POTSOLOTSO | RACQUEL HALL
Mosadi wa Mojuda o Tlhalosa Lebaka la go Sekaseka Bodumedi Jwa Gagwe Sesha
Racquel Hall o ne a tsholwa ke mmè wa Mojuda wa Moiseraele le rre wa Mo-Austria yo o neng a sokologetse mo Bojudeng. Nkokoagwe le rremogoloagwe kafa go mmaagwe e ne e le ba mokgatlho wa Bajuda wa Siona ba ba neng ba fudugetse kwa Iseraele ka 1948, ngwaga o Iseraele e neng ya nna Puso e e ikemetseng ka yone. Tsogang! e ne ya botsa Racquel gore ke eng se se dirileng gore a sekaseke bodumedi jwa gagwe jwa Sejuda ka kelotlhoko.
Re bolelele gore o godile jang.
Ke tshotswe ka 1979 kwa United States. Batsadi ba me ba ile ba tlhalana fa ke ne ke na le dingwaga di le tharo. Mmè o nkgodisitse ka ngwao ya Sejuda a bo a nkisa kwa dikolong tsa Sejuda tse di bidiwang di-yeshiva. Fa ke na le dingwaga di le supa, re ne ra fuduga ra ya go nna ngwaga kwa Iseraele, koo ke neng ka tsena sekolo mo lefelong la polasi le le bidiwang kibbutz. Mme morago ga moo nna le Mmè re ne ra fudugela kwa Mexico.
Le fa go ne go se na sinagoge epe mo lefelong leo, ke ne ka tswelela ke tshela go ya ka dingwao tsa me tsa Sejuda. Ke ne ke a tle ke tshube dikerese ka letsatsi la Sabata, ke bale buka ya rona ya molao e e bidiwang Torah ke bo ke rapela ke dirisa buka ya dithapelo e e bidiwang siddur. Gantsi kwa sekolong ke ne ke tlwaetse go raya baithutikanna ke re bodumedi jwa me ke jone jwa ntlhantlha. Ke ne ke ise ke tsamaye ke bale se gantsi se bidiwang Tesetamente e Ntšha, e e buang thata ka bodiredi le dithuto tsa ga Jesu Keresete. Tota e bile, Mmè o ne a ntlhagisitse gore ke se ka ka e bala, a tshaba gore gongwe nka kgotlelwa ke dithuto tsa yone.
Ke eng fa o ile wa swetsa ka gore o bale Tesetamente e Ntšha?
Ke ne ka boela kwa United States fela fa ke digela dingwaga di le 17, gore ke ye go feleletsa sekolo. Fa ke fitlha koo tsala ya me e e neng e re ke Mokeresete, e ile ya mpolelela gore botshelo jwa me bo ka se nne le bokao fa ke sa itse Jesu.
Ke ne ka mo araba ka re: “Batho ba ba dumelang mo go Jesu ba latlhegile.”
O ne a mpotsa a re: “A mme o kile wa bala Tesetamente e Ntšha?”
Ke ne ka araba ka re: “Nnyaa.”
O ne a re: “Fa go ntse jalo, a ga se go tlhoka kitso go ntsha maikutlo a gago ka sengwe se o sa itseng sepe ka sone?”
Mafoko a gagwe a ne a ntlhaba mo pelong, segolobogolo ka gonne ke ne ke go tsaya e le bomatla go ntsha maikutlo ka selo se o sa itseng sepe ka sone. E re ka ke ne ke swabile, ke ne ka tsaya Baebele ya gagwe mme ka simolola go bala Tesetamente e Ntšha.
Se o neng wa se bala se ne sa go ama jang?
Ke ne ka gakgamadiwa ke go lemoga gore bakwadi ba Tesetamente e Ntšha e ne e le Bajuda. Gape fa ke ntse ke bala ke ne ka ithuta gore Jesu e ne e le Mojuda yo o ikokobeditseng le yo o bonolo yo o neng a batla go thusa batho e seng go ba tsietsa. Ke ile ka bo ka ya go adima dibuka tse di buang ka ga Jesu kwa laeboraring. Le fa go ntse jalo, ga go epe ya tsone e e neng ya ntlhatswa pelo gore Jesu e ne e le Mesia. Tota e bile tse dingwe di ne di mmitsa Modimo—kgopolo e ke neng ke bona e sa utlwale. E le gore Jesu o ne a rapela mang—a o ne a ithapela? Mo godimo ga moo, Jesu o ile a swa. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela jaana ka Modimo: “Ga o swe.”a
O ne wa bona jang dikarabo tsa dipotso tseo?
Boammaaruri ga bo ikganetse mme ke ne ke ikemiseditse go bo batla. Ke ne ka rapela Modimo go tswa pelong ke lela, e le lekgetlho la ntlha ke rapela ke sa dirise buka ya me ya dithapelo e e bidiwang siddur. Fela fa ke fetsa go rapela, ke ne ka utlwa mongwe a kokota fa kgorong. E ne e le Basupi ba ga Jehofa ba babedi. Ba ne ba nnaya nngwe ya dikgatiso tsa bone tse di thusang go ithuta Baebele. Kgatiso eno mmogo le metlotlo ya Baebele e ke ileng ka nna le yone le Basupi morago ga moo, e ne ya ntlhatswa pelo gore dilo tse ba di dumelang di theilwe mo Baebeleng. Ka sekai, Basupi ba dumela gore Jesu ga se karolo ya Tharonngwe mme ke “Morwa Modimo”b le “tshimologo ya popo ya Modimo.”c
Morago fela ga moo, ke ne ka boela Mexico, kwa ke neng ka tswelela ke ithuta le Basupi ka dipolelelopele tse di ka ga Mesia gone. Ke ne ka gakgamadiwa ke go bona kafa dipolelelopele tseno di leng dintsi ka gone! Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke na le dipelaelo. Ke ne ka ipotsa gore: ‘A Jesu e ne e le ene fela yo o tshwanelwang ke tlhaloso eno?’ le gore ‘Go tweng fa e le gore e ne e le motho fela yo o botlhale yo o neng a itira e kete ke Mesia?’
Ke eng se tota se go tlhatswitseng pelo?
Basupi ba ne ba mpontsha dipolelelopele tse go neng go se na motsietsi ope yo o neng a ka di diragatsa. Ka sekai, moporofeti Mika o ne a porofeta dingwaga di ka nna 700 go sa le gale, a re Mesia o tla tsholelwa kwa Bethelehema wa Judea.d Ke mang yo o ka tlhophang kwa a tla tsholelwang gone? Isaia o ne a kwala gore Mesia o ne a tla bolawa jaaka sekebekwa se se nyatsegileng, mme o ne a tla fitlhwa le bahumi.e Dipolelelopele tseno tsotlhe di ne tsa diragadiwa mo go Jesu.
Karolo ya bofelo ya bosupi jwa gore Jesu ke Mesia ke lotso lo a tswang mo go lone. Baebele e ne ya bolelela pele gore Mesia o ne a tla nna setlogolwana sa ga Kgosi Dafide.f E re ka Bajuda ba bogologolo ba ne ba boloka dipego tsa tatelano ya masika a setšhaba le a malapa, fa Jesu e ka bo e ne e se wa losika lwa ga Dafide, baba ba gagwe ba ka bo ba ile ba phasalatsa kgang eno! Le fa go ntse jalo, ba ne ba ka se dire jalo ka gonne go ne go na le bosupi jo bontsi jo bo ka se ganediweng jwa gore Jesu le Dafide ba ne ba amana ka losika. Gape boidiidi jwa batho bo ne bo mmitsa “Morwa Dafide.”g
Ka 70 C.E.—dingwaga di le 37 morago ga loso lwa ga Jesu—masole a Roma a ne a swafatsa Jerusalema, mme dipego tsa tatelano ya masika di ile tsa latlhega kgotsa tsa senngwa. Ka jalo, e le gore Mesia a kgone go lemogiwa go ya ka tatelano ya losika, o ne a tshwanetse go tlhaga pele ga 70 C.E.
Go lemoga seno go ile ga go ama jang?
Mo go Duteronome 18:18, 19, go ne ga bolelelwa pele gore Modimo o tla tsosa moporofeti yo o tshwanang le Moshe mo Iseraele. Mme Modimo o ne a re: “Motho yo o se kitlang a reetsa mafoko a me a a tla a buang mo leineng la me, nna ka bonna ke tla dira gore a ikarabele.” Go ithuta ga me Baebele yotlhe ka botlalo go ntlhotlheleditse gore ke dumele gore Jesu wa Nasaretha e ne e le ene moporofeti yoo.
a 1. Habakuke 1:12.
b 2. Johane 1:34.
c 3. Tshenolo 3:14, King James Version.
d 4. Mika 5:2; Mathaio 2:1.
e 5. Isaia 53:3, 7, 9; Mareko 15:43, 46.
f 6. Isaia 9:6, 7; Luke 1:30-32. Mathaio kgaolo 1 e na le lenaane la masika a ga Jesu kafa go rraagwe mme Luke kgaolo 3 e na le lenaane la masika a gagwe kafa go mmaagwe.
g 7. Mathaio 21:9.