Kgaolo 19
Nka Dirisa Jang Madi a me Sentle?
Ke ga kae o iphitlhelang o se na madi?
□ Ga nke go direga
□ Ka sewelo
□ Gantsi
Ke ga kae o rekang dilo tse tota o se nang madi a tsone?
□ Ga nke go direga
□ Ka sewelo
□ Gantsi
Ke ga kae o rekang sengwe se o sa se tlhokeng, o se reka fela ka gonne se le tlhwatlhwatlase?
□ Ga nke go direga
□ Ka sewelo
□ Gantsi
A O NA le maikutlo a gore ga o ke o nna le madi a a lekaneng? Fa o ne o ka nna le madi a mantsinyana, o ne o tla ithekela founo e o e batlang. Fa o ne o amogela madi a mantsinyana, o ne o tla ithekela ditlhako tsele tse o di “tlhokang.” Kgotsa o ka tswa o le mo bothateng jo bo tshwanang le jwa ga Joan, yo o neng a re: “Ka dinako dingwe ditsala tsa me di ntaletsa go ya le tsone kwa mafelong a a jang madi a le mantsi. Ke batla go nna le nako ya go ijesa monate le ditsala tsa me. Ga go ope yo o ratang gore, ‘Ga ke kgone go ya le lona. Ga ke na madi.’”
Go na le gore o tshwenyege ka madi a o se nang one, ke eng fa o sa ithute go dirisa a o nang le one sentle? O ne o ka nna wa leta gore o tswe mo lapeng pele, e bo e le gone o ithutang go dirisa madi sentle. Mme gone akanya, a o ne o ka itatlhela mo lewatleng o ise o ithute go thuma? Ke boammaaruri gore motho a ka itse gore o tshwanetse go dira eng fa a thuma le fa a ise a tsamaye a go dire. Mme gone, go ne go ka nna botoka fa motho a ne a ka ithuta go thuma pele ga a itatlhela mo metsing!
Go ntse jalo le ka madi, nako e e siameng ya go ithuta go a dirisa ke fa o sa ntse o le kwa gae pele o nna le maikarabelo a go itlamela. Kgosi Solomone o ne a re: ‘Madi ke tshireletso.’ (Moreri 7:12) Mme gone madi a tla go sireletsa fela fa o ithuta go a dirisa sentle. Go dira jalo go tla go thusa go itshepa e bile go tla dira gore batsadi ba gago ba go ikanye.
Ithute Dilo Tsa Botlhokwa
A o kile wa botsa batsadi ba gago gore ba kgona jang go tlamela lelapa? Ka sekai, a o itse gore ba dirisa bokae go duela motlakase le metsi kgwedi le kgwedi kgotsa gore ba dirisa bokae mo koloing, go reka dijo le go duela rente? Se lebale gore le wena o oketsa ditshenyegelo tsa bone—mme fa o tswa mo lapeng o tla tshwanelwa ke go ituelela ditshenyegelo tsa gago. Ka jalo, go ka nna molemo go itse gore o tla tlhoka madi a a kana kang go duelela ditshenyegelo. Kopa batsadi ba gago gore fa go kgonega ba go bontshe dingwe tsa ditshenyegelo tsa mo lapeng mme o reetse ka kelotlhoko fa ba go tlhalosetsa gore ba kgaoganya madi jang gore ba kgone go di duelela.
Seane sa Baebele sa re: “Motho yo o botlhale o tla reetsa mme a amogele thuto e e oketsegileng, mme motho yo o nang le tlhaloganyo ke yo o bapalang kaelo e e botswerere.” (Diane 1:5) Anna o ne a kopa batsadi ba gagwe gore ba mo neye kaelo e e botswerere. A re: “Rre o ne a nthuta go kgaoganya madi sentle, mme a mpontsha kafa go leng botlhokwa ka gone go nna le rekoto ya ditshenyegelo tsa lelapa tse di duetsweng le tse di tshwanetseng go duelelwa.”
Mme mmaagwe Anna ene, o ne a mo ruta thuto nngwe e e molemo. Anna a re: “O ne a mpontsha botlhokwa jwa go bapisa ditlhwatlhwa pele ke reka. Mmè o ne a kgona go reka dilwana tse dintsi ka madi a le mannye.” Seno se ne sa solegela Anna molemo jang? A re: “Gone jaanong ke kgona go dirisa madi a me sentle. Ke kelotlhoko gore ke dirisa madi a me jang, gore ke se nne le dikoloto tse di sa tlhokegeng mme seo se dira gore ke nne ke sa tshwenyege.”
