LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/14 ts. 16
  • Lobone Lwa Sebonesanawa sa Photuris

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lobone Lwa Sebonesanawa sa Photuris
  • Tsogang!—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lesedi le le Tsididi la Sennakangwedi
    Tsogang!—2010
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2014
  • Lefuka la Serurubele
    Tsogang!—2014
  • Letlalo la Shaka
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 2/14 ts. 16
Sebonesanawa sa Photuris

A LO TLHAMILWE?

Lobone Lwa Sebonesanawa sa Photuris

LOBONE, kgotsa karolo ya mmele e e bonesang ya sebonesanawa sengwe sa Photuris, lo apesitswe ka makwapa a a oketsang fela thata go phatsima ga lesedi le le tlhagisiwang ke tshenekegi eno.a

Makwapa a a tlhatlaganeng

Makwapa a a tlhatlaganeng

Ela tlhoko: Babatlisisi ba lemogile gore makwapa a mannye a a apesitseng lobone lwa dibonesanawa dingwe a makgawekgawe jaaka disenke kgotsa dithaele tse di tlhatlaganeng. Makwapa ano a phekama kwa ntlheng ka dimaekerometara di le 3 fela—e leng selekanyo se se kwa tlase ga nngwe mo masomeng a mabedi fa se bapisiwa le thiri ya motho. Mme go phekama gono mo go nnyennye go dira gore lobone lo phatsime ka selekanyo se se kwa godimo ka diperesente di ka nna 50 go feta fa makwapa ano a ka bo a sa phekama jalo!

A mokgwa oo o ne o ka tokafatsa go bonesa sentle ga di-light emitting diode [LED] tse di dirisiwang fa go dirwa didirisiwa tsa eleketeroniki? Borasaense ba ne ba lekeletsa ka go apesa di-LED ka sengwe se se makwakwapa jaaka lobone lwa sebonesanawa. Go ne ga diregang? Di-LED di ne tsa ntsha lesedi le le oketsegileng ka diperesente di le 55! Moitse mongwe wa fisikisi e bong Annick Bay a re: “Selo sa botlhokwatlhokwa ka tiro eno ke gore e bontsha kafa re ka ithutang go le gontsi ka teng ka go sekaseka dilo tsa tlholego ka kelotlhoko.”

O akanyang? A lobone lwa dibonesanawa tseo tsa Photuris lo nnile gone ka bolone fela? A kgotsa lo tlhamilwe?

a Baitsesaense ga ba a ithuta ka mefuta yotlhe ya sebonesanawa seno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela