LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • th thuto 6 ts. 9
  • Dikwalo di Tlhalositswe Sentle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikwalo di Tlhalositswe Sentle
  • Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditemana di Bueletswe Sentle
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Dikwalo di Tlhalositswe Sentle
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Konelo e e Molemo
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Thusa Bareetsi go Dirisa Se ba Se Ithutang
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
th thuto 6 ts. 9

THUTO 6

Dikwalo di Tlhalositswe Sentle

Temana e e umakilweng

Johane 10:33-36

KGANGKGOLO: O se ka wa bala temana fela o bo o fetela kwa ntlheng e e latelang. Dira gore bareetsi ba bone kafa temana e o e badileng e amanang ka gone le ntlha e o e buang.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Tlhomolola mafoko a konokono. Fa o sena go bala temana, tlhomolola mafoko a a amanang le ntlha e o e buang. O ka dira seo ka go boeletsa mafoko ao kgotsa ka go botsa potso e e tla dirang gore bareetsi ba a bone.

    Kakantsho

    Fa o dirisa mafoko a mangwe go boeletsa ntlha e e mo temaneng, thusa bareetsi gore ba bone kafa mafoko a a mo temaneng a amanang ka gone le ntlha e o e buang.

  • Gatelela ntlha e o batlang bareetsi ba e gakologelwa. Fa o ile wa tlhalosa lebaka la go bo o bala temana, bontsha gore mafoko a konokono mo temaneng eo a tshegetsa lebaka leo jang.

    Kakantsho

    Fa o ntse o tlhalosa temana, nna o butse Baebele ya gago. Seno se tla thusa bareetsi go bona gore se o se buang se amana jang le se o sa tswang go se bala.

  • Tlhalosa Dikwalo ka tsela e e motlhofo. O se ka wa bua ka dintlha tse di sa amaneng ka gope le se o se buang. Bua ka dilo tse di tla thusang bareetsi go tlhaloganya ntlha ya botlhokwa, o akantse ka se ba setseng ba se itse ka setlhogo seo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela