LEBOKOSE LA GO RUTA 12A
Go Kopanngwa ga Dithobane tse Pedi
E e Gatisitsweng
Jehofa o ne a laela Esekiele gore a kwale mo thobaneng e nngwe a re “ya ga Juda” mme mo go e nngwe a kwale a re “ya ga Josefa, thobane ya ga Eferaime.””
“ya ga Juda”
NAKO E E FETILENG
Bogosi jwa ditso di le pedi jwa Juda
MOTLHA WA RONA
Batlodiwa
“ya ga Josefa, thobane ya ga Eferaime”
NAKO E E FETILENG
Bogosi jwa ditso di le lesome jwa Iseraele
MOTLHA WA RONA
Ba dinku tse dingwe
“e nne thobane e le nngwe fela mo seatleng sa gago”
NAKO E E FETILENG
537 B.C.E. Baiseraele ba boa kwa ditšhabeng tse dingwe, ba aga Jerusalema sesha ba bo ba obamela Jehofa mmogo.
MOTLHA WA RONA
Go simolola ka 1919, batho ba Modimo ba a kopanngwa ka bonya ka bonya gore ba nne seoposengwe e bile ba direle Jehofa e le “letsomane le le lengwe.”