LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g18 no. 1 ts. 3
  • Go Senka Tsela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Senka Tsela
  • Tsogang!—2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Itumela ba ba Direlang “Modimo yo o Itumetseng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Kafa re ka Bonang Boitumelo ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2018
  • Boitumelo jwa Boammaaruri Jo Bo Bonwang ka go Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2018
g18 no. 1 ts. 3

TSELA YA GO ITUMELA

Go Senka Tsela

A O AKANYA GORE O MOTHO YO O ITUMETSENG? Fa go le jalo, ke eng se se dirang gore o itumele? A ke lelapa la gago, tiro kgotsa bodumedi? Gongwe o batla go dira sengwe se se ka dirang gore itumele, jaaka go fetsa sekolo, go bona tiro kgotsa go reka koloi.

Batho ba le bantsi ba itumela fa ba fitlhelela sengwe kgotsa ba bona sengwe se ba eletsang go nna le sone. Mme boitumelo joo bo tsaya lobaka lo lokae? Gantsi bo fela ka bonako, mme seo se ka kgoba marapo.

Boitumelo bo tlhalosiwa e le botsogo jo bo siameng jo bo bakwang ke boemo bongwe jo bo nnelang ruri, boikutlo jwa go kgotsofalela sengwe jo bo simololang bo le bonnye go fitlha o itumelela botshelo le keletso ya tlholego ya gore o tswelele o itumetse.

Mo godimo ga moo, e re ka go tlhokega gore motho a tswelele a na le botsogo jo bo siameng, boitumelo bo tlhalosiwa e le loeto. Ka jalo, fa o re: “Ke tla itumela fa . . .” go bontsha gore o beela boitumelo nako e e tlang.

A re bapise boitumelo le botsogo jo bo siameng. A ga re itumele fa re na le botsogo jo bo siameng? Re ja dijo tse di siameng, re a ikatisa e bile ga re tshele botlhaswa. Boitumelo le jone bo tlisiwa ke go tshela ka tsela e e siameng; go tshela ka melaometheo e e siameng.

Ke melao kgotsa melaometheo efe ya botshelo e e dirang gore motho a itumele? Le fa e mengwe e le botlhokwa go gaisa e mengwe, e e latelang le yone e botlhokwa thata:

  • GO KGOTSOFALA LE GO ABELA BA BANGWE

  • BOTSOGO JO BO SIAMENG LE GO ITSHOKA

  • LORATO

  • GO ITSHWARELA

  • GO ITSE GORE O TSHELELA ENG

  • GO NNA LE TSHOLOFELO

Buka nngwe e tlotlegang thata ya botlhale e bua jaana: “Go itumela ba ba se nang molato mo tseleng ya bone.” (Pesalema 119:1) Mma re tlotle ka tsela eo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela