LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/14 ts. 2
  • Katlego ya Mmatota ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Katlego ya Mmatota ke Eng?
  • Tsogang!—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa o ka Bonang Katlego ya Mmatota ka Gone
    Tsogang!—2014
  • Atlega ka Tsela ya Mmatota mo Botshelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2008
  • Go Atlega—A O Go Batla ka Ditsela Tsotlhe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 10/14 ts. 2
Mosadi a tshwere sekgele

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Katlego ya Mmatota ke Eng?

KE ENG se se maswe go feta go palelwa? Ke go tsiediwa ke katlego e e seng yone. Tota e bile, fa o paletswe ke sengwe o ka se leka gape. Mme o ka ithuta mo go se se go diragaletseng o bo o dira bojotlhe go baakanya mo nakong e e tlang.

Katlego e e seng yone e farologane le seo. Fa o atlegile ka tsela e e seng yone, o ka tsaya gore o atlegile mme tota go sa nna jalo. Ka nako e o lemogang gore o tshwanelwa ke go dira diphetogo, go ka nna ga bo go le thari.

Akanya ka sekai seno. Nako nngwe Jesu Keresete o ne a botsa jaana: “Motho o tla solegelwa molemo ke eng fa a ka gapa lefatshe lotlhe mme a latlha moya wa gagwe?” (Mathaio 16:26) Mafoko ano a ka tshwanela batho ba ba dirisang nako ya bone yotlhe gore ba nne le madi le go reka dilo tse dintsi—katlego e e seng yone. Mogakolodi mongwe yo o bidiwang Tom Denham a re: “Fa o akanya fela ka go tlhatlosiwa maemo kwa tirong, go nna le madi a mantsi kgotsa go ikokoanyetsa dithoto di le dintsi o a bo o ikamoga kgotsofalo. Go akanya gore o atlegile fela ka gonne o na le madi a mantsi ke go itsietsa e bile go tla go tlogela o sa kgotsofala.”

Boammaaruri ke gore batho ba le bantsi ba dumalana le seno. Mo patlisisong nngwe e e dirilweng mo United States, “go nna le madi a mantsi” ke selo sa bo20 mo lenaaneng la dilo di le 22 “tse go tweng di dira gore motho a atlege.” Dilo tse di neng di le kwa godimo mo lenaaneng leno e ne e le go nna le botsogo jo bo molemo, dikamano tse di molemo le ba bangwe le tiro e motho a e ratang.

Go bonala batho ba le bantsi fa ba bodiwa ba kgona go farologanya katlego ya mmatota le e e seng yone. Le fa go ntse jalo, go nna thata gore batho ba dire ditshwetso tse di bontshang gore ba tlhaloganya se katlego ya mmatota e leng sone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela