LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/14 ts. 7
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • United States
  • India
  • Dikgaolo Tsa Botlhaba Jwa Afrika
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 10/14 ts. 7

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

United States

Sedirisiwa se se kgonang go kolopa tracker e e ngaparelang mo koloing

Mapodise mangwe a dirisa thekenoloji go fokotsa dikotsi tsa go lelekisa dikoloi. Sengwe sa dilo tse di dirisiwang ke sedirisiwa se se gokelelwang mo dikoloing tsa mapodise se se kgonang go kolopa tracker e e ngaparelang mo koloing e e lelekisiwang. Seno se thusa mapodise go sala babelaelwa morago ka lobelo lo lo siameng.

India

Mosadi wa Moindia

Go fopholediwa gore ura nngwe le nngwe go bolawa mosadi a le mongwe ka ntlha ya dikgotlhang tsa magadi a ba bogwegadi ba a ntshetsang monna wa gagwe. Le fa tlwaelo eno ya go ntsha magadi e thibetswe semolao, ka 2012 go bolailwe basadi ba feta 8 200 ka gonne monna kgotsa ba lelapa la gaabo ba tsaya gore magadi a a ntshitsweng ga a lekana.

Switzerland

Dinonyane tsa alpine swift

Disensara tse dinnye tse di gokeletsweng mo dinonyaneng tse tharo tsa alpine swift kwa lefelong le di tsalelang kwa go lone, di bontshitse gore di fofile malatsi a le 200 di sa eme fa di fudugela kwa Afrika. Mo nakong e e fetileng, diphologolo tsa mo metsing ke tsone fela tse go neng go itsege di kgona go tsamaya sekgala se se kalo.

Dikgaolo Tsa Botlhaba Jwa Afrika

Kerafo e e bontshang dikepe tse di gapilweng le madi a a bonweng

Magodu a mo lewatleng a gapile dikepe di le 179 ka dikgoka mo lewatleng la Dikgaolo tsa Botlhaba jwa Afrika magareng ga Moranang 2005 le Sedimonthole 2012. Patlisiso e e dirilweng ke World Bank e fopholetsa gore madi otlhe a magodu ano a a boneng ke R4 bilione.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela