LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g25 no. 1 ts. 4-5
  • Amogela Maemo Jaaka a Ntse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Amogela Maemo Jaaka a Ntse
  • Tsogang!—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BOTLHOKWA JWA GO AMOGELA MAEMO JAAKA A NTSE
  • SE O KA SE DIRANG
  • Go Tlhatloga ga Ditlhwatlhwa—Baebele e a Reng ka Gone?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Diteng
    Tsogang!—2025
  • Nna le Tsholofelo
    Tsogang!—2025
  • Dirisa Madi a Gago Sentle
    Tsogang!—2025
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2025
g25 no. 1 ts. 4-5
Ditshwantsho: 1. Mosadi mongwe o kwa mmaketeng o tshwere tamati. 2. O duelela dilo tse a di rekileng.

SE O KA SE DIRANG FA DILO DI NTSE DI TURA LE GO FETA

Amogela Maemo Jaaka a Ntse

Fa ditlhwatlhwa di tlhatloga ka iketlo, re ka nna ra se ka ra lemoga seo, segolobogolo fa lotseno lwa rona le lone lo oketsega. Le fa go ntse jalo, fa ditlhwatlhwa di tlhatloga ka bonako, mme lotseno lwa rona lone lo sa oketsege, re ka nna ra simolola go tlhobaela kgotsa go nna le seterese, segolobogolo fa re na le lelapa le re tshwanetseng go le tlhokomela.

Ga re ka ke ra kgona go thibela dilo gore di se ka tsa tura. Mme gone, fa re amogela gore eo ke tsela e maemo a leng ka yone, seo se tla re solegela molemo.

BOTLHOKWA JWA GO AMOGELA MAEMO JAAKA A NTSE

Batho ba ba amogelang maemo ano a go oketsega ga ditlhwatlhwa jaaka a ntse, go nna motlhofo mo go bone gore . . .

  • ba nne ba ritibetse. Fa re ritibetse, re kgona go akanya sentle le go dira ditshwetso tse di siameng.

  • ba tile mekgwa e e sa siamang. Ka sekai, go tla bo go se botlhale gore re itlhokomolose go duela dibili e bile go tla bo go se botlhale go reka dilo tse re sa di tlhokeng.

  • ba tile go ngangisana le ba malapa a bone ka madi.

  • ba batle ditsela tsa go lepalepana le maemo, tse di ka akaretsang go reka dilo tse tota ba di tlhokang le go sa dirise madi a mantsi go sa tlhokege.

SE O KA SE DIRANG

Ikemisetse go fetofetoga le maemo. Ka dinako tsa fa ditlhwatlhwa di tlhatloga thata, go tla bo go le botlhale gore re leke go fokotsa tsela e re dirisang madi ka yone, fa go kgonega. Batho bangwe ba leka go tshela botshelo jo ba sa bo kgoneng, mme seo se dira gore maemo a bone a nne thata le go feta. Ka ntlha ya seo, ba feleletsa ba ikimetsa. Fa e le gore o na le lelapa o ka tswa o tshwenyega ka go ba tlamela, mme go a utlwala gore o tshwenyege ka seo. Le fa go ntse jalo, nna o gopotse gore go feta sepe fela, ba lelapa la gago ba tlhoka gore o ba bontshe lorato, o iphe nako le bone e bile o ba bontshe gore o a ba kgatlhegela.

“A ditlhobaelo tsotlhe tsa gago di ka oketsa botshelo jwa gago ka nakonyana? Le go ka!”​—Luke 12:25, New Living Translation.

“Le ka motlha lo se ka lwa tlhobaela ka letsatsi le le latelang, ka gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le na le mathata a lone.”​—Mathaio 6:34.

Go leka go tshela botshelo jo o sa bo kgoneng, go dira gore maemo a nne thata le go feta

Phazilya.

“Jaaka Baebele e boleletse pele mo go 2 Timotheo 3:1, re tshela mo ‘dinakong tse di thata e bile di le kotsi.’ Ka jalo, ga ke gakgamale fa ditlhwatlhwa tsa dilo di oketsega. Ke leka go tila go dirisa madi mo dilong tse tota ke sa di tlhokeng.”​—Phazilya, Azerbaijan.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela