LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/15 ts. 12-13
  • Go Etela Nicaragua

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Etela Nicaragua
  • Tsogang!—2015
Tsogang!—2015
g 9/15 ts. 12-13
Setlhaketlhake sa Ometepe se se dirilweng ke makgwamolelo a mabedi a Letsha la Nicaragua

Lefelo le le tumileng thata mo Letsheng la Nicaragua ke Setlhaketlhake sa Ometepe, se se nang le bojang jo bontsi le makgwamolelo a mabedi a a kopantsweng ke naga e nnye

BATHO LE DINAGA

Go Etela Nicaragua

Mmapa wa Nicaragua

GANTSI batho ba bitsa Nicaragua ba re ke lefatshe la matsha le la makgwamolelo. Naga eno e ikgantsha ka letsha le legolo le le mo Bogare jwa Amerika—Letsha la Nicaragua. Merafe e e nnang kwa nageng eo e ne e le bitsa Cocibolca, mo go rayang “Lewatle le le Botshe.” Letsha leno le na le ditlhaketlhake di le dintsi e bile ke lone fela le le nang le metsi a a phepa le ditshedi tsa lewatle tse di jaaka dishaka, di-swordfish le di-tarpon.

Sethunya sa kwa Nicaragua se se bidiwang sacuanjoche

Sethunya sa kwa Nicaragua se bidiwa sacuanjoche (frangipani)

Gape Nicaragua e na le kgaolo e e kwa thoko go di gaisa tsotlhe mo Bogareng jwa Amerika—Lotshitshi lwa Mosquito. Lo boleele jwa dikilometara di le 65 go tswa kwa matshitshing a a kwa botlhaba go ya go fitlha kwa Honduras. Ba-Miskito (tsela e nngwe gape ya go kwala Mosquito) ke bangwe ba ditlhopha di le mmalwa tsa batho ba kwa Nicaragua ba ba sa bolong go nna gone pele Ba-Yuropa ba goroga koo ka dingwaga tsa bo1600.

Ba-Miskito ke batho ba ba utlwanang thata e bile ba na le meetlo e e tlhomologileng. Ka sekai, puo ya Miskito ga e na mafoko a a jaaka “Rre” kgotsa “Mmè.” Kwa metseselegaeng, bana ba bitsa batho ba bagolo mo go bone ba re “Malome” kgotsa “Rakgadi,” e ka ne e le wa losika kgotsa e se wa losika. Moetlo wa bogologolo wa Ba-Miskito ke gore mosadi a dumedise ditsala le ba masika ka go amana ka marama. Go tswa foo, mosadi yo o simolotseng go dumedisa o baya nko ya gagwe mo go ya motho yo a mo dumedisang.

Batho ba kwa Nicaragua

Batho ba koo

Dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tsa Se-Mayangna le Se-Miskito

Kgatiso ya Baebele e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa ka Se-Mayangna le Se-Miskito

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE

  • Palo ya Batho: 6 176 000

  • Puo: Se-Spain. Mme gone, mo dikgaolong tse di seng ka fa tlase ga puso, go buiwa Se-Miskito, Se-Mayangna, Se-Rama le Seesemane sa Se-Creole

  • Puso: Repaboliki

  • Motsemogolo: Managua

  • Tlelaemete: Gantsi go bongola mme go tsiditsana mo mafelong a a dithaba

  • Naga: E bapile le lewatle, go na le dithaba mo gare ga yone

TLHATLHOBA KITSO YA GAGO

Araba gore a dipolelo tseno tse di ka ga Nicaragua ke boammaaruri kgotsa ke maaka:

  1. Leina la naga eno le tsewa go tswa mo go Nicarao, yo e neng e le moeteledipele wa morafe mongwe wa bogologolo.

  2. Nicaragua ke yone fela naga ya Bogare jwa Amerika e e neng e busiwa ke Spain le Boritane.

  3. Mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di fetileng, ditoropo tse di gaufi le Letsha la Nicaragua di ne di tlhaselwa ke magodu a lewatle a kwa Caribbean.

  4. Nicaragua ke naga e kgolo e e nang le baagi ba bannye thata mo Bogareng jwa Amerika.

Dikarabo: Tsotlhe di boammaaruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela