LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lv ts. 219-ts. 221
  • Se Baebele e se Buang ka Tlhalo le go Kgaogana

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se Baebele e se Buang ka Tlhalo le go Kgaogana
  • “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlotla “se Modimo a se Kopantseng Mmogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Basupi ba ga Jehofa ba Leba Tlhalo Jang?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Fa Lenyalo le Setse le Tla Thubega
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
lv ts. 219-ts. 221

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Se Baebele e se Buang ka Tlhalo le go Kgaogana

Jehofa o lebeletse gore batho ba ba nyalaneng ba nne ba ikanyega mo maikanong a bone a lenyalo. Fa Jehofa a ne a kopanya monna le mosadi wa ntlha mo lenyalong, o ne a re: “Monna . . . o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.” Moragonyana, Jesu Keresete o ne a dirisa mafoko a a tshwanang le ao mme a oketsa ka go re: “Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Genesise 2:24; Mathaio 19:3-6) Ka jalo, Jehofa le Jesu ba tsaya lenyalo e le kgolagano ya botshelo jotlhe e e felang fela fa molekane yo mongwe wa lenyalo a swa. (1 Bakorintha 7:39) E re ka lenyalo e le thulaganyo e e boitshepo, tlhalo ga e a tshwanela go tsewa motlhofo. Tota e bile, Jehofa o tlhoile ditlhalo tse di se nang lebaka la Dikwalo.—Malaki 2:15, 16.

Lebaka la Dikwalo le motho a ka tlhalang ka lone ke lefe? Jehofa o tlhoile boaka le kgokafalo. (Genesise 39:9; 2 Samuele 11:26, 27; Pesalema 51:4) Tota e bile o tsaya kgokafalo e le maswe mo e leng gore a re ke lone lebaka le batho ba ka tlhalanang ka lone. (Fa o batla go bala ka kgang ya gore kgokafalo e akaretsang, bala Kgaolo 9, serapa 7, mo go tlhalosiwang kgokafalo teng.) Jehofa o naya molekane yo o se nang molato tshwanelo ya go itirela tshwetso ya gore a o tla tswelela a nna le molekane yo o dirileng kgokafalo kgotsa o tla mo tlhala. (Mathaio 19:9) Ka jalo, fa molekane yo o se nang molato a batla go tlhala, o a bo a sa dire se Jehofa a se tlhoileng. Le fa go ntse jalo, phuthego ya Bokeresete ga e kgothaletse ope go tlhala. Tota e bile, maemo mangwe a ka nna a dira gore molekane yo o se nang molato a tswelele a nna le yo o molato, segolobogolo fa a ikwatlhaya tota. Le fa go ntse jalo, se se salang ke gore batho ba ba nang le lebaka la Dikwalo la gore ba tlhale ba tshwanetse go itirela tshwetso mme ba lebane le maemo le fa e le afe a tshwetso eo e ka a tlisang.—Bagalatia 6:5.

Mo maemong mangwe a a feteletseng, Bakeresete bangwe ba ile ba dira tshwetso ya gore ba kgaogane le molekane wa bone wa lenyalo kgotsa ba mo tlhale le fa a sa dira kgokafalo. Fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa gore yo o tlhalang “a nne a sa nyalwa [kgotsa a sa nyala] kgotsa go sa nneng jalo a boelane gape le monna [kgotsa mosadi] wa gagwe.” (1 Bakorintha 7:11) Mokeresete yo o dirang jalo ga a gololesega go batla motho yo mongwe gore a nyalane le ene. (Mathaio 5:32) Sekaseka maemo a se kae a a feteletseng a bangwe ba ileng ba a tsaya e le mabaka a go kgaogana le molekane wa bone wa lenyalo.

Go sa tlamele lelapa ka boomo. Lelapa le ka nna la humanega, la tlhoka dilo tsa konokono mo botshelong ka gonne monna a sa le tlamele, mme e le gore gone a ka kgona. Baebele ya re: “Fa motho a sa tlamele . . . maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Fa monna yono a gana go fetola ditsela tsa gagwe, mosadi wa gagwe a ka nna a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a itshireletse ene le bana ba gagwe ka go kgaogana le ene kafa molaong. Mme gone bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko fa ba sekaseka kgang ya gore Mokeresete o gana go tlamela lelapa la gagwe. Motho a ka kgaolwa fa a gana go tlamela lelapa la gagwe.

Go sotliwa mo go feteletseng. Molekane wa lenyalo a ka nna a nna dikgoka mo e leng gore botsogo kgotsa botshelo jwa molekane yo o sotliwang bo ka nna mo kotsing. Fa molekane yo o sotlang yo mongwe e le Mokeresete, bagolwane ba phuthego ba tshwanetse go tlhotlhomisa gore tota go diregang. Motho a ka kgaolelwa go phatloga ka bogale le go nna dikgoka.—Bagalatia 5:19-21.

Go tsenya bomoya jwa molekane mo kotsing. Molekane yo mongwe a ka nnela go leka go dira gore go nne thata gore yo mongwe a tswelele ka kobamelo ya boammaaruri kgotsa a ka nna a leka go pateletsa molekane yoo gore a tlole ditaelo tsa Modimo ka tsela nngwe. Fa go ntse jalo, molekane yo o tshwarwang jalo a ka tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a tsela e le yosi ya go “utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho” ke ka go kgaogana le molekane wa gagwe kafa molaong.—Ditiro 5:29.

Mo maemong otlhe a a feteletseng a a jaaka a re sa tswang go tlotla ka one, ga go na ope yo o tshwanetseng go tlhotlheletsa molekane yo o se nang molato gore a kgaogane le molekane wa gagwe kgotsa a tswelele a nna le ene. Le fa ditsala tse di godileng semoyeng le bagolwane ba ka nna ba ema molekane yono nokeng e bile ba ka mo naya kgakololo e e theilweng mo Baebeleng, ba ka se itse sengwe le sengwe se se diregang fa gare ga monna le mosadi. Ke Jehofa fela a kgonang go bona seo. Mme gone mosadi wa Mokeresete o tla bo a sa tlotle Modimo kgotsa thulaganyo ya lenyalo fa a feteletsa mathata a gagwe a lelapa e le fela gore a kgaogane le monna wa gagwe. Mme go tla bo go ntse go sa tshwanela fa e le monna a dirang jalo. Jehofa o bona maano otlhe a motho a ka a dirang gore a kgaogane le molekane wa gagwe wa lenyalo, le fa motho a ka leka go le kana kang go a fitlha. Ruri “dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” (Bahebera 4:13) Mme fa go tswelela go na le seemo se se kotsi ka tsela e e feteletseng, ga go na ope yo o tshwanetseng go tshwaya phoso Mokeresete yo kgabagare a swetsang ka gore a kgaogane le molekane wa gagwe wa lenyalo. La bofelo, “rotlhe re tla ema fa pele ga setulo sa katlholo sa Modimo.”—Baroma 14:10-12.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela