LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/13 ts. 12-13
  • Go Etela Indonesia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Etela Indonesia
  • Tsogang!—2013
Tsogang!—2013
g 4/13 ts. 12-13

BATHO LE DINAGA

Go Etela Indonesia

INDONESIA ke naga ya ditlhaketlhake di ka nna 17 000. Batho ba koo ba itsewe thata ka go nna batho ba ba botsalano, ba ba pelotelele, ba ba maitseo le ba ba ratang go amogela baeng.

Dijo tse di tlwaelegileng kwa Indonesia di akaretsa raese mmogo le dijo tse dingwe—tse gantsi di tsenngwang ditswaiso—le maungo. Kwa mafelong mangwe, malapa a tlwaetse gore fa go jewa a nne fa fatshe mo mesemeng e e logilweng, mme ba ja ka seatla, ba ina se ba se jang mo raeseng. Batho ba le bantsi ba kwa Indonesia ba bolela gore fa dijo di jewa ka tsela eno di nna monate thata.

Durian ke leungo le le boleta mo teng e bile le na le matute mme le ratwa ke batho ba le bantsi le fa le na le monko o o bogale

Batho ba Indonesia ba rata go taka, go bina le mmino. Anklong ke seletswa se se tlwaelegileng sa mmino sa kwa Indonesia; se dirilwe ka matlhaka a bampuse a a golegetsweng mo foreiming. Matlhaka ano a bofiwa ka tsela e e dirang gore a dire molodi o o rileng fa a tlharakanngwa. Batho ba ba tshamekang anklong ba tshwanetse go dirisana mmogo gore go tswe molodi o o rileng, mme mongwe le mongwe wa bone a tlharakanya seletswa sa gagwe ka nako e e tshwanetseng.

Tshwene e e bidiwang orangutan—e bonwa thata mo dikgweng tsa pula tsa Sumatra le Borneo. Mo diphologolong tsotlhe tse di nnang mo ditlhareng, ke yone e kgolo go di gaisa mo lefatsheng. E tonanyana e e setseng e godile sentle e ka nna boima jwa dikilogerama di le 90 mme matsogo a yone a ka nna boleele jwa dimetara di le 2

Go fitlha ka lekgolo la bo15 la dingwaga C.E., Indonesia e ne e tlhotlhelediwa thata ke Bohindu mme go tswa foo ya tlhotlhelediwa ke Bobuda. Ka lekgolo la bo16 la dingwaga, Boiselamo bo ne bo setse bo tlhotlheleditse setso sa kwa Indonesia. Bayuropa ba ba neng ba batla ditswaiso ba ne ba goroga ka lekgolo la bo16 la dingwaga mme ba ne ba lere madumedi a a ipitsang a Bokeresete mo nageng eno.

Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe mo lefatsheng lotlhe ka tiro ya bone ya go ruta Baebele mme ga ba bolo go nna gone kwa Indonesia go tloga ka 1931. Gone jaanong, palo ya bone kwa Indonesia e feta 22 000 mme ba leka go fitlhelela batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Bosheng jaana, batho ba feta 500 ba ile ba tla pokanong e e kgethegileng ya go gopola loso lwa ga Jesu Keresete e e neng e tshwerwe ke Basupi ba ga Jehofa ka puo ya diatla.

ITEKE

O akanya gore ke dilo dife fano tse di fitlhelwang kwa Indonesia?

  1. mefuta ya dimela e le 20 000

  2. mefuta ya diamusi e mentsi go feta e e mo lefelong lepe mo lefatsheng

  3. lelomo le legolo go a gaisa otlhe mo lefatsheng

  4. lelomo le leleele go a gaisa otlhe mo lefatsheng

Karabo: Tsotlhe ka bonè jwa tsone. Lelomo le legolo go a gaisa otlhe mo lefatsheng le bophara jwa disentimetara di le 91, mme lelomo le leleele go a gaisa otlhe le boleele jwa dimetara di le tharo.

DINTLHA KA NAGA ENO

  • Palo ya Batho: 237 600 000

  • Motsemogolo: Jakarta

  • Tlelaemete: Go mogote e bile go bongola

  • Dilo tse di romelwang kwa dinageng tse dingwe: Oli ya mokolane, rubber, lookwane lo lo sa tlhotlhiwang le malatlha

  • Dipuo tse di buiwang: Se-Bahasa Indonesia (se gape se bidiwang Se-Indonesia), mmogo le dipuo di le makgolokgolo tse di buiwang mo dikgaolong tse di farologaneng

  • Bodumedi: Bontsi jwa bone ke Bamoseleme (diperesente di le 88)

Tsogang! e gatisiwa ka dipuo di le 98, go akaretsa le Se-Indonesia (se gape se bidiwang Se-Bahasa Indonesia)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela