LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g19 no. 2 ts. 12-13
  • Botlhokwa Jwa go Thusiwa ke Motho yo o Godileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botlhokwa Jwa go Thusiwa ke Motho yo o Godileng
  • Tsogang!—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MOTHO YO O GODILENG A KA THUSA NGWANA JANG?
  • GORENG GO LE BOTLHOKWA GORE BANA BA THUSIWE KE MOTHO YO O GODILENG?
  • MOTSADI A KA THUSA BANA JANG?
  • O ka Gakolola Bana ba Gago Jang?
    Go Thusa Lelapa
  • Bosha—Go Ipaakanyetsa go Nna Mogolo
    Tsogang!—2011
  • Kgakololo e e Molemo ya go Godisa Bana
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Dipotso Tse Batsadi ba di Botsang
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2019
g19 no. 2 ts. 12-13
Mogolo o bontsha ngwana fotho ya gagwe ya bogologolo

THUTO 5

Botlhokwa Jwa go Thusiwa Ke Motho yo o Godileng

MOTHO YO O GODILENG A KA THUSA NGWANA JANG?

Bana ba tlhoka motho yo o godileng gore a ba gakolole le go ba kaela mo botshelong. Fa o le motsadi, ke wena o kgonang go thusa bana ba gago, tota e bile ke boikarabelo jwa gago. Mme go na le batho ba bangwe ba ba godileng ba le bone ba kgonang go thusa bana ba gago.

GORENG GO LE BOTLHOKWA GORE BANA BA THUSIWE KE MOTHO YO O GODILENG?

Mo mafelong a mangwe, ga se gantsi o bonang bana ba dutse kgotsa ba tlotla le bagolo. Akanya ka seno:

  • Bana ba fetsa nako e ntsi kwa sekolong ba na le baithuti ba bangwe go na le go fetsa nako e ntsi le barutabana ka gonne baithuti ba bantsi go na le barutabana.

  • Fa bana ba bangwe ba fitlha kwa gae, ga ba fitlhele ope ka gonne batsadi ba tla bo ba ile tirong.

  • Mo patlisisong e e ileng ya dirwa kwa United States, go fitlhetswe gore bana ba dingwaga tse di magareng ga 8 le 12 ba fetsa diura di ka nna thataro ba lebile thelebishene, ba reeditse mmino kgotsa ba tshameka di-video game.a

Buka ya Hold On to Your Kids ya re: “Gone jaanong basha ga ba tlhole ba kopa kgakololo mo batsading, mo barutabaneng kgotsa mo bathong ba bangwe ba ba godileng, go na le moo  . . . ba e kopa mo dithakeng tsa bone.”

MOTSADI A KA THUSA BANA JANG?

Ipheng nako le bana ba lona.

BAEBELE YA RE: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.”—Diane 22:6.

Gantsi bana ba kopa batsadi fa go na le sengwe se ba tlhokang go thusiwa ka sone. Tota e bile, bomankge ba re bana ba dingwaga tse di magareng ga 13 le 19 ba rata go kopa kgakololo thata mo batsading ba bone go na le mo dithakeng tsa bone. Dr. Laurence Steinberg o ile a kwala jaana mo bukeng ya You and Your Adolescent: “Le fa ngwana a setse a godile, batsadi ba gagwe ba sa ntse ba na le tlhotlheletso e kgolo thata mo tseleng e a dirang dilo ka yone. Bana ba tseela tlhogong dilo tse batsadi ba bone ba di buang e bile ba a ba reetsa le fa ba sa dumalane le sengwe le sengwe se batsadi ba se buang kgotsa ka dinako tse dingwe ba na le go itira e kete ga ba reetse batsadi ba bone.”

Fa bana ba sa ntse ba go reetsa e bile ba tseela tlhogong dilo tse o di buang, dirisa tshono eno go ba ruta dithuto tsa botlhokwa. Ka jalo, iphe nako le bone gore o kgone go ba gakolola le go ba bolelela ka maitemogelo a gago a botshelo.

Kopa mongwe gore a itsalanye le bana ba gago.

BAEBELE YA RE: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20.

A go na le mogolo mongwe yo o mo itseng yo o batlang gore bana ba gago ba etse sekao sa gagwe? Gongwe o ka rulaganya gore ngwana wa gago a etele motho yoo. Seo ga se reye gore jaanong o tshwanetse go rwesa motho yoo maikarabelo a gago. Mme gone, go a thusa fa go na le mogolo yo mongwe yo o tlang a go thusa go kaela bana ba gago. Le fa moaposetoloi Paulo a ne a le mogolo mo go Timotheo, o ile a kgona go thusa Timotheo fela thata mme le ene Timotheo o ile a mo thusa.—Bafilipi 2:20, 22.

Gone jaanong malapa a mantsi ga a tlhole a nna gaufi, ka sekai bomalome, borakgadi le ba losika ba ka tswa ba nna kgakala thata. Fa le wena o lebane le seemo se se ntseng jalo, leka go batlela bana ba gago mogolo mongwe yo o ka ratang gore ba etse sekao sa gagwe.

a Patlisiso eo ya re bana ba dingwaga tse di magareng ga 13 le 19 ba fetsa diura di le robonngwe ka letsatsi ba lebile thelebishene, ba reeditse mmino kgotsa ba tshameka di-video game. Diura tseo ga di kopanyeletse diura tse bana bano ba di fetsang ba dira dipatlisiso ka tiro ya sekolo mo Internet, ba ka tswa ba le kwa sekolong kgotsa ba le kwa gae.

Mogolo o bontsha ngwana fotho ya gagwe ya bogologolo

MO RUTE GONE JAANONG

Gantsi fa bana ba ithuta mo bathong ba ba godileng ba nna botlhale e bile ba dira ditshwetso tse di siameng fa ba godile

Ba Tlhomele Sekao

  • A ke tlhomela banake sekao se se molemo?

  • A banake ba a itse gore le nna go na le batho ba ba godileng ba ke tleng ke kope thuso mo go bone?

  • A ke bontsha banake gore ke ba tsaya ba le botlhokwa thata ka go ipha nako le bone?

Se re Se Dirileng . . .

“Ka dinako tse dingwe fa ke tshwaregile ka sengwe, morwadiake o tla bo a re o kopa go bua le nna. Ke leka go mmontsha gore ke batla go mo reetsa, tota le fa ke tshwanelwa ke go mo kopa metsotso e le mmalwa fela gore ke feleletse se ke se dirang gore ke kgone go mo reetsa sentle. Nna le mosadi wa me re leka go mo tlhomela sekao se sentle gore a bone gore ga re mmolelele gore a dire dilo tse rona re palelwang ke go di dira.”—David.

“Nna le monna wa me re ile ra dira tshwetso ya gore fa morwadiarona a sena go tsholwa, ke tla tlogela go bereka gore ke nne mo gae ke mo tlhokomele. Ga ke ikwatlhaele tshwetso eo. Go botlhokwa thata gore batsadi e nne bone ba godisang bana ba bone gore ba kgone go ba ruta dithuto tsa botlhokwa mo botshelong. Fa o dira jalo, ngwana o tla bona gore o a mo rata.”—Lisa.

GO FETSA NAKO LE BAGOLO

“Bana ba rona ba goletse mo gare ga bagolo ba ba nang le maitemogelo a a farologaneng a botshelo mme seo se ba thusitse fela thata. Ka sekai, ba ne ba maketse fa nkoko wa me a ba bolelela gore lelapa la bone ke lone la ntlha go nna le motlakase. Gape o ile a ba bolelela gore batho ba mo motseng ba ne ba tlhola ba tla kwa gabone gore fela ba eme mo kitšhineng mme ba bone fa lobone lo tshubiwa lo bo lo timiwa. Banake ba ile ba kgona go lemoga gore botshelo bo ne bo ntse jang bogologolo. Gape seo se dirile gore ba tlotle batho ba ba godileng. Fa bana ba ipha nako ya go tlotla le bagolo e seng fela go fetsa nako e ntsi le dithaka tsa bone, ba kgona go ithuta dilo tse dintsi tota mo botshelong.”—Maranda.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela