LEBOKOSE LA GO RUTA 16B
Go Bogisiwa, go Hutsafadiwa, go Tshwaiwa le go Thubaganya—Go Direga Leng le Gone Jang?
Ponatshegelo e e mo go Esekiele kgaolo 9 e a diragadiwa le mo motlheng ono. Go itse gore dilo di tlile go direga jang fa bokhutlo bo ntse bo atamela, go tla re thusa gore re nne pelokgale
‘Go bogisiwa le go hutsafadiwa’
GO DIREGA LENG: Mo metlheng ya bofelo, pele ga pitlagano e kgolo
GO DIREGA JANG: Batho ba ba siameng ba bontsha gore ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Ba amogela dikgang tse di molemo tse batho ba ga Jehofa ba di rerang. Gape ba apara botho jo bosha ba bo ba ineela mo go Jehofa le go kolobediwa. Mo godimo ga moo, ba ema bomorwarraagwe Keresete nokeng
‘Go tshwaiwa’
GO DIREGA LENG: Ka nako ya pitlagano e kgolo
GO DIREGA JANG: Monna yo o tshotseng lonaka lwa enke ya mokwaledi o emela Jesu Keresete fa a tla go atlhola batho ba ditšhaba tsotlhe. Ba boidiidi jo bogolo ba tla tshwaiwa gore ke dinku. Seno se raya gore ba tla falola ntwa ya Aramagedona
‘Go thubaganya’
GO DIREGA LENG: Kwa ntweng ya Aramagedona
GO DIREGA JANG:Jesu le masole a gagwe a kwa legodimong a a akaretsang baengele le batlodiwa ba le 144 000, ba tla senya lefatshe leno le le bosula. Gape ba tlile go thusa batho ba ba obamelang Jehofa ka tsela e e mo itumedisang gore ba falolele mo lefatsheng le lesha la paradaise