SE O KA SE DIRANG FA DILO DI NTSE DI TURA LE GO FETA
Nna le Tsholofelo
A mo nageng e o nnang mo go yone ditlhwatlhwa tsa dilo di kwa godimo thata go feta madi a gago a lotseno? A o tshwenyegile ka go itlamela mmogo le ba lelapa la gago? Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa tlhobaela ka bokamoso jwa gago. Mme gone, tota le mo maemong ao a a thata, go nna le tsholofelo go botlhokwa thata.
BOTLHOKWA JWA GO NNA LE TSHOLOFELO
Batho ba ba nang le tsholofelo ga ba eletse fela gore go direge dilo tse di molemo. Tsholofelo e ba tlhotlheletsa go dira sotlhe se ba ka se kgonang go tokafatsa maemo a bone. Ka sekai, dipatlisiso di bontsha gore batho ba ba nang le tsholofelo . . .
gantsi ba kgona go itshokela maemo a a thata botoka
ba kgona go dira diphetogo fa go tlhokega
ba dira ditshwetso se di siameng tse di ba thusang go nna le botsogo jo bo siameng le go tshela botshelo jo bo botoka
SE O KA SE DIRANG
Sa ntlha, sekaseka kafa Baebele e ka go thusang ka gone gompieno. Baebele e na le dikakantsho tse di ka go thusang go lepalepana le ditlhwatlhwa tse di ntseng di tlhatloga. Dikakantsho tseno di ka go thusa gore o se ka wa itlhoboga, mme o lemoge gore go na le sengwe se o ka se dirang gone jaanong, le mo nakong e e tlang fa maemo a nna thata.
Sa bodedi, sekaseka se Baebele e se buang ka bokamoso. Fa o lemoga gore dikgakololo tse di mo Baebeleng di botlhokwa, o tla batla go ithuta mo go oketsegileng ka se e se buang ka bokamoso. Ka sekai, o tla ithuta gore Modimo o batla gore o nne le “bokamoso le tsholofelo” e bile o tla ithuta gore o re neile lebaka la go dumela mo tsholofetsong eo. (Jeremia 29:11) Lebaka leo ke Bogosi Jwa Modimo.
BOGOSI JWA MODIMO KE ENG, MME BO TLA DIRA ENG?
Bogosi Jwa Modimo ke puso e e tla laolang lefatshe lotlhe. (Daniele 2:44; Mathaio 6:10) Fa bo setse bo busa, ga go na ope yo o tla bong a boga kgotsa a humanegile. Mongwe le mongwe o tla bo a tshela ka kagiso e bile a na le sengwe le sengwe se a se tlhokang gore a itumele, fela jaaka ditemana tse di latelang di bontsha.
Batho ba le dimilione ba dumela ditsholofetso tseo ka gonne ba tlhatswegile pelo gore Modimo “[ga a ka ke] a aka.” (Tito 1:2) Ka jalo, goreng o sa iphe nako ya go bala Baebele? Tsholofelo e Baebele e re nayang yone, e tla go thusa gore o itshokele maemo a a thata le gore o tlhatswege pelo gore dilo di tla siama mo nakong e e tlang.