Itse Gore Go na Le Dikgwetlho
Ke boammaaruri gore go ka nna ga se ka ga nna motlhofo jaaka o akanya, segolobogolo fa o sa ntse o nna mo lapeng mme o newa madi kgotsa o bereka. Ka ntlha yang? Ka gonne batsadi ba gago ke bone ba duelelang bontsi jwa ditshenyegelo. Ka ntlha ya seo o kgona go dirisa bontsi jwa madi a gago ka tsela e o batlang ka yone. Mme kana go reka go monate.
Le fa go ntse jalo, go ka nna le bothata fa balekane ba gago ba go gatelela gore o dirise madi a a fetang a o nang le one. Ellena wa dingwaga di le 21 a re: “Ditsala tsa me di itlosa bodutu ka go reka. Fa re intshitse, ba tsaya gore e le gore go nne monate re tshwanetse go dirisa madi.”
Mongwe le mongwe o batla go ratwa ke ditsala tsa gagwe. Mme gone ipotse, ‘A ke dirisa madi le ditsala e le fela ka gonne ke na le one kgotsa ka gonne ke ikutlwa ke patelesega?’ Batho ba le bantsi ba dirisa madi e le fela ka gonne ba batla gore ditsala di ba tseele kwa godimo. Ba leka go kgatlha ba bangwe ka se ba nang le sone e seng ka se ba leng sone. Mokgwa ono o ka go bakela mathata a a masisi a madi, segolobogolo fa o na le karata ya sekoloto. O ka tila seno jang?
Laola Tsela e o Rekang ka Yone
Go na le gore mo letsatsing le le lengwe le lo intshitseng ka lone o ruge madi otlhe a karata ya gago ya sekoloto kgotsa a o a amogelang, ke eng fa o sa dire jaaka Ellena? A re: “Fa ke intsha le ditsala, ke rulaganya go sa le gale le go ipeela seelo sa madi a ke tla a dirisang. Madi a ke a amogelang a ya otlhe mo bankeng, ke ntsha fela a ke tla a tlhokang fa ke intshitse. Gape ke bona go le botlhale go ya dishopong le ditsala tse di somarelang madi le tse di nkgothaletsang go bapisa ditlhwatlhwa pele ga ke reka.”
Dikakantsho tse dingwe tse di ka go thusang fa o na le karata ya sekoloto ke tseno.
● Kwala dilo tsotlhe tse o di rekang mme fa kgwedi e fela o di bapise le tse di mo seteitementeng go tlhomamisa gore a o duedisitswe fela dilo tse o di rekileng.
● Duela madi a karata ya gago ya sekoloto ka nako. Fa go kgonega a duele otlhe.
● Nna kelotlhoko thata fa mongwe a go kopa nomoro ya karata ya gago kgotsa letlha le e felang ka lone ka founo kgotsa ka internet.
● O se ka wa dirisa karata ya sekoloto go goga madi. Gantsi fa o dira jalo o duedisiwa madi a mantsi.
● O se ka wa adima ope karata ya gago ya sekoloto, tota le ditsala tsa gago.
Mme gone, a mathata a gago a go se dirise madi sentle a ka se ka a rarabololwa ke go nna le madi a mantsi? Legoka! Ka sekai: Fa o kgweetsa mme o sa kgone go laola koloi kgotsa o kgweetsa o ithibile matlho, a go tshela peterolo e ntsi go tla dira gore o goroge kwa o yang teng o sireletsegile? Go ntse jalo le ka madi, fa o sa ithute go laola tsela e o a dirisang ka yone, go nna le a a oketsegileng ga go ka ke ga tokafatsa dilo.
Gongwe o akanya gore o kgona go dirisa madi a gago sentle. Mme gone ipotse: ‘Ke dirisitse madi a a kana kang kgwedi e e fetileng? Ke rekile eng ka one?’ A ga o itse? Dikakantsho tse di latelang di tla go thusa go laola tsela e o dirisang madi ka yone pele e nna one a go laolang.
1. Itirele rekoto. Kwala madi a o a amogetseng le a o a dirisitseng mo kgweding e le nngwe le letlha le o a amogetseng ka lone. Kwala sengwe le sengwe se o se rekang le gore se jele bokae. Kwa bofelong jwa kgwedi, kopanya madi otlhe a o a dirisitseng.
2. Itirele thulaganyo ya go dirisa madi. Leba tšhate e e mo go tsebe 163. Mo kholomong ya ntlha, kwala madi otlhe a o solofetseng go a amogela mo kgweding eo. Mo kholomong ya bobedi, kwala gore o tlile go a dirisa jang; dirisa dilo tse o di kwadileng mo (kakantshong ya 1) jaaka sekai. Fa kgwedi e ntse e ya, kwala mo kholomong ya boraro madi a tota o a dirisitseng mo go sengwe le sengwe se o se kwadileng. Gape kwala le dilo tsotlhe tse o di rekileng o sa di rulaganyetsa.
3. Fetoga. Fa o na le go dirisa madi mo dilong tse o sa di rulaganyetsang mme seo se dira gore o nne le sekoloto se sentsi, fetola tsela e o dirisang madi ka yone. Duela dikoloto tseo. Laola tsela e o dirisang madi ka yone.
Madi a ka go solegela molemo fa o a dirisa sentle. Tota e bile, batho bangwe ba tsaya go nna le madi le go a dirisa sentle e le selo se se botlhokwa thata mo botshelong. Mme gone leka go nna tekatekano. Mosha mongwe yo o bidiwang Matthew a re: “Madi a botlhokwa mme ga se one selo sa botlhokwa go gaisa tsotlhe mo botshelong. Le ka motlha ga a tshwanela go tsewa a le botlhokwa go feta lelapa kgotsa Jehofa.”
A o tswa mo lelapeng le le humanegileng? Fa go le jalo, o ka ithuta jang go itshokela maemo a o leng mo go one?
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
‘Madi ke tshireletso; mme molemo wa kitso ke gore botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela.’—Moreri 7:12.
KAKANTSHO
Kwala lenaane la dilo tse o batlang go di reka pele o ya dishopong. Tsamaya o tshotse fela madi a o a tlhokang mme o reke fela dilo tse di mo lenaaneng leo.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Fa o na le sekoloto sa diranta tse 2 000 mo karateng ya sekoloto e mo go yone o tlileng go duedisiwa diperesente di le 18,5 mo godimo mme o bo o duela selekanyo se sennye fela, go tla go tsaya dingwaga di le 11 go fetsa sekoloto seo mme o tlile go duela diranta di le 1 934 mo godimo ga madi a o a kolotang.
SE KE SE IKAELETSENG!
Nka laola tsela e ke dirisang madi ka yone ka go ․․․․․
Pele ga ke reka sengwe ka karata ya sekoloto, ke tla ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Ke eng fa o tshwanetse go ithuta go dirisa madi sentle fa o sa ntse o nna mo lapeng?
● Ke eng fa o ka nna wa fitlhela go le thata go dirisa madi sentle?
● O ka dirisa madi a gago jang go thusa ba bangwe?
[Mafoko a a mo go tsebe 162]
“Fa ke dirisa thulaganyo e ke itiretseng yone ya go dirisa madi, ke kgona go somarela madi. Ga ke reke dilo tse ke sa di tlhokeng.’’—Leah
[Lebokoso mo go tsebe 158]
Sengwe le Sengwe ke Madi
O dirisa madi a gago jang? Fa ka metlha o a dirisa go thusa ba bangwe, seo se bontsha gore tota o amega ka bone. (Jakobe 2:14-17) Fa o ntsha moneelo ka metlha go ema kobamelo ya boammaaruri nokeng, o a bo o “tlotla Jehofa ka dilo tsa gago tse di tlhwatlhwakgolo.” (Diane 3:9) Mme fa e le gore ka metlha o dirisa madi a gago fela mo dilong tse o di tlhokang le tse o di batlang, seo se bontsha gore ke eng se o se tsayang se le botlhokwa thata?
[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 163]
Tsebe ya go Kwalela Dintlha
Thulaganyo ya Madi A ke Tla a Dirisang Kgwedi le Kgwedi Itirele khopi!
Madi a ke tla a Madi a ke a
dirisang dirisitseng
DIJO
․․․․․ ․․․․․
DIAPARO
․․․․․ ․․․․․
FOUNO
․․․․․ ․․․․․
Madi a a tsenang GO IJESA MONATE
․․․․․ ․․․․․
MADI A KE A AMOGELANG MENEELO
․․․․․ ․․․․․ ․․․․․
TIRO YA NAKWANA A KE A BANKANG
․․․․․ ․․․․․ ․․․․․
MADI A MANGWE DILO TSE DINGWE
․․․․․ ․․․․․ ․․․․․
↓ ↓ ↓
Palogotlhe Palogotlhe Palogotlhe
R․․․․․ R․․․․․ R․․․․․
[Setshwantsho mo go tsebe 160]
Go palelwa ke go laola tsela e o dirisang madi ka yone go tshwana le go kgweetsa o ithibile matlho