LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g25 no. 1 ts. 6-9
  • Dirisa Madi a Gago Sentle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dirisa Madi a Gago Sentle
  • Tsogang!—2025
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BOTLHOKWA JWA GO DIRISA MADI SENTLE
  • SE O KA SE DIRANG
  • O ka Kgona Jang go Itshedisa ka Madi a Mannye?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • 2 | Tlhokomela se o Itshedisang ka Sone
    Tsogang!—2022
  • Tsela ya go Tila Dikoloto
    Tsogang!—1997
  • Nka Laola Jang Tsela e ke Dirisang Madi ka Yone?
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2025
g25 no. 1 ts. 6-9
Ditshwantsho: 1. Monna le mosadi ba ntse fa tafoleng ba tlotla ka maemo a bone a tsa madi mme morwadiabone o ntse gaufi le bone mo kitšhining. 2. Ba butse calculator mo founong. Founo ya teng e mo godimo ga dipampiri tsa dibili le dirasiti.

SE O KA SE DIRANG FA DILO DI NTSE DI TURA LE GO FETA

Dirisa Madi a Gago Sentle

Fa ditlhwatlhwa tsa dilo di tlhatloga thata, rotlhe re a amega. Mme gone, ga o tlhoke go itlhoboga. Go ka tswa go na le dilo tse o ka di dirang go tokafatsa maemo a gago.

BOTLHOKWA JWA GO DIRISA MADI SENTLE

Fa o sa leke go dirisa madi a gago sentle, seo se ka go bakela mathata a a oketsegileng a tsa madi. Tota le fa o se na madi a mantsi, go na le dilo dingwe tse o ka di dirang go tokafatsa maemo a gago.

SE O KA SE DIRANG

O se ka wa reka dilo tse o se nang madi a go di duelela. Fa o dira jalo, o tla ritibala e bile o tla kgona go nna o ipaakayeditse go duelela dilo dingwe tse o ka di tlhokang ka tshoganyetso.

E le gore o se ka wa reka dilo tse o se nang madi a go di duelela, dira bajete. Kwala madi a gago a lotseno o bo o kwala le dilo tse o tla tlhokang go dirisa madi mo go tsone. Fa o ntse o sekaseka bajete ya gago, tlhomamisa gore o tsenya fela dilo tse tota o di tlhokang. Go tswa foo, dira bojotlhe gore o se ka wa dirisa madi a a fetang a o rulagantseng gore o tla a dirisa. Mme fa lotseno lwa gago kgotsa ditlhwatlhwa di fetoga, o ka fetola bajete ya gago. Ke boammaaruri gore fa e le gore o nyetse kgotsa o nyetswe, o tla akaretsa molekane wa gago fa o dira ditshwetso dipe fela.

Leka seno: Go na le go reka dilo ka sekoloto, fa go kgonega leka go duelela dilo tse o batlang go di reka. Bangwe ba lemogile gore go dira jalo go ba thusa gore ba se ka ba feta bajete ya bone le gore ba se ka ba nna le dikoloto. Gape, iphe nako ya go sekaseka diteitemente tsa gago tsa banka. Fa o itse gore o na le bokae, go tla nna motlhofo go itse gore o tla dirisa madi a a kana kang.

Go ka nna thata gore o se ka wa dirisa madi a mantsi go sa tlhokege. Mme gone, go dira bajete go ka go thusa thata. Gape seo se ka dira gore o se ka wa tlhobaela thata ka madi.

“Bala ditshenyegelo.”​—Luke 14:28.


Dira bojotlhe gore o se ka wa latlhegelwa ke tiro. Ke dilo dife tse o ka di dirang gore o se ka wa latlhegelwa ke tiro? Dingwe tsa tsone ke tseno: Goroga ka nako kwa tirong. Nna le boikutlo jo bo siameng ka tiro ya gago. Bontsha ba bangwe gore o batla go ba thusa e bile o dire ka natla. Tlotla ba bangwe. Latela ditaelo e bile o tokafatse bokgoni jwa gago.


Tila go senya madi. Ipotse gore, ‘A gantsi ke dirisa madi a mantsi go reka dilo tse di seng botlhokwa kgotsa tse di leng kotsi mo go nna?’ Ka sekai, batho ba le bantsi ba senya madi a ba a bereketseng ka thata ka go reka diokobatsi, go betšha, go goga motsoko kgotsa ka go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Mekgwa eno e ka ama botsogo jwa bone e bile e ka dira gore ba latlhegelwe ke tiro.

“Go itumela motho yo o bonang botlhale . . . Go nna le jone go botoka go gaisa go nna le selefera.”​—Diane 3:13, 14.


Boloka madi a o tla a dirisetsang maemo a tshoganyetso. Fa go kgonega, boloka madinyana a o ka a dirisang go reka dilo tse o ka di tlhokang ka tshoganyetso kgotsa a o tla a dirisang fa go tlhaga maemo a mangwe a o sa a lebelelang. Go dira jalo go tla go thusa gore o se ka wa tlhobaela fa wena kgotsa mongwe mo lelapeng a ka lwala, a latlhegelwa ke tiro kgotsa fa go ka direga sengwe fela se lo sa se lebelelang.

‘Rotlhe re diragalelwa ke dilo tse re sa di lebelelang ka nako e re sa e lebelelang.’​—Moreri 9:11.

Dikakantsho Tsa go Boloka Madi

Lebotlolo la galase le le tletseng di-coin.

Bontsi jwa nako, apaya dijo kwa gae.

Go ja gantsi kwa diresetšhurenteng kgotsa go reka dijo tse di setseng di apeilwe le dinô go ka tura thata. Le fa gone go apaya dijo kwa gae go tlhoka nako le matsapa, seo se ka boloka madi a mantsi. Gape o tla kgona go tlhomamisa gore dijo tse o di apayang ke tsa boleng jo bo siameng.

Nna kelotlhoko fa o reka dijo.

  • Dira lenaane la dilo tse o tlhokang go di reka, mme o reke tsone fela. Tila go reka dilo tse o neng o sa rulaganya go di reka.

  • Reka dilo ka bontsi fa ditlhwatlhwa tsa tsone di le kwa tlase, fa e le gore bajete ya gago e go letla go dira jalo. Le fa go ntse jalo, tlhomamisa gore o na le lefelo le o tla bayang dijo tse di senyegang ka bonako mo go lone.

  • Akanyetsa go reka dilo tse di sa tureng fa e le gore ke tsa boleng jo bo siameng.

  • Reka dilo tsa tlhwatlhwa e e kwa tlase o dirisa Internet gore o tile go reka sengwe se o neng o sa ikaelela go se reka fa o ka bo o ne o ile kwa shopong ka namana e bile o ele tlhoko tsela e o dirisang madi ka yone. Fa e le gore mo lefelong le o nnang mo go lone go a kgonega go reka dilo o dirisa Internet, a o ka leka go e dirisa?

  • Batla dilo tse di mo seiling e bile o dirise dikhupone fa di le gone. Bapisa ditlhwatlhwa tsa dishopo tse di farologaneng.

Akanya pele ga o reka dilo tse o setseng o na le tsone.

Dikhampani tse di dirang difouno le dilo tse dingwe, di nna di dira dilo tse disha e le fela gore di oketse lotseno lwa tsone. Ka jalo, ema go se kae mme ipotse jaana: ‘A tota ke tlhoka go reka sedirisiwa sa eleketeroniki se sesha? Fa go le jalo, a ke se tlhoka gone jaanong? Mme gone, a ke tlhoka go reka sa modiro o mosha?’

Baakanya dilo tse o nang le tsone mme o di dirise gape.

Tlhokomela didirisiwa tsa gago gore di kgone go tsaya lobaka lo loleele, mme fa di senyega, di baakanye fa e le gore go dira jalo ga go je madi a mantsi. Gape o ka akanyetsa go reka dilo tse batho ba bangwe ba di dirisitseng.

Itemele dijo.

A o ka batla lefelo lengwe mo jarateng le o ka lemang dijo mo go lone? Seo se tla go thusa go fokotsa madi a o a dirisetsang go rekela lelapa la gago dijo e bile o ka kgona go lema sengwe se o ka se ananyang, se o ka se rekisang kgotsa se o ka se abelang ba bangwe.

“Dithulaganyo tsa motho yo o dirang ka natla di dira gore a atlege.”​—Diane 21:5.

Di-credit card.

“Gantsi re sekaseka ditlhwatlhwa tsa dilo tse re tlwaetseng go di reka e bile re ela tlhoko tsela e re dirisang di-credit card tsa rona ka yone.”​—Miles, England.

Notebook, pene le di-key tsa koloi.

“Pele ga re ya go reka dijo, nna le mosadi wa me le bongwanake, ka metlha re dira lenaane la dilo tse re di tlhokang.”​—Jeremy, U.S.A.

Diary le calculator.

“Re nna re fetofetola bajete ya lelapa la rona re ikaegile ka maemo a ikonomi e bile re baya madi mangwe a re tla a dirisang fa go tlhaga maemo a re sa a lebelelang.”​—Yael, Israel.

Sepanere le screwdriver.

“Re rutile bana ba rona go baakanya dilo fa di senyegile go na le go reka tse disha. Seno se akaretsa koloi ya rona le dilo tse dingwe tse re nang le tsone. Nna le mosadi wa me re leka ka natla go tila go reka dilo tsa bosheng.”​—Jeffrey, U.S.A.

“Ke fokoditse ditshenyegelo tsa me ka go lema merogo le go rua dikoko. E bile ke kgona go abela batho ba bangwe merogo e ke e jadileng.”​—Hono, Myanmar.

Mosadi mongwe o kgetla merogo e e farologaneng mo tshingwaneng ya gagwe.
    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela