LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rr ts. 10
  • Go Obamela go Kaya Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Obamela go Kaya Eng?
  • Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bakeresete ba Itumelela go Direla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Kobamelo ya Boammaaruri e Tla Dira Gore o Itumele le go Feta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Etsa Jesu—Obamela Modimo ka Tsela E a E Amogelang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Modimo O Amogela Kobamelo Ya Bomang?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
rr ts. 10
Lelapa le ithuta mmogo.

LEBOKOSE LA GO RUTA 1A

Go Obamela go Kaya Eng?

Go obamela go ka tlhalosiwa e le “go tlotla modimo mongwe le go mo rata.” Mo Baebeleng, “go obamela” go ka kaya go tlotla kgotsa go ikobela batho kgotsa dilo tse dingwe. (Math. 28:9) Gape go ka kaya go tlotla le go ikobela Modimo kgotsa medingwana. (Joh. 4:23, 24) Se go buiwang ka sone, ke sone se se tla thusang motho yo o balang go tlhaloganya gore mafoko ano a kaya eng.

Re tshwanetse go obamela Jehofa fela ka gonne ke ene Mmopi le Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe. (Tshen. 4:10, 11) Re obamela Jehofa fa re tlotla bolaodi jwa gagwe le leina la gagwe. (Pes. 86:9; Math. 6:9, 10) Buka ya Esekiele e bua thata ka bolaodi jwa ga Jehofa le leina la gagwe. Mafoko a a reng “Morena Molaodimogolo Jehofa,” a tlhaga makgetlo a le 209 mme a a reng, “go itse gore ke nna Jehofa,” a tlhaga makgetlo a le 55 mo bukeng eno.​—Esek. 2:4; 6:7.

Fa re re re obamela Modimo ga se kgang fela ya go bua ka molomo mme re a bo re bontsha le ka ditiro. (Jak. 2:26) Fa re ineela mo go Jehofa, re a bo re ikana gore re tla mo ikobela le gore re tla tlotla leina la gagwe. Fa Jesu a ne a gana go obamela Satane, o ile a amanya go obamela Modimo le go mo “direla.” (Math. 4:10) E re ka re obamela Jehofa, re ikemiseditse go mo direla.a (Dute. 10:12) Re direla Modimo fa re dira ditiro tse di bontshang gore re a mo tlotla e bile re a mo ikobela le tse di tlhokang gore re itime dilo dingwe. Ke ditiro dife tseo?

Ditshwantsho: Tiro e re e direlang Jehofa. 1. Kgaitsadi a arabela kwa dipokanong. 2. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba phepafatsa lefelo la kopano.

Re ka direla Jehofa ka ditsela tse di farologaneng mme o lebogela matsapa otlhe a re a tsayang go mo direla. Re direla Jehofa fa re rerela ba bangwe, fa re ya dipokanong e bile re arabela kwa go tsone, fa re aga Diholo Tsa Bogosi e bile re di tlhokomela. Gape re direla Jehofa fa re tshwara kobamelo ya lelapa, fa re thusa Bakeresete ba ba wetsweng ke masetlapelo, fa re ithaopa go thusa kwa dikopanong le fa re direla kwa Bethele. (Baheb. 13:16; Jak. 1:27) Fa go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang go le botlhokwa mo go rona, re tla mo ‘direla bosigo le motshegare.’ Re itumelela go obamela Jehofa Modimo.​—Tshen. 7:15.

Boela kwa kgaolo 1, serapa 9

a Lefoko lengwe la Sehebera le le ka tlhalosiwang e le go obamela, gape le kaya go “direla.” Ka jalo, go obamela go akaretsa go direla.​—Ekes. 3:12, ntlh.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela