LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g19 no. 2 ts. 6-7
  • Mo Rute go Nna Boikokobetso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mo Rute go Nna Boikokobetso
  • Tsogang!—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MOTHO YO O BOIKOKOBETSO O NTSE JANG?
  • GORENG NGWANA A TLHOKA GO RUTIWA BOIKOKOBETSO?
  • O KA RUTA JANG NGWANA GO NNA BOIKOKOBETSO?
  • Lwela go Nna le Boikokobetso Jwa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa O Tshwanetse go Nna Boikobo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Jehofa o Rata Batho ba ba Boikokobetso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Go Ruta Ngwana go Ikokobetsa
    Tsogang!—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2019
g19 no. 2 ts. 6-7
Mosimane o latlha matlakala

THUTO 2

Mo Rute Go Nna Boikokobetso

MOTHO YO O BOIKOKOBETSO O NTSE JANG?

Motho yo o ikokobeditseng o tlotla batho ba bangwe. Ga a nyatse batho e bile ga a lebelele gore ba mo tseele kwa godimo go sa tlhokege. Ga a nagane gore o itse sengwe le sengwe.

Batho ba na le go akanya gore motho yo o ikokobeditseng o bokoa. Mme seo ga se nnete ka gore motho yo o ikokobeditseng o a itse gore le ene o kgona go dira diphoso e bile ga a lebelela gore batho ba bangwe ba dire dilo tse ba sa di kgoneng.

GORENG NGWANA A TLHOKA GO RUTIWA BOIKOKOBETSO?

  • Batho ba rata motho yo o ikokobeditseng. Buka ya The Narcissism Epidemic ya re: “Motho yo o sa itseeleng kwa godimo o utlwana le batho” ka gonne “o kgona go tlotla le mongwe le mongwe.”

  • Ngwana yo o sa itseeleng kwa godimo o kgona go atlega mo botshelong. Fa ngwana a se mabela, go tla nna motlhofo gore a bone tiro fa a godile. Dr. Leonard Sax a re: “Fa ngwana a itseela kwa godimo thata e bile a akanya gore ene a ka se palelwe ke sepe, a ka nna le bothata ka nako ya fa a bodiwa dipotso pele a hiriwa. Mme ngwana yo o reetsang fa a bodiwa dipotso a bo a di araba sentle, go nna motlhofo gore a hiriwe.”a

O KA RUTA JANG NGWANA GO NNA BOIKOKOBETSO?

Thusa ngwana gore a se ka itseela kwa godimo mme gone a se ka a inyatsa.

BAEBELE YA RE: “Fa mongwe a akanya gore o sengwe fa a se sepe, o tsietsa mogopolo wa gagwe.”—Bagalatia 6:3.

  • Se rute ngwana go ijesa dijo tsa ditoro. Mafoko a a jaaka “O ka se palelwe ke sepe mo botshelong” le “O ka kgona go nna sengwe le sengwe fela se o se batlang mo botshelong,” a ka tswa a buiwa e le go leka go kgothatsa ngwana, mme gantsi a dira gore a ijese dijo tsa ditoro. Ngwana a ka atlega mo botshelong fa fela a bereka ka thata.

  • Mo akgole fa a dirile sengwe se sentle. Ngwana yo o tlholang a akgolwa fela le fa a sa dira sepe se sentle, o feleletsa a le mabela. Mme gone fa ngwana a dirile sengwe se sentle, mo akgole.

  • Thusa ngwana gore a se ka a fetsa nako e ntsi mo Internet. Gantsi batho ba mo Internet ba kgothaletsa batho go nna mabela ka gonne ba rata go bua thata ka dilo tse ba kgonang go di dira le tse ba di fitlheletseng.

  • Ruta ngwana gore a ithute go kopa maitshwarelo. Ruta ngwana gore fa a dirile phoso, a e amogele e bile a kope maitshwarelo ka bonako.

Mo rute go leboga.

BAEBELE YA RE: “Itshupeng lo na le tebogo.”—Bakolosa 3:15.

  • Mo rute go leboga Modimo ka dilo tse a di bopileng. Bana ba tshwanetse go rutiwa gore ba leboge Modimo ka dilo tsa tlholego tse di jaaka mowa, metsi le dijo. Ba rute gore dilo tsotlhe tse dintle tse ba di bonang mo lefatsheng, di dirilwe ke Modimo.

  • Mo rute go rata batho. Ruta ngwana gore go na le dilo tse batho ba bangwe ba kgonang go di dira tse ene a sa kgoneng go di dira le gore a se ka a fufegela batho go na le moo, a ithute mo go bone.

  • Mo rute go leboga. Ruta ngwana gore fa a newa selo, a se ka a lebala go leboga. Motho yo o lebogang ga a nne mabela.

Ruta ngwana botlhokwa jwa go thusa batho ba bangwe.

BAEBELE YA RE: “Ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona, lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”—Bafilipi 2:3, 4.

  • Ruta ngwana tiro ya mo lapeng. Fa o raya ngwana wa gago o re ga a tlhoke go go thusa ka tiro ya mo gae, a ka feleletsa a akanya gore o botlhokwa thata. Mo rute gore tiro ya mo lapeng e tshwanetse go dirwa pele a ya go tshameka. Mo tlhalosetse gore fa a dira tiro e a e neilweng, o thusa ba bangwe e bile o thusa gore dilo di tsamaye sentle mo lapeng.

  • Mo rute gore fa a bona motho a tlhoka thuso, a mo thuse. Fa ngwana a thusa batho ba bangwe, seo se bontsha gore o godisitswe sentle. Ka jalo, mo rute gore a kgone go lemoga batho ba ba tlhokang thuso mme a ba thuse. Mo tlhalosetse gore a ka ba thusa jang. Mo akgole fa o mmona a thusa ba bangwe.

a Go tswa mo bukeng ya The Collapse of Parenting.

Mosimane o latlha matlakala

MO RUTE GONE JAANONG

Ngwana yo o ithutang go dira ditiro tse batho ba di tseelang kwa tlase, o tla kgona go bereka le batho ba bangwe fa a setse a godile

Ba Tlhomele Sekao

  • A ke bolelela banake gore ka dinako tse dingwe le nna ke tlhoka go thusiwa?

  • A ke bua bontle ka batho ba bangwe kgotsa a ke tlhola ke bua maswe fela ka bone?

  • A banake ba a bona gore ke rata go thusa batho ba bangwe?

Se re Se Dirileng . . .

“Ngwana wa rona wa mosetsana o ile a re bolelela gore go na le ngwana yo mongwe mo tlelaseng ya bone yo o ratang go kgerisa bana ba bangwe e bile bana ba bantsi ga ba mo rate. Ke ile ka mmolelela gore gongwe go na le sengwe se se diragalelang ngwana yoo kwa gabone se bana ba bangwe ba ka tswang ba sa se itse. Gape ke ile ka mmolelela gore go na le bana ba ba nnang mo malapeng a go nang le mathata mo go one. Seo se thusitse ngwanake go bona gore a se ka a akanya gore o botoka go na le bana ba bangwe, ke fela gore ene mo gabone ga go na mathata a makalo.”—Karen.

“Re bolelela bana ba rona gore ba ithute fa ba le kwa sekolong mme ba se ka ba ipapisa le batho ba bangwe. Le rona re ba bolelela gore ga re kitla re ba bapisa le bana ba bangwe.”—Marianna.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela