LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 4 ts. 12-13
  • Go Etela Kyrgyzstan

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Etela Kyrgyzstan
  • Tsogang!—2016
Tsogang!—2016
g16 no. 4 ts. 12-13
Di-yurt tse di mo Mokgatšheng wa Tash Rabat kwa Kyrgyzstan

Ditente tse di bidiwang di-yurt di mo Mokgatsheng wa Tash Rabat

BATHO LE DINAGA

Go Etela Kyrgyzstan

Mmapa wa Kyrgyzstan

KYRGYZSTAN e na le dithaba tse di kwa godimo tse di khurumeditsweng ke aese mme e mo bogareng jwa Central Asia le mo melelwaneng ya Kazakhstan, Uzbekistan, Tajikistan, le China. Naga eno yotlhe e na le dithaba. Kyrgyzstan e na le dithaba tse di kwa godimo thata tsa Tian Shan tse di dimetara di le 7 439 go tswa mo boalong jwa lewatle. Go na le diperesente di ka nna 4 tsa sekgwa mo nageng yotlhe. Ga go gakgamatse go bo Kyrgyzstan e na le sengwe sa dikgwa tse dikgolo mo lefatsheng lotlhe tse di nang le walnut.

Mosupi wa ga Jehofa o ithuta Baebele le mosadi mongwe kwa Kyrgyzstan

Basupi ba ga Jehofa ba ruta batho ba le diketekete Baebele kwa Kyrgyzstan

Batho ba kwa Kyrgyzstan ba itsege ka go tshola baeng le go tlotla batho. Ba-Kyrgyz ga ba dirise “wena” fa ba bua le motho yo mogolo, ba a mo sutela gore a nne fa fatshe mo dipalangweng tsa botlhe e bile ba mo naya setulo se se tlotlegang mo ditafoleng.

Gantsi lelapa le na le bana ba le bararo kgotsa go feta. Ngwana wa mosimane wa gofejana o tswelela a nna le batsadi ba gagwe tota le fa a sena go nyala, gore a kgone go ba tlhokomela go fitlha ba tsofala.

Basetsana ba rutiwa go dira ditiro tsa mo gae ba sa ntse ba le bannye gore ba kgone go di dira fa ba setse ba nyetswe. Fa ba le mo dingwageng tsa bolesome, ba setse ba kgona go dira ditiro tsa mo lelapeng. Gantsi monyadiwa o ntshediwa magadi. Magadi ano a ka akaretsa dilo tsa bolao, diaparo tse di farologaneng mmogo le khapete e e rokilweng ka diatla. Monyadi o duela magadi ka madi le ka leruo.

Go tlhabiwa nku kgotsa pitse fa go na le mokete wa lenyalo kgotsa fa go na le phitlho. Nama eo e a kgaoganngwa mme karolo nngwe le nngwe e na le mong wa yone. Mongwe le mongwe o newa karolo e e rileng go ikaegile ka dingwaga tsa gagwe le gore ke moeng wa mofuta ofe; le mo moletlong ono, tlotlo e sa ntse e le selo sa botlhokwa thata. Go tswa foo, batho ba newa sejo sa kwa Kyrgyzstan se se bidiwang beshbarmak. Se jewa ka diatla.

Mosimane o tshameka komuz

Komuz ke seletswa sa mmino se se tumileng thata

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE

Totatota Baebele e Ruta Eng?

Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e teng ka Se-Kirghiz e bile e gone mo www.pr418.com

  • Palo ya Batho: 5 776 000

  • Motsemogolo: Bishkek

  • Dipuo: Se-Kirghiz, Se-Russia

  • Dilo tse di tswang kwa nageng eo: Tlhale, wulu, gouta, mekhuri, uranium

  • Bodumedi: Diperesente di le 80 tsa baagi ke Bamoseleme

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela