LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lff thuto 36
  • Ikanyege mo Dilong Tsotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ikanyege mo Dilong Tsotlhe
  • Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ITHUTE MO GO OKETSEGILENG
  • O ITHUTILE ENG?
  • DINTLHA TSE DINGWE
  • Ikanyege mo Dilong Tsotlhe
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Go Ikanyega go Botlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Melemo ya go Ikanyega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Go Ikanyega go Raya Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
lff thuto 36
Thuto 36. Monna o saena pampiri.

THUTO 36

Ikanyege mo Dilong Tsotlhe

E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng

Mongwe le mongwe o batla go nna le ditsala tse di ikanyegang. Jehofa le ene o batla gore ditsala tsa gagwe di ikanyege. Mme seno ga se motlhofo mo lefatsheng leno le le tletseng batho ba ba sa ikanyegeng. Go ikanyega mo dilong tsotlhe go na le melemo efe?

1. Lebaka la botlhokwa thata la go bo re tshwanetse go ikanyega ke lefe?

Fa re ikanyega mo go ba bangwe, re a bo re bontsha Jehofa gore re a mo rata e bile re a mo tlotla. Akanya ka seno: Jehofa o itse sengwe le sengwe se re se akanyang le se re se dirang. (Bahebera 4:13) O a bona fa re tlhopha go ikanyega, mme seo se a mo itumedisa. Lefoko la gagwe le a re: “Jehofa o tlhoile motho yo o tsietsang, mme ke tsala e kgolo ya batho ba ba siameng.”—Diane 3:32.

2. Re ka bontsha jang gore re a ikanyega letsatsi le letsatsi?

Jehofa o batla gore ‘mongwe le mongwe wa rona a bue boammaaruri le yo mongwe.’ (Sekarea 8:16, 17) Seno se kaya eng? Ga re batle go bua maaka kgotsa go bua tshedimosetso e e sa felelang, le fa re ka tswa re bua le ba lelapa, ba re dirang mmogo le bone, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona kgotsa badiredipuso. Batho ba ba ikanyegang ga ba utswetse ba bangwe e bile ga ba ba tsietse. (Bala Diane 24:28 le Baefeso 4:28.) E bile ba duela makgetho otlhe a ba tshwanetseng go a duela. (Baroma 13:5-7) Fa re dira dilo tseno le tse dingwe, re a bo re “ikanyega mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.

3. Go ikanyega go na le melemo efe?

Fa re itsege re le batho ba ba ikanyegang, ba bangwe ba tla re tshepa. Re thusa mongwe le mongwe mo phuthegong gore a ikutlwe a sireletsegile, jaaka e kete o mo lelapeng le go renang lorato mo go lone. Re nna le segakolodi se se phepa. Gape boikanyegi jwa rona bo ‘kgabisa thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo,’ e bile bo ka gogela batho ba bangwe gore ba batle go direla Jehofa.—Tito 2:10.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore boikanyegi bo ama Jehofa jang le gore bo go ama jang, mme gape ithute gore o ka bontsha jang gore o a ikanyega mo maemong a a farologaneng mo botshelong.

4. Fa re ikanyega re itumedisa Jehofa

Bala Pesalema 44:21 le Malaki 3:16, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke eng fa go se botlhale go akanya gore re ka fitlhela Jehofa sengwe?

  • O akanya gore Jehofa o ikutlwa jang fa re tlhopha go bua boammaaruri, tota le fa go dira jalo go se motlhofo?

Rre o bua le ngwana wa gagwe mme o khubame ka lengole. Jusi e tshologetse mo letlharokeng la tafole.

Fa bana ba bua boammaaruri, ba itumedisa batsadi ba bone. Fa re bua boammaaruri, re itumedisa Jehofa

5. Ikanyege ka dinako tsotlhe

Batho ba le bantsi ba dumela gore go ikanyega ka dinako tsotlhe ga go kgonege. Mme gone, bona gore ke eng fa re tlhoka go ikanyega ka dinako tsotlhe. Tshameka BIDIO eno.

BIDIO: Ke Eng se se Dirang Gore re Itumele?—Segakolodi se se Phepa (2:32)

Se se diragalang mo bidiong ya ‘Ke Eng se se Dirang Gore re Itumele?—Segakolodi se se Phepa.’ Fa Neo a sena go bolelela mothapi wa gagwe ka phoso e e masisi e a e dirileng, ba dira kagiso.

Bala Bahebera 13:18, lo bo lo tlotla ka gore re ka bontsha jang gore re a ikanyega . . .

  • mo lelapeng.

  • kwa tirong kgotsa kwa sekolong.

  • mo maemong a mangwe.

6. Go ikanyega go re solegela molemo

Kwa tshimologong, go ka lebega e kete go ikanyega go ka go bakela mathata. Mme gone, ke selo se se molemo se o ka se dirang. Bala Pesalema 34:12-16, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Go ikanyega go ka tokafatsa botshelo jwa gago jang?

A. Monna le mosadi ba bua ba ntse ba nwa kofi. B. Makheneke o akgolwa ke mothapi wa gagwe mo a berekang gone. C. Monna o bontsha lepodisi lekwaloitshupo.
  1. Banyalani ba ba ikanyegang ba dira gore manyalo a bone a tie

  2. Badiri ba ba ikanyegang ba tshepiwa ke bathapi ba bone

  3. Baagi ba ba ikanyegang ba itirela leina le lentle le badiredipuso

BATHO BANGWE BA RE: “Go bua maaka a mannye fela ga go phoso.”

  • Ke eng fa o dumela gore Jehofa o tlhoile maaka otlhe?

O ITHUTILE ENG?

Jehofa o batla gore ditsala tsa gagwe di ikanyege mo dilong tsotlhe tse ba di buang le tse ba di dirang.

Poeletso

  • Re ka ikanyega ka ditsela dife?

  • Ke eng fa go se botlhale go akanya gore re ka fitlhela Jehofa sengwe?

  • Ke eng fa o batla go ikanyega ka dinako tsotlhe?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Batsadi ba ka ruta bana ba bone jang gore ba ikanyege?

Bua Nnete! (1:44)

Go dira dilo tse re solofeditseng gore re tla di dira go re solegela molemo jang?

Fa o Diragatsa Se o Se Solofeditseng, o Tla Segofadiwa (9:09)

Bona gore ke eng fa re tshwanetse go duela makgetho, le fa a sa dirisiwe sentle.

“Makgetho—A o Tshwanetse go a Duela?” (Tora ya Tebelo, September 1, 2011)

Ke eng se se tlhotlheleditseng monna mongwe gore a fetole botshelo jwa gagwe mme a batle tiro e e siameng?

“Ke Ithutile Gore Jehofa o Pelotlhomogi e Bile o a Itshwarela” (Tora ya Tebelo, May 1, 2015)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela