LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lff thuto 44
  • A Meletlo Yotlhe e Itumedisa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Meletlo Yotlhe e Itumedisa Modimo?
  • Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ITHUTE MO GO OKETSEGILENG
  • O ITHUTILE ENG?
  • DINTLHA TSE DINGWE
  • Tlhopha go Direla Modimo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Malatsi Mangwe a Boikhutso?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Ema o Nitame mo Kobamelong ya Boammaaruri
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • A re Tshwanetse go Keteka Malatsi Mangwe a a Ketekwang?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
lff thuto 44
Thuto 44. Batho ba le bantsi ba tsholeleditse mabone mo loaping bosigo ka nako ya moletlo.

THUTO 44

A Meletlo Yotlhe e Itumedisa Modimo?

E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng

Jehofa o batla gore re itumelele botshelo e bile o batla gore ka dinako tse dingwe re nne le meletlo. Mme gone, a meletlo yotlhe le malatsi a boikhutso di a mo itumedisa? Re ka bontsha jang gore re rata Jehofa mo kgannyeng eno?

1. Goreng meletlo e mentsi e sa itumedise Jehofa?

O ka nna wa gakgamala fa o utlwa gore bontsi jwa meletlo ga e dumalane le dithuto tsa Baebele kgotsa e simologile mo boheitaneng. Meletlo eo e ka tswa e amana le bodumedi jwa maaka. E ka tswa e amana le bodimona kgotsa e theilwe mo thutong ya go re moya wa motho ga o swe. Meletlo mengwe e ka tswa e simologile mo tumelong ya botlhodi kgotsa mo tumelong ya gore motho o na le laki. (Isaia 65:11) Jehofa o tlhagisa batho ba ba mo obamelang jaana: ‘Ikgaoganyeng le bone mme lo tlogele go tshwara selo se se seng phepa.’—2 Bakorintha 6:17.a

2. Jehofa o ikutlwa jang ka meletlo e e tlotlomatsang batho?

Jehofa o re tlhagisa gore re se ka ‘ra ikanya batho.’ (Bala Jeremia 17:5.) Malatsi mangwe a a ketekiwang a tlotlomatsa babusi kgotsa masole. A mangwe a tlotlomatsa matshwao a naga kgotsa malatsi a boipuso. (1 Johane 5:21) Mme mo malatsing a mangwe a boikhutso, batho ba tlotlomatsa mekgatlho mengwe ya dipolotiki kgotsa ya bosetšhaba. Jehofa o tla ikutlwa jang fa re tlotlomatsa motho kgotsa mokgatlho mongwe, segolobogolo o o rotloetsang dikgopolo tse di sa dumalaneng le boikaelelo jwa gagwe?

3. Ke boitshwaro bofe jo bo ka dirang gore meletlo mengwe e se ka ya amogelesega?

Baebele e kgala ‘go nwa beine mo go feteletseng, meletlo ya botlhapelwa le mekete ya go nwa.’ (1 Petere 4:3) Mo meletlong mengwe, batho ga ba na boikgapo e bile ba dira boitsholo jo bo sa siamang. Fa re batla go tswelela re le ditsala tsa ga Jehofa, re tshwanetse go tila mekgwa eo e e sa siamang.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore o ka itumedisa Jehofa jang ka go dira ditshwetso tse di siameng tse di amanang le malatsi a boikhutso le meletlo mengwe.

Modirimmogo le mokaulengwe o mo naya mpho ya Keresemose.

4. O se ka wa nna le seabe mo meletlong e e sa itumediseng Jehofa

Bala Baefeso 5:10, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Fa re dira tshwetso ya go keteka letsatsi lengwe la boikhutso, ke eng se re tshwanetseng go se tlhomamisa?

  • Ke malatsi afe a boikhutso a a ketekiwang mo lefelong le o nnang mo go lone?

  • A o akanya gore malatsi ao a itumedisa Jehofa?

Ka sekai, a o kile wa ipotsa gore Modimo o ikutlwa jang ka go keteka malatsi a botsalo? Baebele ga e umake moobamedi ope wa ga Jehofa a keteka letsatsi la botsalo, mme e bua ka malatsi a botsalo a le mabedi a a neng a ketekiwa ke batho ba ba neng ba sa mo obamele. Bala Genesise 40:20-22 le Mathaio 14:6-10. Go tswa foo lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Go ne ga direga eng kwa meletlong eno e mebedi ya malatsi a botsalo?

  • Go ya ka dipego tseno tsa Baebele, o akanya gore Jehofa o ikutlwa jang ka go keteka malatsi a botsalo?

Gongwe o ka tswa o sa ntse o ipotsa gore, ‘A Jehofa o a kgathala fa ke nna le seabe fa go ketekiwa letsatsi la botsalo kgotsa moletlo mongwe o o sa dumalaneng le Baebele?’ Bala Ekesodo 32:1-8. Go tswa foo, tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

BIDIO: Meletlo E e Sa Itumediseng Jehofa (5:07)

  • Ke eng fa go le botlhokwa gore re tlhomamise se se amogelesegang mo go Jehofa?

  • Re ka dira seo jang?

Se se ka re thusang go itse gore moletlo ga o itumedise Modimo

  • A moletlo oo o dumalana le dithuto tsa Baebele? Fa o batla go bona karabo, batlisisa gore moletlo oo o simologile kae.

  • A moletlo oo o tlotlomatsa batho, mekgatlho kgotsa matshwao a naga? Re tlotlomatsa Jehofa go gaisa sengwe le sengwe e bile re tshepa gore ke ene a tla rarabololang mathata a lefatshe.

  • A dingwao le dilo tse di dirwang mo moletlong oo di ganetsana le melao ya Baebele? Re tlhoka go tswelela re na le boitsholo jo bo siameng.

5. Thusa ba bangwe gore ba tlotle se o se dumelang

Go ka nna thata gore o gane fa ba bangwe ba go pateletsa go nna le seabe mo meletlong e e sa itumediseng Jehofa. Tlhalosa ditshwetso tse o di dirileng, o le pelotelele e bile o bua ka tlotlo. Fa o batla go bona gore o ka dira seo jang, tshameka BIDIO eno.

BIDIO: Bua ka Tlotlo fa o Tlhalosa Se o Se Dumelang (2:01)

Bala Mathaio 7:12, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Go ya ka temana eno, a o tshwanetse go bolelela ba lelapa la gago ba ba sa ithuteng Baebele gore ga ba a tshwanela go keteka letsatsi lengwe la boikhutso?

  • O ka dira eng go ba tlhomamisetsa gore le fa gone o ka se nne le bone fa ba keteka meletlo eno, o a ba rata e bile o amega ka bone?

6. Jehofa o batla gore re itumele

Jehofa o batla gore re nne le dinako tse di itumedisang le ba malapa le ditsala tsa rona. Bala Moreri 8:15, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Temana eno e bontsha jang gore Jehofa o batla gore re itumele?

Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba ijese monate e bile ba itumele ba le mmogo. Tshameka BIDIO eno mme o bone gore seno se ile sa bonala jang kwa dikopanong tsa ditšhabatšhaba.

BIDIO: Go Bontsha Moya wa go Amogela Baeng Kwa Dikopanong Tsa Ditšhabatšhaba (5:40)

Bala Bagalatia 6:10, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • A re tlhoka go keteka malatsi mangwe a a tlwaelegileng gore re kgone go direla ba bangwe “se se molemo”?

  • Ke eng se se tla dirang gore o itumele: A ke fa o patelesega go abela mongwe mpho ka letsatsi lengwe la boikhutso, kgotsa fa o mo abela ka gonne o batla go dira jalo?

  • Ka dinako tse dingwe Basupi ba ga Jehofa ba direla bana ba bone sengwe se se kgethegileng e bile ba kgona go ba fa dimpho nako nngwe le nngwe fela. Fa e le gore o na le bana, ke dilo dife tse di kgethegileng tse o ka ba direlang tsone?

Batsadi ba naya morwadiabone mpho a sa lebelela.

BATHO BANGWE BA RE: “Ga go botlhokwa gore letsatsi la boikhutso le simologile kae. Selo sa botlhokwa ke go itumela le ba lelapa le ditsala.”

  • O ka araba o reng?

O ITHUTILE ENG?

Jehofa o batla gore re nne le dinako tse di itumedisang le ba lelapa le ditsala. Mme gape o batla gore re tile meletlo e e sa mo itumediseng.

Poeletso

  • Ke dipotso dife tse re ka ipotsang tsone go tlhomamisa gore a moletlo mongwe ga o itumedise Jehofa?

  • O ka thusa ba lelapa le ditsala tsa gago jang gore ba tlhaloganye ditshwetso tse o di dirileng tse di amanang le malatsi a boikhutso?

  • Re itse jang gore Jehofa o batla gore re itumele e bile re ijese monate?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Utlwa gore ke malatsi afe a mangwe a Bakeresete ba sa a ketekeng.

“Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Malatsi Mangwe a Boikhutso?” (Setlhogo se se mo website)

Bona mabaka a le manê a go bo re dumela gore meletlo ya malatsi a botsalo ga e itumedise Modimo.

“Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Malatsi a Botsalo?” (Setlhogo se se mo website)

Bona kafa bana ba bannye ba ba ratang Jehofa ba ka mo itumedisang ka gone fa go ketekiwa malatsi mangwe a boikhutso.

O Botlhokwa mo go Jehofa (11:35)

Bakeresete ba le bantsi ba tlhophile gore ba se ka ba keteka Keresemose. Ba ikutlwa jang ka tshwetso e ba e dirileng?

“Ba Bone Sengwe se se Botoka” (Tora ya Tebelo, December 1, 2012)

a Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 5 mme o ithute gore o ka dira eng fa batho ba bangwe ba keteka malatsi mangwe a boikhutso.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela