LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g22 no. 1 ts. 7-9
  • 2 | Tlhokomela se o Itshedisang ka Sone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 2 | Tlhokomela se o Itshedisang ka Sone
  • Tsogang!—2022
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GORENG GO LE BOTLHOKWA?
  • Se o Tlhokang go se Itse
  • Se o Ka se Dirang Gone Jaanong
  • O ka Kgona Jang go Itshedisa ka Madi a Mannye?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Tsela ya go Tila Dikoloto
    Tsogang!—1997
  • Dirisa Madi a Gago Sentle
    Tsogang!—2025
  • Go Dirisa Madi Sentle
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2022
g22 no. 1 ts. 7-9
Mmetli a kokotela sepekere.

LEFATSHE LE TLHAKATLHAKANE

2 | Tlhokomela se o Itshedisang ka Sone

GORENG GO LE BOTLHOKWA?

Letsatsi le letsatsi batho ba le bantsi ba a sokola ka gonne ga ba na dilo tse ba di tlhokang. Se se utlwisang botlhoko ke gore mathata a a mo lefa-tsheng a ka dira gore botshelo bo nne bokete le go feta. Goreng re rialo?

  • Fa go na le mathata mangwe mo lefelong lengwe dijo le rente di tura thata.

  • Mathata a ka dira gore batho ba senyegelwe ke ditiro le gore go nne thata go bona tiro kana a dira gore ba se ka ba amogela madi a ba neng ba a amogela pele.

  • Masetlapelo a ka senya dikhampani tsa batho, matlo a bone kgotsa dilo tse dingwe tse ba nang le tsone. Seno se ka dira gore ba humanege.

Se o Tlhokang go se Itse

  • Fa o dirisa madi a gago sentle a ka go thusa ka nako ya fa o na le mathata.

  • O se ka wa lebala gore madi a o a amogelang, madi a o a bayang le dilo tse o nang le tsone ga di nnele ruri.

  • Madi ga a ka ke a dira gore motho a itumele kgotsa a dira gore go nne le kutlwano mo lelapeng.

Se o Ka se Dirang Gone Jaanong

Se Baebele e se buang: “E re ka re na le dijo le diaparo, re tla kgotsofalela dilo tseno.”​—1 Timotheo 6:8.

Fa re kgotsofalela se re nang le sone re tla itumela. Seno se botlhokwa le go feta fa re sa tlhole re na le madi a re neng re na le one pele.

Gore o kgone go kgotsofala mo botshelong, o tshwanetse go ithuta go se dirise madi a mantsi. Fa o nnela go reka dilo tse o se nang madi a tsone, o a go nna le mathata a mantsi le go feta.

SE SE KA GO THUSANG​—Dikakantsho

Ka dinako tsa mathata, tlhokomela se o itshedisang ka sone

FOKOTSA DITSHENYEGELO

  • Mmê yo o godileng o ntsha digwete mo tshingwaneng ya gagwe.

    Dira bajete

    O se ka wa reka dilo tse o sa di tlhokeng. Ipotse gore: ‘A ke tlhoka go reka koloi? A nka lema merogo go na le gore ke e reke?’

  • Pele o reka sengwe ipotse jaana: ‘A ke a se tlhoka? A ke na le madi a go se reka?’

  • Fa go kgonega, tsenya kopo ya gore puso kgotsa mekgatlho mengwe e e thusang batho e go thuse ka madi.

“Re ne ra nna fa fatshe re le lelapa gore re bue ka tsela e re tshelang ka yone. Re ne ra fokotsa madi a re a dirisang go itlosa bodutu. Gape re ne ra simolola go reka dijo tse di sa jeng madi a mantsi.”​—Gift.

DIRA BAJETE

Mosadi a bala ditshenyegelo tsa gagwe.

Fokotsa ditshenyegelo

Se Baebele e se buang: “Dithulaganyo tsa motho yo o dirang ka natla di dira gore a atlege, mme botlhe ba ba dirang dilo ka mafega ba feleletsa ba humanegile.” (Diane 21:5) Bajete e tla go thusa gore o se ka wa dirisa madi a a fetang a o a amogelang.

  • Simolola ka go kwala madi a o tla bong o na le one mo kgweding eo.

  • Go tswa foo, kwala dilo tse o tlhokang go di duelela kgwedi le kgwedi o bo o sekaseka gore o ntse o dirisa madi jang.

  • Lebelela gore a madi a o a amogelang a tla kgona go duelela ditshenyegelo tsa gago. Fa e le gore seo ga se kgonege fokotsa dilo tse o sa di tlhokeng.

“Kgwedi le kgwedi re lebelela gore re amogela bokae le gore ditshenyegelo tsa rona ke bokae. Re leka go baya madi a a tla re thusang fa re ka kopana le mathata a re neng re sa a lebelela le a gape a tla re thusang go reka dilo tse re tla di tlhokang mo nakong e e tlang. Fa re dira jaana go re thusa gore re se ka ra tlhobaela thata ka gore re setse re itse gore re a go dirisa madi a rona jang.”​—Carlos.

BAYA MADI

  • Mama o ruta ngwana wa gagwe go boloka madi.

    Se tsene mo dikolotong

    Fokotsa dikoloto. Fa go kgonega leka gore o se ka wa kolota sepe. Fa o batla go reka sengwe baya madi a sone.

  • Kgwedi le kgwedi leka go baya madi a dilo tse o tla di rekang mo nakong e e tlang le a mathata a a ka nnang a tlhaga.

DIRA KA NATLA

Se Baebele e se buang: “Tiro nngwe le nngwe ya bonatla e solegela molemo.”​—Diane 14:23.

  • Mmetli a kokotela sepekere.

    Dira ka natla

    Rata tiro ya gago tota le fa e le gore ga se tiro e o ka bong o itlhophetse yone, ka gonne e go naya madi a o a tlhokang.

  • Dira ka natla gore o nne motho yo o ka ikanngwang. Go tla go thusa gore o nne o na le tiro mme fa o ka senyegelwa ke tiro go tla go thusa gore o kgone go bona e nngwe motlhofo.

“Ke amogela tiro nngwe le nngwe fela, tota le fa ke sa rate tiro ya teng kgotsa madi a teng a le kwa tlase ga se ke neng ke se lebeletse. Ke leka go ikanyega ka metlha le go dira tiro e ntle jaaka e kete ke a itirela.”​—Dmitriy.

Se o ka se dirang fa o batla tiro . . .

  • Leletsa dikhampani o di bolelele gore o batla tiro, tota le fa di sa kwala gore di batla motho. Bolelela ba masika le ditsala gore o batla tiro.

  • Amogela tiro nngwe le nngwe fela e o e bonang.

Batsadi ba tlotla ka ditshenyegelo tsa bone fa bana ba ntse ba tshameka kwa ntle.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG. Bala setlhogo se se reng “How to Live on Less.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela