LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g17 no. 6 ts. 10-11
  • Go Etela New Zealand

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Etela New Zealand
  • Tsogang!—2017
Tsogang!—2017
g17 no. 6 ts. 10-11
Milford Sound kwa New Zealand

Milford Sound

BATHO LE DINAGA

Go Etela New Zealand

New Zealand mo mmapeng wa lefatshe

DINGWAGA di ka nna 800 tse di fetileng, merafe ya Maori e ne ya tsaya loeto lo loleele go ralala mawatle mme ba nna mo New Zealand. Ba ne ba bona lefatshe le lentle le le sa tshwaneng gotlhelele le ditlhaketlhake tsa kwa Polynesia tse ba neng ba nna kwa go tsone. Lefelo leno le ne le tletse dithaba tse di apesitsweng ke aese, go le bothitho ka nako ya dikgakologo e bile go na le kapoko. Morago ga dingwaga di ka nna makgolo a matlhano, go ne ga tla morafe o mongwe o tswa kwa Yuropa. Gompieno baagi ba le bantsi ba New Zealand ba dumela gore ba tswa mo Bajeremaneng le Ba-Polynesia ba ba neng ba fudugela koo. Bontsi jwa batho ba koo ba nna mo ditoropong. Wellington e tsewa e le yone toropo e e di gaisang tsotlhe tse di kwa borwa mo lefatsheng.

Seretse se se belang kwa North Island kwa New Zealand

Seretse se se belang sa kwa North Island

Le fa gone New Zealand e itlhaotse, bajanala ba ka nna dimilione di le tharo ba a e etela ngwaga le ngwaga ka gonne e na le mafelo a a jesang kgakge a a farologaneng a tlhago.

Setlhare se se nang le matlhare a mmala wa selefera

Setlhare se se nang le matlhare a mmala wa selefera, se se kgonang go gola boleele jwa dimitara di feta 10

Nonyane e e sa fofeng e e bidiwang takahe

Go ne go akanngwa gore nonyane e e sa fofeng e e bidiwang takahe ga e tlhole e le gone go fitlha e bonwa gape ka 1948

Naga eno e na le mefuta e e farologaneng ya diphologolo tsa naga tse dintle e bile ke yone e nang le mefuta e e mentsi ya dinonyane tse di sa fofeng mo lefatsheng lotlhe. Gape tuatara, e leng setshedi se se kgonang go tshela dingwaga di le 100 se e ke teng mokgantitswane, se bonwa gone koo! Go na le diphologolo di le mmalwa fela tse di tlwaelegileng tse di jaaka bommamathwane le tse dingwe tse di nnang mo metsing tse di jaaka maruarua le di-dolphin.

Basupi ba ga Jehofa ba na le dingwaga di ka nna 120 ba le gone kwa New Zealand. Ba rera ka dipuo di ka nna 19 go akaretsa se-Niuea, se-Rarotonga, se-Samoa le se-Tonga, e leng dipuo tsa kwa Polynesia.

Ba-maori ba bina

Morafe wa ba-Maori ba bina ba apere diaparo tsa bone tsa setso

A O NE O ITSE?

Leina New Zealand le tswa mo go Zeeland, e leng leina la kgaolo nngwe kwa Netherlands. Leina la se-Maori e leng Aotearoa le kaya “Lefatshe la Leru le Leleele le Lesweu.”

Le fa bontsi jwa batho ba ba nnang kwa New Zealand ba bua Seesemane, ba itumelela go tsosolosiwa ga puo ya bone ya se-Maori e bile ba simololotse go e dirisa le kwa dikolong. Website ya semolao ya Basupi ba ga Jehofa e gone ka puo ya se-Maori.

  • PALO YA BAAGI: 4.7 MILLION

  • MOTSEMOGOLO: WELLINGTON

  • NAGA: KWA NORTH ISLAND GO TLETSE MAKGWAMOLELO E BILE GO BOTHITHO. KWA SOUTH ISLAND GO TLETSE DITHABA TSE DI APESITSWENG KE AESE

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela