LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/14 ts. 8-9
  • Thapelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thapelo
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go na le mongwe yo o utlwang dithapelo tsa rona?
  • Re tshwanetse go rapela jang?
  • Re tshwanetse go rapela mang?
  • Atamela Modimo ka Thapelo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Go Atamela Modimo ka Thapelo
    Modimo o Batla Gore re Direng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 9/14 ts. 8-9
Monna a rapela

BAEBELE YA RENG

Thapelo

A go na le mongwe yo o utlwang dithapelo tsa rona?

“Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena.”—Pesalema 65:2.

SE BATHO BA SE BUANG

Ga twe dithapelo tsa rona di bonala di felela mo moyeng fela. Batho ba ba bogang ke bone ba segolobogolo ba belaelang gore dithapelo tsa bone di a utlwiwa.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele ya re: “Matlho a ga Jehofa [Modimo] a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone; mme sefatlhego sa ga Jehofa se kgatlhanong le ba ba dirang dilo tse di bosula.” (1 Petere 3:12) Ga go pelaelo gore Modimo o reetsa dithapelo. Le fa go ntse jalo, o reetsa thata dithapelo tsa batho ba ba ikobelang ditaelo tsa gagwe. Temana e nngwe e bolela jaana malebana le kafa Modimo a iketleeleditseng ka teng go re reetsa fa re rapela: “Eno ke tshepo e re nang le yone mo go ene, gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.” (1 Johane 5:14) Ka jalo, batho ba ba rapelang ka tlhoafalo ba tshwanetse go tlhaloganya gore ke dithapelo tsa mofuta ofe tse di ka tsamaisanang le go rata ga Modimo.

Re tshwanetse go rapela jang?

“Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe.”—Mathaio 6:7.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba madumedi a a farologaneng—a a jaaka Bobuda, Bokatoliki, Bohindu le Boiselamo—ba ile ba rutiwa go dirisa sebaga go bua le go bala dithapelo tsa bone.

SE BAEBELE E SE BUANG

Dithapelo di tshwanetse go tswa mo pelong mme e nne tse motho a di buang ka tlhoafalo; ga di a tshwanela go tshwarwa ka tlhogo le go boaboelediwa. Dikwalo di re kgothaletsa jaana: “Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe, fela jaaka batho ba ditšhaba ba dira, gonne ba ithaya ba re ba tla utlwiwa ka ntlha ya go dirisa ga bone mafoko a le mantsi. Jalo, lo se ka lwa nna jaaka bone, gonne Modimo Rraalona o itse dilo le fa e le dife tse lo di tlhokang le pele ga lo mo kopa.”—Mathaio 6:7, 8.

LEBAKA LA GO BO GO LE BOTLHOKWA

Fa motho a rapela ka tsela e Modimo a sa e amogeleng, tota motho yoo o itshenyetsa nako fela kgotsa gongwe e bile o kgopisa Modimo. Baebele e re tlhagisa gore dithapelo tsa batho ba ba ganang go dira go rata ga Modimo di “makgapha” mo go ene.—Diane 28:9.

Re tshwanetse go rapela mang?

“Batlang Jehofa [Modimo] a sa ntse a ka bonwa. Mmitseng a sa ntse a le gaufi.”—Isaia 55:6.

SE BATHO BA SE BUANG

Badumedi bangwe ba rapela Marea kgotsa dibopiwa tse dingwe tse di jaaka baengele le batho ba ba tsewang e le “baitshepi.” Bangwe ba bone ke “Moitshepi” Anthony wa kwa Padua, yo go tweng o tlhokomela batho “ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng le mo botshelong,” le “Moitshepi” Jude, yo go tsewang e le moitshepi yo o thusang batho fa ba le mo “maemong a a kgobang marapo.” Baobamedi ba le bantsi ba rapela “baitshepi” ba ba ntseng jalo le baengele ba solofetse gore dibopiwa tseno di tla ba buelela mo Modimong.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go rapela “Rraarona yo o kwa legodimong.” (Mathaio 6:9) Baebele e re kgothaletsa jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo.”—Bafilipi 4:6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela