleletse pele, Jesu ga a ka a gana mme ‘o ne a naya baitei mokwatla wa gagwe.’

Se hisitori e se senolang:

● Hisitori e tlhomamisa gore Baroma ba ne ba tlwaetse go kgwathisa batho pele ba ba bolaya. Go ya ka tshupiso nngwe, “motho o ne a kgwathisiwa ka seme se se dirilweng ka dikgole tsa letlalo tse di golegetsweng dikarolwana tsa lloto kgotsa ditshipi tse di motswi. O ne a . . . itewa mo mokwatleng o o moshampa . . . go fitlha letlalo la gagwe le shemega. Ka dinako tse dingwe go ne go felela ka gore motho a swe.” Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a falola pogiso eno ya ntlha.

Loso Lwa ga Keresete lo Boleletswe Pele

Polelelopele 2: “O ne a tshololela moya wa gagwe mo losong.” (Isaia 53:12)d Pesalema 22:16 e oketsa jaana: “Phuthego ya badiri ba bosula e ntiteetse mo teng; ba tlhabile diatla tsa me, le dinao tsa me.”—“Baebele e e Boitshepo.”

Tiragatso: Mareko 15:15 ya re: “Fa [Pilato] a sena go dira gore Jesu a itewe ka seme, a ba mo neela gore a bapolwe.” Mo kgannyeng ya ga Jesu, mofuta ono o o setlhogo wa go bolaya motho yo o atlholetsweng loso o ne o akaretsa go kokotela diatla tsa gagwe le maoto a gagwe mo koteng. (Johane 20:25) Diura di le mmalwa moragonyana, “Jesu [o ne] a goela kwa godimo mme a swa.”—Mareko 15:37.

Se hisitori e se senolang:

● Le fa dipego tse e seng tsa bodumedi di sa bolele go le gontsi malebana le gore Jesu o sule jang, rahisitori yo o tlotlegang wa Moroma e bong Tacitus, yo o tshotsweng mo e ka nnang ka 55 C.E., o ne a kwala jaana: “Christus, yo [Bakeresete] ba tsereng leina la bone mo go ene, o ne a bogisiwa botlhoko go fitlha a swa, a bogisiwa ke mongwe wa babusi ba rona e bong Ponto Pilato, ka nako ya puso ya ga Tiberio.”e Mafoko a ga Tacitus a dumalana ka botlalo le dipego tsa Efangele, tse gape di umakang Tiberio Kaesara, Ponto Pilato le badiredibagolo ba bangwe.—Luke 3:1; 23:1-33; Johane 19:1-24.

Gape hisitori e tlhomamisa gore Baroma ba ne ba bapola makgoba le batho ba ba neng ba ba tsaya e le dinokwane tse di nyatsegang. Ka dinako dingwe Baroma ba ne ba bofelela batho ba ba neng ba ba bogisa mo koteng. Ka dinako tse dingwe ba ne ba dirisa dimapo. Buka nngwe ya tshupiso ya re: “Motho o ne a kokotelwa mo koteng ka dimapo mo diatleng le mo maotong a bo a tlogelwa a akgega foo a le mo botlhokong jo bo ngomolang pelo,” a tshwerwe ke “lenyora le o ka se kgoneng go le itshokela mme a utlwa botlhoko jo bo tseneletseng.”

Jaaka go umakilwe pelenyana, Jesu o ne a itse go sa le gale gore o ne a tla swa loso lo lo setlhogo. Ka jalo, fa nako ya gore a swe e ntse e atamela, monna yono yo o pelokgale o ne a ka bolelela balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang jaana: “Re tlhatlogela kwa Jerusalema, mme Morwa motho o tla neelwa baperesiti ba bagolo le bakwadi, mme ba tla mo atlholela loso, ba bo ba mo neye batho ba ditšhaba gore ba sotle ka ene le gore ba mo kgwathise le gore ba mmapole.” (Mathaio 20:18, 19) Mme bangwe ba ipotsa gore ke eng fa Jesu a ne a tshwanelwa ke go swa? Karabo ya potso eno e re ama rotlhe mme e re neela dikgang tse di molemo go gaisa dipe fela tse re ka di utlwang!

“A Gatelelwa ka Ntlha ya Diphoso Tsa Rona”

E re ka re le batho ba ba sa itekanelang, gantsi re dira diphoso. Baebele e bitsa seno e re ke boleo. Boleo bo ka tshwantshiwa le motlhaba fa o tsene mo enjeneng. Fa nako e ntse e ya, motlhaba o tla dira gore enjene e onale e bo e sa tlhole e bereka. Ka tsela e e tshwanang, boleo bo dira gore re tsofale, re lwale re bo re swe. Baroma 6:23 ya re: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” Le fa go ntse jalo, loso lwa ga Keresete lo dira gore re kgone go gololwa mo boemong jono jo bo hutsafatsang. Jang? Mo boporofeting jo bongwe jo bo gakgamatsang, Isaia o ne a kwala gore Keresete o ne a tla swela “ditlolo tsa rona” kgotsa o ne a tla “gatelelwa ka ntlha ya diphoso tsa rona” le gore “re fodisitswe ka ntlha ya dintho tsa gagwe.”f—Isaia 53:5.

Boporofeti jwa ga Isaia bo re gopotsa mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 3:16: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”

O ka dira eng gore o nne le tumelo mo go Jesu? O ka ithuta ka ene. Jesu o ne a rapela jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Kitso eo ya botlhokwatlhokwa e fitlhelwa mo Baebeleng.—2 Timotheo 3:16.

Go a utlwala go bo Jesu a batla gore batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka gone ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, o ne a bolela polelelopele eno e e gakgamatsang pelenyana fela ga loso lwa gagwe: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi [puso ya Modimo, e e tla diragatsang melemo ya setlhabelo sa ga Keresete] di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:14) Jaaka re tla bona mo ditlhogong tse pedi tse di latelang tsa motseletsele ono, boporofeti jono le jone bo ne jwa opa kgomo lonaka.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go na le momeno o le mongwe fela o o feletseng mme o na le buka yotlhe ya ga Isaia. Memeno e mengwe ke dikgapetla.

b Bona makasine wa Tsogang! ya July 2012 go ithuta ka dipolelelopele tse dingwe tsa Baebele tse di re thusang go lemoga Mesia.

c Ditemana tse di dikologileng temana eno di bontsha gore “ke” mo boporofeting jono ke Keresete. Ka sekai, temana 8 ya re: “Yo O [Modimo] mpolelang ke [Jesu Keresete] siame o gaufi.” Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, e ne e le ene fela motho yo o siameng kgotsa yo o se nang boleo mo matlhong a Modimo.—Baroma 3:23; 1 Petere 2:21, 22.

d Isaia 52:13–53:12 e na le dintlha di le dintsi tsa boporofeti ka ga Mesia. Ka sekai, Isaia 53:7 ya re: “O ne a tlisiwa fela jaaka nku e isiwa tlhabong . . . Le ene o ne a sa bule molomo.” Temana 10 e oketsa ka go re o ne a isa moya wa gagwe “jaaka tshupelo ya molato.”

e Bakwadi ba bangwe ba ditiragalo ba bogologolo le bone ba ile ba umaka Keresete. Bone ba akaretsa mokwalahisitori yo o tlotlegang wa Moroma e bong Suetonius (lekgolo la ntlha la dingwaga); Pliny yo Mmotlana, mmusi wa Bithinia (masimologo a lekgolo la bobedi la dingwaga); le mokwalahisitori wa Mojuda e bong Josephus (lekgolo la ntlha la dingwaga), yo o umakang “Jakobe, morwarraagwe Jesu yo o neng a bidiwa Keresete.”

f Jesu “ga a ka a dira boleo bope,” ka jalo o ne a sa tshwanelwe ke go swa. (1 Petere 2:22) Go na le moo, o ne a re ntshetsa botshelo jwa gagwe, a duela kotlhao ya maleo a rona le go re golola mo losong. Ka jalo, loso lwa ga Jesu lo bidiwa setlhabelo sa “thekololo.” (Mathaio 20:28) Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eno, bona buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e leng teng mo atereseng eno ya Internet www.pr418.com.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

LOSO LWA GA KERESETE LWA GO INTSHA SETLHABELO LO TSHWANTSHEDITSWE E SALE PELE

Molao o Modimo a neng a o naya setšhaba sa Iseraele o ne o akaretsa ditaelo tse di neng di tshwantshetsa kgotsa e le sekao sa gore Mesia o ne a tlile go dira eng moragonyana. Ka sekai, fa Moiseraele a sena go leofa kgotsa a sa ikobela Modimo, o ne a tshwanetse go isa setlhabelo sa phologolo e e itekanetseng sentle. (Lefitiko 17:11; 22:21) A diphologolo tse di neng di ntshiwa setlhabelo di ne di ka duelela boleo ka botlalo? Nnyaa. (Bahebera 10:4) Mme di ne di ka tshwantshetsa e bile di ne tsa tshwantshetsa setlhabelo se se neng se tla bipa maleo—setlhabelo sa “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe.” (Johane 1:29; Bahebera 10:1, 5-10) Botlhe ba ba bontshang tumelo mo Kwaneng eo ya tshwantshetso e bong Jesu Keresete, ba na le tsholofelo e e molemolemo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 6:40.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela