LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/14 ts. 14-15
  • Go Etela Italy

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Etela Italy
  • Tsogang!—2014
Tsogang!—2014
g 1/14 ts. 14-15
Lotshitshi lwa Italy

BATHO LE DINAGA

Go Etela Italy

Mmapa wa Italy

ITALY ke naga e e nang le dilo tse di farologaneng—dintshi tsa mawatle tse ditelele le mafelo a a dithaba; dipaka tse di mogote thata kwa borwa le dipaka tsa mariga a a tsididi thata kwa bokone. Gape ke naga e e tletseng makgwamolelo mme ke a se kae fela a a sa ntseng a tle a kgwe molelo—jaaka la Stromboli le Thaba ya Etna.

Italy ke nngwe ya dinaga tse di nang le batho ba le bantsi thata kwa Yuropa. Ditšhaba di le dintsi di kile tsa ralala naga eno, go akaretsa Baarabia, Ba-Byzantine, Bagerika, Ba-Norman le Bafonekia.

Bajanala ba tsamaya ka mokoro wa gondola

Bajanala ba tsamaya ka mekoro e e bidiwang gondola mo dikanaleng tse dintsi tsa Venice

Naga eno e na le matlotlo a mantsi a dilo tsa hisitori le tsa botaki. Marope a bogologolo a Gerika le Roma kgotsa dikago tsa motlha wa Baroque le wa Renaissance di eme bontle mo ditoropong tse dintsi tsa kwa Italy. Ditshwantsho tse di pentilweng, difikantswe tsa mmabole le metswedi e e ikagetsweng e bontsha bokgoni jwa ditswerere tse di jaaka Bernini, Michelangelo le Raphael.

Dijo ke karolo e kgolo ya botshelo jwa letsatsi le letsatsi, mme meetlo e mentsi e amana le dijo tse di farologaneng tsa lefelo leno. Gantsi go jewa pasta pele, mme go latele nama kgotsa tlhapi le merogo. Oli ya motlhware e dirisiwa thata e re ka e dirwa ka bontsi mo nageng eno. Pizza le risotto ke dijo tse di itsegeng thata tsa kwa Italy.

A dish of pasta

Pasta ke sejosegolo sa kwa Italy

Bantadiana ba itsege e le batho ba ba botsalano ba ba amogelang baeng e bile ba rata batho. Ba rata go tlotla, ka jalo go tlwaelegile go bona batho ba tlotla mo dipatlelong tsa motse kgotsa ba tlotla fa ba ntse ba tsamaya ba iketlile mo mmileng.

Bontsi jwa baagi ba kwa Italy ba bolela fa e le ba bodumedi jwa Roma Katoliki, mme ke ba le mmalwa fela ba ba yang kerekeng ka metlha. Go bolelwa gore mo dingwageng tsa bosheng batho ga ba tlhole ba dira se kereke e se laelang, ka gonne ba itlhokomolosa melao e e sa bolong go tlhomiwa malebana le go senya mpa le tlhalo.

Palo ya Basupi ba ga Jehofa e gola sentle kwa Italy. Ba itsege thata ka go ruta Baebele mo bodireding jwa bone jwa phatlalatsa le ka go tshela ka melao ya yone. Go na le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di feta 3 000 mo nageng eno yotlhe mme bontsi jwa diphuthego tseno di leka go fitlhelela batho ba ba buang dipuo tse dingwe kwantle ga Sentadiana. Go bonala go na le tlhokego ya go ruta batho Baebele ka dipuo tsa kwa dinageng di sele ka gonne bosheng jaana palo ya batswakwa kwa Italy e oketsegile go menagane gararo mo dingwageng di le lesome.

Dithaba tsa Dolomites

Dithaba tse di makgawekgawe tsa Dolomites tse di kwa bokonebotlhaba jwa lwa Italy

A O NE O ITSE?

Le fa gone Vatican City e le kwa Roma, e sa le e le naga e e ikemetseng fa e sa le ka 1929 mme ka ntlha ya seo baagi ba kwa Italy ba e tsaya e le naga e sele.

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE

  • Palo ya Batho: 61 000 000

  • Motsemogolo: Roma

  • Tlelaemete: Ka fa borwa ke lewatle la Mediterranean, kwa go nang le mariga a a seng bogale thata le selemo se seleele se se bothitho; ka fa bokone ke dithaba tse di nang le mariga a a tsididi

  • Naga: Bogolo jwa yone ke dithaba mme gape e na le lotshitshi lwa lewatle lwa dikilometara di le 7 500

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela