LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lff thuto 41
  • Baebele e a Reng ka Tlhakanelodikobo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele e a Reng ka Tlhakanelodikobo?
  • Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ITHUTE MO GO OKETSEGILENG
  • O ITHUTILE ENG?
  • DINTLHA TSE DINGWE
  • “Tshabang Kgokafalo”
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo
    Tsogang!—2013
  • Pono ya Gago ya Bonna le Bosadi—e Dira Pharologanyo Efe?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • A Motho O a Bo a Robalana fa a Tsenya Loleme Kgotsa Molomo mo Dirweng Tsa yo Mongwe Tsa Thobalano?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
lff thuto 41
Thuto 41. Monna le mosadi ba tshwarane matsogo.

THUTO 41

Baebele e a Reng ka Tlhakanelodikobo?

E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng
E e Gatisitsweng

Batho ba le bantsi ga ba kgone go bua ka tlhakanelodikobo ba phuthologile. Le fa go ntse jalo, Baebele yone fa e bua ka tlhakanelodikobo ga e fitlhe sepe, mme gone e dira jalo ka tsela e e tlotlegang. Se e se buang se re solegela molemo. Seo se a utlwala ka gonne Jehofa ke ene Mmopi wa rona. Ka jalo, o itse se se re siametseng. O re bolelela se re tshwanetseng go se dira gore re mo itumedise le se se ka re thusang gore re tshelele ruri re itumetse.

1. Jehofa o leba jang tlhakanelodikobo?

Tlhakanelodikobo ke mpho e Jehofa a e neileng batho. O batla gore monna le mosadi ba ba nyalaneng ba e itumelele. Mpho eno e naya banyalani tshono ya gore ba ka nna le bana, mme gape e ba thusa gore ba bontshane lorato ka tsela ya tlholego le e e tla ba itumedisang. Ke gone ka moo Lefoko la Modimo le reng: “E kete o ka itumela le mosadi yo o mo nyetseng o sa le mosha.” (Diane 5:18, 19) Jehofa o lebeletse gore Bakeresete ba ba nyalaneng ba ikanyege mo balekaneng ba bone, gore ba se ka ba dira boaka.—Bala Bahebera 13:4.

2. Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo ke eng?

Baebele e re bolelela gore “batho ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo . . . ga ba kitla ba rua Bogosi Jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Bakwadi ba Baebele ba ba neng ba kwala ka Segerika, ba ne ba dirisa lefoko por·neiʹa go tlhalosa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Lefoko leno le akaretsa (1) go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang,a (2) go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang, le (3) go tlhakanela dikobo le diphologolo. Fa re ‘ithiba mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo,’ re itumedisa Jehofa e bile re solegelwa molemo—1 Bathesalonika 4:3.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore o ka tila jang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, le gore o tla solegelwa molemo jang fa o nna le boitsholo jo bo phepa.

Josefa o tlhanola direthe a tshaba mosadi wa ga Potifaro. O tshwere seaparo sa ga Josefa.

3. Tshaba boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo

Monna mongwe yo o ikanyegang yo o bidiwang Josefa, o ne a gana fa mosadi mongwe a ne a batla go tlhakanela dikobo le ene. Bala Genesise 39:1-12, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Josefa gore a tshabe?—Bona temana 9.

  • A o akanya gore Josefa o ne a dira tshwetso e e siameng? Goreng o rialo?

Basha gompieno ba ka etsa Josefa jang mme ba tshaba boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo? Tshameka BIDIO eno.

BIDIO: Tshaba Boitsholo Jo bo Sa Siamang (5:06)

Jehofa o batla gore re se ka ra dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Bala 1 Bakorintha 6:18, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke maemo afe a a ka dirang gore motho a feleletse a dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

  • O ka dira eng gore o tshabe boitsholo jono jo bo sa siamang?

4. O ka fenya thaelo

Ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore o fenye thaelo ya go tlhakanela dikobo? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

BIDIO: Fenya Thaelo ka go Bala Baebele (3:02)

  • Fa mokaulengwe yo o mo bidiong eno a ne a lemoga gore dilo tse a neng a di akanya le tse a neng a di dira di ka feleletsa di dirile gore a se ka a ikanyega mo mosading wa gagwe, o ne a dira eng?

Ka dinako dingwe, tota le Bakeresete ba ba ikanyegang ba tlhoka go lwantshana le dikakanyo tse di sa siamang. Ke eng se se ka dirang gore o se ka wa nnela go akanya ka boitsholo jo bo sa siamang? Bala Bafilipi 4:8, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke dilo dife tse re tshwanetseng go akanya ka tsone?

  • Go bala Baebele le go dira dilo tse di amanang le kobamelo ya ga Jehofa go ka re thusa jang gore re fenye fa re raelesega go dira boleo?

5. Melao ya ga Jehofa e re solegela molemo

Jehofa o itse se se re siametseng. O re bolelela gore re ka dira eng gore re nne re na le boitsholo jo bo siameng le melemo ya go dira jalo. Bala Diane 7:7-27 kgotsa tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

BIDIO: Go Tlhoka Botlhale (9:31)

  • Lekawana le go buiwang ka lone le ile la itsenya jang mo maemong a a raelang?—Bona Diane 7:8, 9.

  • Go ya ka Diane 7:23, 26, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo ka nna le ditlamorago tse di botlhoko. Fa re nna le boitsholo jo bo siameng, re ka tila mathata afe?

  • Go nna le boitsholo jo bo siameng go ka re thusa jang gore re kgone go tshelela ruri re itumetse?

Batho bangwe ba akanya gore se Baebele e se buang ka go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang ga se bontshe lorato. Mme Jehofa ke Modimo yo o lorato e bile o batla gore batho ba itumelele botshelo jo bo sa khutleng. Fa re batla go tshelela ruri, re tshwanetse go tshela ka melao ya gagwe. Bala 1 Bakorintha 6:9-11, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Go ya ka tsela e Modimo a lebang dilo ka yone, a dikeletso tsa go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang ke gone fela mo go phoso?

Rotlhe re tlhoka go dira diphetogo fa e le gore re batla go itumedisa Modimo. A go dira jalo go re solegela molemo? Bala Pesalema 19:8, 11, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • A o akanya gore melao ya ga Jehofa ya boitsholo e tekatekano? Goreng o akanya jalo?

Collage: 1. Mosetsana yo o sa itumelang o dutse fa thoko ga lekawana le a ratanang le lone. O nwa bojalwa e bile o goga motsoko le ditsala tsa gagwe kwa tarveneng. 2. Mosetsana yoo o bua le bokgaitsadi ba babedi kwa Holong ya Bogosi a itumetse.

Jehofa o thusitse batho ba le bantsi gore ba ikobele melao ya gagwe ya boitsholo. Le wena a ka go thusa

BATHO BANGWE BA RE: “Motho a ka tlhopha go tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe fela yo a mmatlang fa fela ba ratana.”

  • O ka mo raya o reng?

O ITHUTILE ENG?

Tlhakanelodikobo ke mpho e Jehofa a e neileng monna le mosadi ba ba nyalaneng gore ba e itumelele.

Poeletso

  • Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo akaretsa eng?

  • Ke eng se se ka re thusang gore re tile boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

  • Re solegelwa molemo jang fa re ikobela melao ya ga Jehofa ya boitsholo?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ithute gore ke eng fa Jehofa a batla gore monna le mosadi ba ba batlang go nna mmogo ba nyalane semolao.

“Baebele e a Reng ka Monna le Mosadi ba ba Nnang Mmogo ba sa Nyalana?” (Setlhogo se se mo website)

Ithute gore ke eng fa thuto ya Baebele e e kgalang tlhakanelodikobo ya batho ba bong jo bo tshwanang, e sa reye gore re tshwanetse go tlhoa batho bao.

“A go Tlhakanela Dikobo ga Batho ba Bong jo bo Tshwanang go Phoso?” (Setlhogo se se mo website)

Ithute gore melao ya Modimo e e amanang le tlhakanelodikobo e re sireletsa jang.

“A Motho O a Bo a Robalana fa a Tsenya Loleme Kgotsa Molomo mo Dirweng Tsa yo Mongwe Tsa Thobalano?” (Setlhogo se se mo website)

Bala maitemogelo a a reng “Ba ne Ba Ntlotla,” mme o utlwe gore ke eng se se neng sa tlhotlheletsa monna mongwe yo o neng a tlhakanela dikobo le banna ba bangwe gore a fetole tsela e a neng a tshela ka yone mme a itumedise Modimo.

“Baebele e Fetola Matshelo a Batho” (Tora ya Tebelo, April 1, 2011)

a Mekgwa eno e e sa amogelesegeng e akaretsa dilo tse di farologaneng tse di jaaka go tlhakanela dikobo, go tsenya loleme kgotsa molomo mo dirweng tsa yo mongwe tsa tsalo, go tlhakanela dikobo ka marago le go tshwaratshwara dirwe tsa motho yo mongwe tsa tsalo ka boikaelelo jwa go tsosa maikutlo a tlhakanelodikobo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela