-
Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Goga Motsoko?Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
-
-
Kgaolo 33
Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Goga Motsoko?
Leba dintlha tse di latelang mme o tshwaye ka ✔ mo lebokosong le le lebaganeng le ntlha nngwe le nngwe e o akanyang gore e a go tlhalosa.
□ Ke batla go itse
□ Ke na le kgatelelo ya maikutlo
□ Ke batla go amogelwa ke balekane
□ Ke batla go fokotsa boima jwa mmele
FA E le gore o tshwaile lengwe la mabokoso a a mo go tsebe 237, go raya gore o na le sengwe se o tshwanang ka sone le balekane ba gago ba ba gogang motsoko kgotsa ba ba kileng ba akanya ka gone.a Ka sekai:
Go kgotsofatsa keletso ya go batla go itse. “Ke ne ke ipotsa gore go ntse jang, ka jalo ke ne ka tsaya sekerete mo mosetsaneng mongwe yo ke tsenang sekolo le ene mme ka ikutswa ka ya go se goga.”—Tracy.
Go lebana le kgatelelo ya maikutlo le go batla go amogelwa ke balekane. “Bana ba ke tsenang sekolo le bone ba rata gore, ‘Ke tlhoka fela sekerete,’ fa a sena go goga o tla bo a kgwa mowa a bo a re, ‘Jaanong ke ikutlwa botoka!’ Le nna fa ke gateletswe mo maikutlong, ke ne ke batla go goga.”—Nikki.
Go fokotsa boima jwa mmele. “Basetsana bangwe ba goga motsoko gore ba nne ba le basesane—go motlhofo go na le go fokotsa mmele ka go itima dijo!”—Samantha.
Mme gone, pele ga o ka tshuba sekerete sa gago sa ntlha—kgotsa sa bobedi—a o ko o eme go sekae mme o akanye. O se ka wa tshwana le tlhapi e e lwelang go ja dijo tse di mo sekgogeng. Gone ke boammaaruri gore tlhapi eno e tla solegelwa molemo ke go bona se e se jang, mme e tla swa! Go na le moo, latela kgakololo ya Baebele mme o dirise “bokgoni jwa gago jwa go akanya.” (2 Petere 3:1) Araba dipotso tse di latelang.
Tota ke Eng Se o Se Itseng ka go Goga Motsoko?
Tshwaya ntlha nngwe le nngwe ka boammaaruri kgotsa maaka.
a. Go goga motsoko go tla fokotsa kgatelelo e ke nang le yone ya maikutlo.
□ Boammaaruri □ Maaka
b. Ke tla hemela kwa ntle mo e ka nnang mosi otlhe wa motsoko.
□ Boammaaruri □ Maaka
c. Go goga motsoko go tla koafatsa botsogo jwa me ke setse ke godile.
□ Boammaaruri □ Maaka
d. Go goga motsoko go tla dira gore batho ba bong bo sele ba nkgatlhegele le go feta.
□ Boammaaruri □ Maaka
e. Fa ke goga, ke nna fela ke gobalang.
□ Boammaaruri □ Maaka
f. Modimo ga a kgathale gore a ke goga motsoko kgotsa ga ke o goge.
□ Boammaaruri □ Maaka
Dikarabo
a. Maaka. Le fa gone go goga motsoko go ka fokotsa ka nakwana matshwao a go gatelelwa mo maikutlong, baitsesaense ba lemogile gore tota nikotine e oketsa selekanyo sa dihoromone tse di bakang go gatelelwa mo maikutlong.
b. Maaka. Dipatlisiso dingwe di bontsha gore diperesente di feta 80 tsa dikarolwana tsa mosi wa sekerete o o o hemelang mo teng, o sala mo mmeleng wa gago.
c. Maaka. Le fa gone dikotsi tsa go goga di oketsega nako nngwe le nngwe fa o goga sekerete, ditlamorago dingwe tsa gone ga o ka ke wa di lemoga ka yone nako eo. Batho ba bangwe ba a tshwakgoga le fa ba gogile sekerete se le sengwe fela. Go goga motsoko go tla fokotsa selekanyo sa mowa o o tsenang mo makgwafong mme go ka direga gore o gotlhole mo go sa feleng. Letlalo la gago le tla tsutsubana o sa ntse o le monnye. Go goga motsoko go ka baka bothata jwa go sa dire sentle ga dirwe tsa tlhakanelodikobo, go tlhobaela ka tsela e e feteletseng le go tshwenyega thata mo maikutlong.
d. Maaka. Mmatlisisi mongwe e bong Lloyd Johnston, o lemogile gore basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba gogang motsoko, “ga ba kgatlhegelwe thata ke bontsi jwa batho ba bong bo sele.”
e. Maaka. Batho ba le diketekete ba ba sa gogeng motsoko, ba a swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya go hema mosi wa motsoko; o tla gobatsa ba lelapa la gaeno, ditsala tsa gago tota le diruiwa tsa gago.
f. Maaka. Ba ba batlang go itumedisa Modimo ba tshwanetse go intlafatsa “leswe lengwe le lengwe la nama.” (2 Bakorintha 7:1) Ga go pelaelo gore go goga motsoko go leswafatsa mmele. Fa o tlhopha gore o se ka wa nna phepa, o ikgobatsa le go gobatsa ba bangwe ka go dirisa motsoko, ga o ka ke wa nna tsala ya Modimo.—Mathaio 22:39; Bagalatia 5:19-21.
Kafa o ka Ganang ka Gone
Jaanong, o tla dira eng fa mongwe a go naya sekerete? Gantsi go araba ka tsela e e motlhofo mme o tiisitse o re, “Nnyaa ke a leboga, ga ke goge motsoko,” go ka go thusa. Fa motho yono a nnela go go pateletsa kgotsa e bile a go kgoba, se lebale gore ke se o se itlhophetseng. Gongwe o ka nna wa re:
● “Ke ithutile ka dikotsi tsa go goga motsoko mme ka swetsa ka gore ga nkitla ke goga.”
● “Ke na le dilo dingwe tse ke tshwanetseng go di dira mo isagweng, tse di ntlhokang gore ke bo ke sa ntse ke tshela.”
● “A o nyatsa tshwanelo e ke nang le yone ya go itirela ditshwetso?”
Mme gone, fela jaaka basha ba ba umakilweng pelenyana mo kgaolong eno, o ka tswa o lemogile gore ke wena o ipakelang kgatelelo gonne o eletsa go goga. Fa e le gore go ntse jalo, o ka lwantshana le keletso eno ka go ipotsa dipotso tse di jaaka tseno:
● ‘A tota go goga motsoko go tla ntsholegela molemo? Ka sekai, fa ke swetsa ka gore ke goge motsoko fela ka gonne ke batla go amogelwa ke balekane ba me, a gone ba tla nkamogela le fa go na le dilo tse dingwe gape tse ke sa tshwaneng le bone ka tsone? A tota ke batla go amogelwa ke batho ba ba tla itumelelang go mpona ke senya botsogo jwa me?’
● ‘Go goga motsoko go tla ntlhoka madi a a kana kang, go tla nteretse mathata afe a botsogo, mme a go tla dira gore batho ba bangwe ba tswelele ba ntlotla?’
● ‘A ke tla batla go ananya kamano ya me le Modimo ka tlhwatlhwa fela ya sekerete?’
Mme gone, go tweng fa e le gore o setse o tshwakgogile? Ke eng se o ka se dirang gore o tlogele go goga motsoko?
Se se Ka go Thusang Gore o Tlogele
1. Ititeye sehuba. Kwala mabaka a gago a go bo o batla go tlogela motsoko mme o nne o sekaseke lenaane leo gangwe le gape. Go eletsa go nna o le phepa fa pele ga Modimo go ka go tlhotlheletsa fela thata.—Baroma 12:1; Baefeso 4:17-19.
2. Kopa thuso. Fa e le gore o ntse o goga motsoko mo sephiring, eno ke nako ya gore o bolelele mongwe mme o kope thuso. Bolelela batho ba o ntseng o ba lobela gore jaanong o tlogela motsoko, mme o kope gore ba go eme nokeng. Fa e le gore o batla go direla Modimo, mo kope ka thapelo gore a go thuse.—1 Johane 5:14.
3. Baya letlha le o batlang go tlogela ka lone. Ipeele dibeke tse pedi kgotsa tse di kwa tlase mme o tshwaye mo khalendareng ya gago letsatsi le o ikemiseditseng go tlogela ka lone. Bolelela ba lelapa la gaeno le ditsala tsa gago gore o batla go tlogela go goga motsoko ka letlha leo.
4. Di batle mme o di latlhe. Pele letsatsi le o batlang go tlogela ka lone le goroga, phuruphutsha mo kamoreng, mo koloing le mo diaparong, o batle disekerete tse di ka tswang di le teng. Di latlhe. Latlha dilaetara, dimmetšhise le diterei tsa molora wa motsoko.
5. Batla tsela e e tla go thusang go itshokela maikutlo a a bakiwang ke go tlogela go goga motsoko. Nwa jusi e ntsi kgotsa metsi mme o nne le nako e e lekaneng ya go robala. Nna o gakologetswe gore bothata jono ke jwa nakwana fela, mme melemo ya teng yone ke e e nnelang ruri!
6. Tila dilo tse di ka go raelang. Tila maemo le mafelo a a ka go raelang go goga motsoko. Gape o ka nna wa tlhoka gore o se tlhole o tsalana le batho ba ba gogang.—Diane 13:20.
O se Ka wa Raelesega
Ngwaga le ngwaga, dikhampani tsa motsoko di dirisa dibilionebilione tsa didolara mo papatsong. Tota di a bo di kwaile bomang? Kgatiso nngwe ya khampani ya motsoko ya re: “Mosha yo o gogang motsoko gone jaanong, e tla nna moreki yo mogolo mo isagweng.”
O se ka wa letla borakgwebo ba motsoko ba go feletsa madi. Ke eng fa o itetla go tsietsega? Ga go ope wa bone yo o go batlelang molemo, e ka tswa e le borakgwebo kgotsa balekane ba gago ba ba gogang. Go na le go ba reetsa, reetsa kgakololo e e fitlhelwang mo Baebeleng mme o ithute “gore o solegelwe molemo.”—Isaia 48:17.
A ditsala tsa gago di go pateletsa go nwa bojalwa? Bona gore ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go itse se se go siametseng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Le fa gone setlhogo seno se bua ka batho ba ba gogang sekerete, mathata le dikotsi tse go tlotliwang ka tsone di nna gone le mo bathong ba ba jang motsoko o o tšhotlhiwang.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Ithibeng mo go sengwe le sengwe se se dirang gore mebele ya rona . . . e se ka ya nna phepa.”—2 Bakorintha 7:1, Contemporary English Version.
KAKANTSHO
O se ka wa itsietsa ka go ipolelela gore: “Ga nkitla ke goga sekerete sotlhe, ke tla se hupa gangwe fela.” Gantsi diipato tse di ntseng jalo di dira gore o boele mo go gogeng motsoko.—Jeremia 17:9.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Motsoko o o se nang mosi—o o jaaka motsoko o o tšhotlhwang—o na le nikotine e ntsi go feta sekerete e bile o na le metswako e e ka nnang 25 ya botlhole jo bo bakang kankere, jo bo oketsang dikotsi tsa gore motho yo o o dirisang a tsenwe ke kankere ya mometso le ya molomo.
SE KE SE IKAELETSENG!
Fa moithutikanna a mpateletsa go goga motsoko ke tla ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Le fa o ka tswa o itse ka dikotsi tsa go goga motsoko, ke eng fa o sa ntse o ka raelesega go goga?
● Ke eng se se go tlhatswitseng pelo gore go goga motsoko ga go a siama?
[Mafoko a a mo go tsebe 240]
“Fa ke newa sekerete, ke nyenya fela ke bo ke re, ‘nnyaa ke a leboga, ga ke batle go tsenwa ke kankere.’’’—Alana
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 241]
A Tota Matekwane a Kotsi?
Ellen yo o nnang kwa Ireland a re: “Bangwe ba re go dirisa matekwane ke tsela nngwe ya go itebatsa mathata mme ba bolela gore ga a na ditlamorago dipe tse di sa siamang.” A le wena o kile wa utlwa bangwe ba bua jalo ka matekwane? Bapisa ditlhamane dingwe tse di tlwaelegileng le se tota e leng boammaaruri.
Tlhamane. Matekwane ga a kotsi.
Boammaaruri. Ditlamorago tse di nnelang ruri tse di itsegeng le tse di fopholediwang tsa matekwane ke: go nna le bothata jwa go gakologelwa dilo, go koafala ga bokgoni jwa go ithuta, go se bereke sentle ga thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse le go sa dire sentle ga dirwe tsa tlhakanelodikobo mo banneng le mo basading. A ka baka go tlhobaela thata, go nna le bothata jwa tlhaloganyo le go tshwenyega ka dilo dingwe ka tsela e e feteletseng. Bana ba ba tsholwang ke basadi ba ba gogang matekwane, gantsi ba nna le bothata jwa go itshwara sentle, ga ba kgone go tlhoma mogopolo e bile ba nna le bothata jo bogolo jwa go dira ditshwetso.
Tlhamane. Mosi wa matekwane ga o bogale jaaka wa sekerete.
Boammaaruri. Fa mosi wa matekwane o bapisiwa le wa motsoko, o ka tsenya mo mometsong wa gago bokgakga jo bo fetang jwa motsoko ka makgetlo a le manè e bile o tsenya mo mading a gago khabonomonokosaete e e kotsi ka makgetlo a le matlhano go feta mosi wa motsoko. Fa o goga dizolo di le tlhano tsa matekwane, o ka kgona go tsenwa ke botlhole jo bo bakang kankere ka selekanyo se se lekanang le sa fa o gogile pakete yotlhe ya disekerete.
Tlhamane. Matekwane ga a tshwakgole.
Boammaaruri. Basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba nang le bothata jwa tlhaloganyo kgotsa jwa maikutlo, ba ka tshwakgolwa ke matekwane ka bonako. Ba bangwe bone ba ka tshwakgoga morago ga go a dirisa ka lobaka lo loleele. Mo godimo ga moo, dipatlisiso di bontsha gore basha ba ba gogang matekwane ba mo kotsing e e kwa godimo ya gore ba ka dirisa diokobatsi tse dingwe tse di tshwakgolang, tse di jaaka khokeine.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 244, 245]
Se Motsoko o se Dirang mo Mmeleng wa Gago
Leba batho ba ba nang le botsogo jo bo siameng ba ba bontshiwang mo dipapatsong tsa disekerete; mme o bapise ditshwantsho tseo le se tota motsoko o se dirang mo mmeleng wa gago.
Molomo le mometso O ka baka kankere
[Setshwantsho]
Loleme lo lo tshwaeditsweng ke kankere
Pelo Ditshika di nna thata di bo di ngotlega, mme pelo e bo e sa kgone go amogela okosejene e e lekaneng, seno se ka go baya ka makgetlo a a menaganeng ganè mo kotsing ya go nna le bolwetse jwa pelo
[Setshwantsho]
Tshika e e thibaneng
Makgwafo O senya dikgetsana tsa mowa, o fisa mometso e bile o ka oketsa ka makgetlo a a fetang 23 dikotsi tsa gore o tshwarwe ke kankere ya makgwafo
[Setshwantsho]
Lekgwafo la motho yo o gogang motsoko
Boboko O oketsa ka makgetlo a a menaganeng ganè dikotsi tsa gore o tshwarwe ke seterouku
Letlalo O ka dira gore o tsofale pele ga nako
Meno O fetola mmala wa meno
Mala O baka kankere
Lobete O baka kankere
Setlha O baka kankere
Diphilo O baka kankere
[Setshwantsho mo go tsebe 239]
Jaaka tlhapi e e lwelang go ja dijo tse di mo sekgogeng, motho yo o gogang motsoko o solegelwa molemo ka nako eo mme o lebana le matswela a a botlhoko
-
-
Ke Eng se se Phoso ka go Nwa Bobe?Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
-
-
Kgaolo 34
Ke Eng se se Phoso ka go Nwa Bobe?
O ka araba jang dipotso tse di latelang? Tshwaya ka ✔ mo lebokosong go bapa le karabo ya gago.
A balekane bangwe ba gago ba nwa bojalwa ba ise ba nne mo dingwageng tsa go ka nwa kgotsa ba nwa bobe?
□ Ee □ Nnyaa
A balekane ba gago ba kile ba go pateletsa go nwa bojalwa?
□ Ee □ Nnyaa
A o kile wa nwa bobe?
□ Ee □ Nnyaa
GO NWA bobe ke eng? Bangwe ba re ke go nwa go fitlha o tagwa. Pego nngwe ya U.S. National Institute on Alcohol Abuse and Alcoholism e ile ya leka go tlhalosa seo ka tlhamalalo. E ile ya re go nwa bobe ke “fa banna ba nwa dino di le tlhano kgotsa go feta ka nako e le nngwe mme basadi bone ba nwa di le nnè kgotsa go feta ka nako e le nngwe.”
Fa e le gore o kile wa raelesega go nwa go tlola kgotsa go nwa le fa o se mo dingwageng tse motho a letleletsweng go nwa ka tsone, itse gore ga se wena fela. Basha ba le bantsi ba nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng.a Mme gone ipotse, ‘A tota ke itse lebaka la go bo ke batla go nwa le ditlamorago tse ke tla lebanang le tsone ka ntlha ya bojalwa?’ Ka sekai, o tla araba jang dipotso tseno tsa boammaaruri kgotsa maaka? Tshwaya ka how would you answer these true-or-false questions? Place a ✔ mo lebokosong go bapa le karabo ya gago mme o akanye ka dintlha tse di latelang.
a. Lebaka fela la go bo basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba nwa ke ka gonne ba rata moutlwalo wa bojalwa.
□ Boammaaruri □ Maaka
b. E re ka basha ba sa ntse ba le bannye e bile ba itekanetse sentle mo mmeleng, ga ba lebane thata le ditlamorago tse di maswe tsa bojalwa jaaka bagolo.
□ Boammaaruri □ Maaka
c. Go nwa bobe ga go ka ke ga go bolaya.
□ Boammaaruri □ Maaka
d. Baebele e kgala go nwa bojalwa.
□ Boammaaruri □ Maaka
e. Go koafala mo mmeleng ke jone fela bothata jo bo bakiwang ke go nwa bobe.
□ Boammaaruri □ Maaka
a. Lebaka fela la go bo basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba nwa ke ka gonne ba rata moutlwalo wa bojalwa. Karabo—Maaka. Patlisiso nngwe e e kaga bojalwa e e dirilweng kwa Australia e bontsha gore diperesente di le 36 tsa basha ba ba ileng ba botsolodiwa, ba re ba nwa ka gonne ba batla go amogelwa ke balekane ba bone. Kwa United States, dipatlisiso di bontsha gore diperesente di le 66 tsa basha tsa re di nwa ka ntlha ya kgatelelo ya balekane. Le fa go ntse jalo, ba ba fetang halofo ba re ba nwa gonne ba batla go itebatsa mathata.
b. E re ka basha ba sa ntse ba le bannye e bile ba itekanetse sentle mo mmeleng, ga ba lebane thata le ditlamorago tse di maswe tsa bojalwa jaaka bagolo. Karabo—Maaka. Setlhogo sengwe mo makasineng wa Discover sa re, “Dipatlisiso tsa bosheng di bontsha gore basha ba ba nwang bojalwa ba tsenya botsogo jwa bone mo kotsing.” Jang? “Basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba nwang mo go feteletseng ba ka nna ba senya karolo e kgolo ya ditlhaloganyo tsa bone.”
Go nwa bojalwa mo go feteletseng gape go amanngwa le go tswa diso, go tsofala ka bonako, go nona, go tshwakgolwa ke bojalwa le diokobatsi. Gape go ka senya fela thata ditshika tsotlhe tsa mmele, sebete le pelo.
c. Go nwa bobe ga go ka ke ga go bolaya. Karabo—Maaka. Go nwa bojalwa mo go feteletseng go dira gore boboko bo se ka jwa bona okosejene e e lekaneng; dikarolo tsa botlhokwa tsa mmele di ka nna tsa simolola go sa bereke sentle mme kgabagare tsa swela ruri. Matshwao a teng a ka akaretsa go kgwa, go idibala le go hema ka bonya kgotsa go sa heme sentle. Ka dinako tse dingwe go ka felela ka gore motho a swe.
d. Baebele e kgala go nwa bojalwa. Karabo—Maaka. Baebele ga e kgale go nwa bojalwa, e bile ga e kgatlhanong le gore basha ba ijese monate. (Pesalema 104:15; Moreri 10:19) Gone ke boammaaruri gore o tshwanetse wa bo o na le dingwaga tse di letlelelwang go ya ka molao gore o nwe bojalwa.—Baroma 13:1.
Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa ka go nwa mo go feteletseng. Diane 20:1 ya re, “Beine ke mosotli, bojalwa jo bo tagang bo a fudua, mme mongwe le mongwe yo o timetswang ke jone ga a botlhale.” Bojalwa bo ka dira gore o itshware jaaka seeleele! Gone ke boammaaruri gore bo ka go tlisetsa boitumelo jwa nakwana mme fa o bo nwa mo go feteletseng, bo “loma jaaka noga,” bo go tlogela o le mo mathateng a mantsi.—Diane 23:32.
e. Go koafala mo mmeleng ke jone fela bothata jo bo bakiwang ke go nwa bobe. Karabo—Maaka. Fa o tagwa, o ipaya mo kotsing ya go tshwarwa makgwakgwa—le e leng go betelelwa. Mo godimo ga moo, le wena o ka nna wa nna kotsi mo go ba bangwe, o itshwara ka tsela e o sa keng o itshwara ka yone. Baebele e tlhagisa gore fa o nwa bobe, “ga o ka ke wa kgona go akanya kgotsa go bua sentle.” (Diane 23:33, Today’s English Version) Ka bokhutshwane fela, o tla bo o itira sematla! Ditlamorago tse dingwe tse di sa itumediseng di ka akaretsa go latlhegelwa ke ditsala, go sa dire sentle kwa sekolong le kwa tirong, go humanega le go nna le rekoto ya bokebekwa.—Diane 23:21.
Sa botlhokwa le go feta, akanya kafa go nwa bojalwa bobe go ka senyang kamano ya gago le Jehofa ka gone. Jehofa Modimo o batla gore o mo direle ka “mogopolo otlhe wa gago”—e seng ka mogopolo o o sentsweng go sa tlhokege ke go nwa bojalwa bobe. (Mathaio 22:37) Lefoko la Modimo ga le kgale fela “go nwa beine mo go feteletseng” mme gape le kgala le “mekete ya go nwa.” (1 Petere 4:3) Ka jalo, go nwa bobe go kgatlhanong le thato ya Mmopi wa rona e bile go ka dira gore o se ka wa itumelela go nna le kamano e e gaufi le Modimo.
O Tla Dira Tshwetso Efe?
A o tla etsa balekane ba gago ba ba nwang bojalwa bobe? Baebele ya re: “A ga lo itse gore fa lo nna lo ikisa mo go ofe fela jaaka batlhanka gore lo mo utlwe, lo batlhanka ba gagwe ka gonne lo a mo utlwa?” (Baroma 6:16) A o batla go nna motlhanka wa balekane ba gago kgotsa wa bojalwa?
Ke eng se o ka se dirang fa o setse o tsene ka tlhogo mo mokgweng wa go nwa bojalwa bobe? Kopa thuso ka bonako ka go bua le motsadi wa gago kgotsa tsala e e godileng semoyeng. Bua le Jehofa ka thapelo mme o mo kope gore a go thuse. Tota e bile, ke “thuso e e motlhofo go bonwa mo matshwenyegong.” (Pesalema 46:1) E re ka kgatelelo ya balekane e le yone e dirang gore basha ba nwe bojalwa bobe kgotsa ba nwe ba sa le bannye, o ka nna wa tlhoka go dira diphetogo tse dikgolo fa o tlhopha ditsala.b Go dira diphetogo tse di ntseng jalo ga go motlhofo mme gone o ka kgona ka thuso ya ga Jehofa.
O ka kgona go fenya go tshwakgolwa ke diokobatsi. Bona gore jang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona lebokoso le le reng, “Ke Bomang Ba ba Go Dirang?” mo tsebe 249.
b Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Kgaolo 8 le 9 ya buka eno le Kgaolo 15 ya Bolumo 2.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“Letagwa le . . . tla humanega.”—Diane 23:21.
KAKANTSHO
Tlhalosa mabaka a go bo o batla go nwa bojalwa. Go tswa foo, o akanye ka ditsela tse dingwe tse di siameng tse o ka itumelelang botshelo kgotsa wa fokotsa kgatelelo ya maikutlo ka tsone.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Go ya ka patlisiso nngwe ya kwa United States, “basha ba ba itlwaeditseng go nwa bobe ba lofa sekolo ka makgetlo a le robedi go feta ba ba sa nweng bobe, ga ba dire sentle mo dithutong tsa bone tsa sekolo, ba a gobala e bile ba senya dithoto.”
SE KE SE IKAELETSENG!
Fa balekane ba me ba batla gore re dirise bojalwa ka tsela e e feteletseng, ke tla re ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Ke eng fa balekane ba gago ba rata gore ba bangwe ba kopanele le bone mo go sa diriseng bojalwa sentle?
● A go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng go tla dira gore batho ba bong bo sele ba go kgatlhegele, mme ke eng fa o araba jalo?
[Mafoko a a mo go tsebe 250]
“Fa bana ba ke tsenang sekolo le bone ba nnaya bojalwa, ke ba bolelela gore ga ke tlhoke bojalwa gore ke itumele.’’—Mark
[Lebokoso mo go tsebe 249]
Ke Bomang Ba ba Go Dirang?
Go ya ka patlisiso nngwe e e neng ya dirwa mo baneng ba ba tsenang sekolo se segolwane kwa Engelane, Scotland le kwa Wales, nngwennèng ya bana ba dingwaga tse 13 le 14 “ba ne ba bolela gore ba ile ba nwa bobotlana mefuta e le metlhano ya dinotagi ka nako e le nngwe.” Mo patlisisong e e dirilweng mo go ba ba nang le dingwaga tse 15 le 16, halofo ya bone e ile ya bua se se tshwanang. Go ya ka U. S. Department of Health and Human Services, mo e ka nnang dimilione di le 10,4 tsa basha ba dingwaga tse 12 go ya go tse 20 ba ne ba re ba nwa bojalwa. Mo palong eno, ba le dimilione tse 5,1 ba bone e ne e le ba ba nwang bobe mme go na le ba bangwe ba le dimilione tse 2,3 ba ba neng ba nwa mo go feteletseng e bile ba nwa bobe mo e ka nnang makgetlo a le matlhano mo kgweding.” Patlisiso e e dirilweng kwa Australia e bontshitse gore basetsana ba le bantsi kwa nageng eo, ba nwa bobe go feta basimane—ba nwa dino tse di magareng ga di le 13 le di le 30 ka nako e le nngwe!
[Setshwantsho mo go tsebe 251]
Bojalwa bo ka loma jaaka noga
-