LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Thuto ya Maaka 1: Moya ga o Swe
    Tora ya Tebelo—2009 | November 1
    • Thuto ya Maaka 1: Moya ga o Swe

      Thuto eno e simologile kae?

      “Baitsefilosofi ba bogologolo ba Bakeresete ba ne ba amogela kgopolo ya Bagerika ya gore moya ga o swe mme ba ne ba tsaya gore moya o dirilwe ke Modimo a bo a o budulela mo mmeleng wa motho ka nako ya fa a imiwa.”—The New Encyclopædia (1988), Bolumo 11, tsebe 25.

      Baebele yone ya reng?

      “Mowa o o leofang go tlaa swa one.”—Esekiele 18:4, Baebele e e Boitshepo.

      Baebele e bua jaana malebana le fa go ne go bopiwa motho wa ntlha: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung a ba a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe, mme motho a nna moya [Sehebera, neʹphesh] o o tshelang.”—Genesise 2:7.

      Lefoko la Sehebera e leng neʹphesh, le le ranotsweng e le “moya” le kaya ‘sebopiwa se se hemang.’ Fa Modimo a ne a bopa monna wa ntlha e bong Adame, o ne a se ka a budulela moya o o sa sweng mo go ene go na le moo o ne a budulela maatla a botshelo a a tswelelang a le gone fa re hema. Ka jalo, go ya ka Baebele “moya” o kaya motho ka boene. Fa motho kgotsa moya o swa, maatla ao a botshelo a Modimo a neng a a budulela mo mothong fa a ne a mmopa a a fela.—Genesise 3:19; Esekiele 18:20.

      Thuto ya gore moya ga o swe e ne ya dira gore go nne le dipotso tseno: Moya o ya kae fa motho a sena go swa? Go diregang ka meya ya batho ba ba boikepo? Fa batho bangwe ba ba ipitsang Bakeresete ba ne ba amogela thuto ya maaka ya gore moya ga o swe, seo se ile sa dira gore go amogelwe thuto e nngwe gape ya maaka—molelo wa dihele.

      Bapisa le ditemana tseno tsa Baebele: Moreri 3:19; Mathaio 10:28; Ditiro 3:23.

      BOAMMAARURI:

      Fa motho a swa ga a tlhole a le gone

  • Thuto ya Maaka 2: Baikepi ba Bogisiwa Kwa Diheleng
    Tora ya Tebelo—2009 | November 1
    • Thuto ya Maaka 2: Baikepi ba Bogisiwa Kwa Diheleng

      Thuto eno e simologile kae?

      “Mo baitsefilosofing botlhe ba ba itsegeng thata ba Bagerika, Plato ke ene yo o neng a tlhotlheletsa thata thuto ya dihele.”—Histoire des enfers (Hisitori ya Dihele) e e kwadilweng ke Georges Minois, tsebe 50.

      “Go simolola mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga AD, Bakeresete ba ba neng ba rutilwe filosofi ya Segerika ba ne ba simolola go tlhalosa tumelo ya bone ka tsela e baitsefilosofi bano ba neng ba leba dilo ka yone . . . Dithuto tsa filosofi tse ba neng ba di rata e ne e le tsa ga Plato.”—The New Encyclopædia Britannica (1988), Bolumo 25, tsebe 890.

      “Dithuto tsa Kereke di tlhomamisa gore dihele di teng le gore di tla tswelela di le gone. Di ruta gore fa batho ba ba dirileng maleo a a masisi ba sena go swa, meya ya bone e tlhokofadiwa kwa diheleng, tse go tweng ke ‘molelo o o tukang ka bosakhutleng.’ Go atlholelwa go ya diheleng go bontsha gore motho o kgaogantswe le Modimo ka bosakhutleng.”—Catechism of the Catholic Church ya 1994, tsebe 270.

      Baebele yone ya reng?

      ‘Gonne batshedi ba a itse gore ba tla swa, mme baswi bone ga ba itse sepe, gonne ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole, lefelo le o yang kwa go lone.’—Moreri 9:5, 10.

      Lefoko la Sehebera e leng Sheole le le kayang “lefelo la baswi,” le ranotswe e le “dihele” mo dithanolong dingwe tsa Baebele. Temana eno e senola eng ka boemo jwa baswi? A ba duelela maleo a bone ka gore ba tlhokofadiwe kwa Sheole? Nnyaa, ka gonne ga ba “itse sepe.” Ke gone ka moo tlhogo ya lotso e bong Jobe a neng a kopa Modimo jaana fa a ne a boga ka ntlha ya bolwetse jo bo botlhoko: “Ntshireletse mo diheleng [ka Sehebera, Sheole].” (Jobe 14:13; Douay-Rheims Version) A o ne a ka kopa Modimo gore a mo sireletse fa e ne e le gore Sheole ke lefelo la go tlhokofadiwa ka bosakhutleng? Go ya ka Baebele dihele ke lebitla le le tlwaelegileng la batho, kwa go seng tiro epe e motho a ka e dirang.

      A ga o utlwe tlhaloso eno e utlwala e bile e dumalana le temana eno ya Baebele? Ke bosula bofe le fa bo ka nna maswe jang jo bo ka dirang gore Modimo yo o lorato a tlhokofatse motho ka bosakhutleng? (1 Johane 4:8) Fa e le gore molelo wa dihele ke thuto ya maaka, a go ya legodimong le gone ke thuto ya maaka?

      Bapisa le ditemana tseno tsa Baebele: Pesalema 146:3, 4; Ditiro 2:25-27; Baroma 6:7, 23

      BOAMMAARURI:

      Modimo ga a tlhokofatse batho kwa diheleng

  • Thuto ya Maaka 3: Batho Botlhe ba ba Siameng ba ya Kwa Legodimong
    Tora ya Tebelo—2009 | November 1
    • Thuto ya Maaka 3: Batho Botlhe ba ba Siameng ba ya Kwa Legodimong

      Thuto eno e simologile kae?

      Fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go swa, mo tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., Borara ba Kereke ba ne ba nna le maemo a a rileng. Fa New Catholic Encyclopedia (2003), Bolumo 6, tsebe 687 e tlhalosa dithuto tsa bone ya re: “Thuto e e neng e aname e ne e le gore fa motho a swa moya wa gagwe o tswa mo nameng mme o a itshekisiwa o bo o ya kwa legodimong.”

      Baebele yone ya reng?

      “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.”—Mathaio 5:5.

      Le fa Jesu a ne a solofetsa barutwa ba gagwe gore o tla ba “baakanyetsa lefelo” kwa legodimong, o ne a sa reye gore batho botlhe ba ba siameng ba tla ya kwa legodimong. (Johane 3:13; 14:2, 3) A o ne a se ka a rapelela gore thato ya Modimo e diragale “le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong”? (Mathaio 6:9, 10) Boammaaruri ke gore batho ba ba siameng ba tla nna mo lefatsheng mme ba bangwe ba tla nna kwa legodimong. Palo e nnye ya bone e tla busa le Keresete kwa legodimong, mme ba le bantsi ba bone ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng.—Tshenolo 5:10.

      Fa nako e ntse e tsamaya, kereke ya bogologolo e ne ya fetola tsela e e lebang ka yone seabe sa yone mo lefatsheng. Seo se ne sa felela ka eng? The New Encyclopædia Britannica ya re: “Kereke e e neng e tlhomilwe e ne ya emisetsa Bogosi jwa Modimo jo bo solofeditsweng.” Kereke e ne ya simolola go nonotsha taolo ya yone ka go nna le seabe mo dipolotiking, e itlhokomolosa mafoko a a utlwalang sentle a ga Jesu a gore balatedi ba gagwe “ga ba karolo ya lefatshe.” (Johane 15:19; 17:14-16; 18:36) Ka ntlha ya tlhotlheletso ya Mmusimogolo wa Moroma e bong Constantine, kereke e ne ya tlogela dilo tse e neng e di dumela, tse nngwe ya tsone e akaretsang gore Modimo o teng.

      Bapisa le ditemana tseno tsa Baebele: Pesalema 37:10, 11, 29; Johane 17:3; 2 Timotheo 2:11, 12

      BOAMMAARURI:

      Batho ba le bantsi ba ba siameng ba tla tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng—e seng kwa legodimong

  • Thuto ya Maaka 4: Modimo ke Medimo e le Meraro Mo go A le Mongwe
    Tora ya Tebelo—2009 | November 1
    • Thuto ya Maaka 4: Modimo ke Medimo e le Meraro Mo go A le Mongwe

      Thuto eno e simologile kae?

      “Fa go sekasekwa dintlha tsotlhe, medimo e le meraro mo go a le mongwe ke thuto e e neng ya simololwa go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bo4 la dingwaga . . . Tlhaloso ya gore go na le ‘medimo e le meraro mo go a le mongwe’ e ne e sa tlhomama, tota e bile e ne e se sengwe se Bakeresete ba neng ba se latela ka botlalo e bile e se karolo ya tumelo ya bone, pele ga lekgolo la bo4 la dingwaga le fela.”—New Catholic Encyclopedia (1967), Bolumo 14, tsebe 299.

      “Lekgotla la Nicaea le ne la kopana ka May 20, 325 [C.E.]. Constantine e ne e le motshwaramarapo, a eteletse pele motlotlo e bile e le ene a akantshang . . . gore mo dithutong tse di dumelwang ke lekgotla go kwalwe gore Keresete o amana le Modimo le gore ‘ke motho a le mongwe le Rara.’ . . . Ka ntlha ya go boifa mmusimogolo, bobishopo botlhe kwa ntle ga ba le babedi, ba ne ba saena tumalano eo le fa e ne e sa dumalane le se bontsi jwa bone bo neng bo se dumela.”—Encyclopædia Britannica (1970), Bolumo 6, tsebe 386.

      Baebele yone ya reng?

      “Setefane a tletse Moya o o Boitshepo, a leba kwa legodimong mme a tshogana ka a bona kgalalelo ya Modimo le ya ga Jesu a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo. Mme a re: ‘Bonang! Ke bona magodimo a butswe le Morwa motho a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo.’”—Ditiro 7:55, 56, The New Jerusalem Bible.

      Ponatshegelo eno e ne e senola eng? A tletse maatla a Modimo a a dirang, Setefane o ne a bona Jesu “a eme kafa seatleng sa moja sa Modimo.” Ka jalo go bonala sentle gore fa Jesu a sena go tsosediwa kwa legodimong ga a ka a nna Modimo, go na le moo, o ne a nna motho wa semoya yo o sa tshwaneng le Modimo. Mo pegong eno ga go umakiwe motho ope wa boraro gaufi le Modimo. Le fa Moruti wa Dominican e bong Marie -Émile Boismard a ne a dira maiteko a go batla mafoko mangwe mo Dikwalong a a tshegetsang thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya À l’aube du christianisme—La naissance des dogmes (Ka Nako ya Bokeresete—Tshimologo ya Dithuto Dingwe): “Mafoko a gore go na le batho ba le bararo mo Modimong a le mongwe . . . ga a tlhage gope mo Tesetamenteng e Ntšha.”

      Maikaelelo a thuto e Constantine a neng a e rotloetsa e ne e le go fedisa dikgotlhang tse Kereke e neng e na le tsone mo lekgolong la bonè la dingwaga. Le fa go ntse jalo, seo se ne sa tsosa kgang e nngwe: A Marea, mosadi yo o neng a tshola Jesu ke “Mmaagwe Modimo”?

      Bapisa le ditemana tseno tsa Baebele: Mathaio 26:39; Johane 14:28; 1 Bakorintha 15:27, 28; Bakolosa 1:15, 16

      BOAMMAARURI:

      Thuto ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe e simolotse mo lekgolong la bonè la dingwaga

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela