LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g20 no. 1 ts. 4
  • Ke eng se se Dirang Gore Batho ba Nne le Seterese?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke eng se se Dirang Gore Batho ba Nne le Seterese?
  • Tsogang!—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ngomoga Pelo—Dilo Tse di Bakang Bothata Jono le Ditlamorago Tsa Jone
    Tsogang!—2005
  • Go Ngomoga Pelo go go Siameng le go go Kotsi
    Tsogang!—1998
  • Go Laola go Ngomoga Pelo
    Tsogang!—2010
  • Nka Fenya Jang go Gatelelwa Maikutlo Kwa Sekolong?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2020
g20 no. 1 ts. 4

ITUMELELE BOTSHELO O SE NA SETERESE

Ke Eng se se Dirang Gore Batho ba Nne le Seterese?

Pego nngwe ya Mayo Clinic ya re: “Go bonala batho ba le bantsi ba ba godileng ba nna le seterese go ya pele. Gompieno botshelo ga bo a tlhomama mme go nna go ntse go nna le diphetogo.” Ela tlhoko diphetogo dingwe tse di dirang gore batho ba nne le seterese:

  • tlhalo

  • go swelwa ke mongwe

  • go lwala thata

  • go tlhagelwa ke kotsi

  • bokebekwa

  • go diragalelwa ke dilo tse dintsi ka nako e le nngwe

  • masetlapelo a tlholego le a a bakiwang ke batho

  • go gatelelwa kwa sekolong le kwa tirong

  • go tshwenyega ka go tlhoka tiro le madi

Mokgatlho wa American Psychological Association wa re: “Go latlhegelwa ke tiro go ka dira gore motho a lwale, a nne le mathata a lenyalo, a tlhobaele, a gatelelwe mo maikutlong e bile a batle le go ipolaya. Go latlhegelwa ke tiro go ka tlhakatlhakanya botshelo jwa motho.”

GO NNA LE SETERESE O SA NTSE O LE MONNYE

Go tlwaelegile gore bana ba nne le seterese. Bana bangwe ba a kgerisiwa kwa sekolong e bile ba bangwe ga ba tlhokomelwe kwa gae. Ba bangwe ba itewa mo go botlhoko, ba sotliwa mo maikutlong, le go sotliwa ka tlhakanelodikobo. Ba bangwe ba tlhobaela ka ditlhatlhobo tse ba tla di kwalang le gore a ba tla falola kwa sekolong. Ba bangwe ba tshwenngwa ke go bona batsadi ba bone ba tlhalana. Bana ba ba nang le seterese ba nna le ditoro tse di botlhoko, ba nna le mathata a go ithuta kwa sekolong, ba gatelelwa mo maikutlong mme gape ba batla go nna ba le nosi. Ba bangwe go thata gore ba laole maikutlo a bone. Bana ba ba nang le seterese, ba tlhoka thuso ka bonako.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela