LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/14 ts. 5
  • Go Latlhegelwa ke Dithoto

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Latlhegelwa ke Dithoto
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO ITSHOKELA MASETLAPELO
  • Fa o Welwa ke Masetlapelo
    Tsogang!—2014
  • Tsunami ya Kwa Japane ya 2011—Bafalodi ba Tlhalosa Se se Ba Diragaletseng
    Tsogang!—2011
  • Bodiredi Jwa Namolo
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Gomotsa ba ba Hutsafetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 7/14 ts. 5
Matlakala morago ga thoromo ya lefatshe le tsunami

SETLHOGO SA KA FA NTLE | FA O WELWA KE MASETLAPELO—KAFA O KA ITSHOKANG KA TENG

Go Latlhegelwa Ke Dithoto

Ka Labotlhano, Mopitlwe 11, 2011, thoromo ya lefatshe ya bogolo jwa 9,0 e ne ya itaya Japane, ya bolaya batho ba feta 15 000 mme ya baka tshenyo ya dithoto tsa boleng jo bo fetang diranta di le dibilione di le 2 000. Fa Kei wa dingwaga di le 32 a ne a tlhagisiwa gore tsunami e etla, o ne a tshabela kwa lefelong le le kwa godingwana. A re, “Mo mosong o o latelang, ke ne ka boela gae go ya go phutha se nka se phuthang mme ka fitlhela sengwe le sengwe se gogotswe ke metsi a lewatle, go akaretsa le folete ya me. Go ne go setse motheo wa yone fela.

Kei

“Go ne ga ntsaya nako go amogela gore ke ne ke sa latlhegelwa ke dilwana tsa me fela mme ke ne ke latlhetswe le ke tikologo yotlhe ya me. Sengwe le sengwe se ne se ile—koloi ya me; dikhomputara tse ke neng ke di dirisetsa tiro; sofa, ditafole le ditilo tse ke neng ke di dirisa fa ke na le baeng; diletswa tsa me tsa mmino e leng keyboard, katara, ukulele le phala; dilo tse ke neng ke di dirisetsa go taka ka mebala ya metsi, ya oli le ya pastel; ditshwantsho tsa me tsotlhe tse ke neng ke di takile le tse ke neng ke di toroile.”

GO ITSHOKELA MASETLAPELO

Leka go tlhoma mogopolo mo go se o sa ntseng o na le sone go na le mo go se se go latlhegetseng. Baebele ya re: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Fa Kei a gakologelwa se se mo diragaletseng, a re: “Kwa tshimologong ke ne ka dira lenaane la dilo tse ke neng ke di batla, mme le ne la nkgopotsa fela sengwe le sengwe se se neng se gogotswe ke metsi. Ke ne ka swetsa ka gore ke tsenye fela dilo tse tota ke neng ke di tlhoka mo lenaaneng la me mme ke ne ke le fetola fa ke ntse ke nna le tsone. Lenaane leno le ne la nthusa go simolola botshelo jwa me sesha.”

Mo boemong jwa go nna o akantse fela ka mathata a gago, dirisa se se go diragaletseng go gomotsa batho ba bangwe. Kei a re: “Ke ne ka thusiwa thata ke ba thuso ya namolo le ke ditsala, mme fa ke ntse ke tlwaela go nna ke fiwa, ke ne ka simolola go inyatsa. Mme ke ne ka gopola mafoko a Baebele a a mo go Ditiro 20:35 a a reng ‘go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.’ E re ka ke ne ke se na dilwana tse dintsi tse nka di abang, ke ne ka simolola go bolelela ba bangwe ba ba wetsweng ke masetlapelo ano mafoko a a kgothatsang. Go bontsha bopelotshweu ka tsela eno go ne ga nthusa fela thata.”

Rapela Modimo gore a go neye botlhale jo o bo tlhokang gore o kgone go lebana le maemo a o leng mo go one. Kei o ne a ikanya mafoko a a mo Baebeleng a gore Modimo o tla “retologela mo thapelong ya ba ba amogilweng sengwe le sengwe.” (Pesalema 102:17) Le wena o ka dira jalo.

A o ne o itse? Baebele e bolelela pele ka nako e ka yone go tla bong go se na ope yo o tshwenyegang ka go latlhegelwa ke dithoto ka ntlha ya masetlapelo a tlholego.a—Isaia 65:21-23.

a Fa o batla go itse gore boikaelelo jwa Modimo ke bofe ka lefatshe, bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela