LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 1/15 ts. 31-32
  • Go Boloka Matlotlo a Nako e e Fetileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Boloka Matlotlo a Nako e e Fetileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Ditlhogwana
  • “ALEBAMO YA LELAPA” LA RONA LE “BOSWA” JWA RONA
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 1/15 ts. 31-32

Go Tswa mo Mabolokelong a Rona

Go Boloka Matlotlo a Nako e e Fetileng

BATHO ba ga Jehofa ba na le boswa jo bontsi jwa semoya. Rekoto e e kgatlhang ya boswa jono e ka bonwa mo dikgatisong tsa rona, mo ditshwantshong, mo makwalong, mo dipegong tsa matshelo a batho le mo dilong tsa bogologolo tse di amanang le kobamelo ya rona le tiro ya rona ya go rera mmogo le hisitori ya rona. Mme gone, go boloka dilo tse di ntseng jalo le go tlhatlhoba dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng go na le molemo ofe? Ditlhogo tsa malapa kwa Iseraeleng wa bogologolo di ne di tshwanetse go itsise bomorwaabone melao le ditiro tse di itumedisang tsa ga Jehofa e le gore ba ka ‘baya tshepo ya bone mo Modimong.’—Pes. 78:1-7.

Go dira dipatlisiso ka dilo tsa bogologolo ga go a bolo go nna le seabe mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa ga Jehofa. Ka sekai, fa baganetsi ba ne ba leka go emisa tiro ya go aga tempele ya kwa Jerusalema sesha, go ne ga batliwa direkoto kwa bobolokelong jo bo kwa Ekabatana e leng motsemogolo wa Midiana, teng koo go ne ga fitlhelwa lekwalo le le tswang kwa go Kgosi Kurose le le neng le letlelela go agiwa goo. (Esera 6:1-4, 12) Ka jalo, tempele eo e ne ya agiwa sesha go dumalana le thato ya Modimo. Mokwadi wa Efangele e bong Luke, yo o neng a “latedisitse dilo tsotlhe ka tlhomamo go tswa kwa tshimologong,” le ene o ne a dira dipatlisiso mo dilong tsa bogologolo.—Luke 1:1-4.

Setlhopha se se Laolang se kgatlhegela thata dilo tse di amanang le puso ya Modimo tse di diregileng mo nakong e e fetileng. Fa leloko lengwe la Setlhopha se se Laolang le ne le akgela ka gore boswa jwa rona jwa semoya bo tshwanetse go bolokwa, go kwalwa le go fetisediwa kwa go ba bangwe le ne la re: “E le gore re itse kwa re yang teng, re tshwanetse go itse kwa re tswang teng.” Ka ntlha ya seo, bosheng jaana kwa ntlokgolo e e kwa Brooklyn, kwa New York, go ne ga tlhomiwa Lephata la Mabolokelo a Dilo Tsa Kgale le le kaelwang ke Komiti ya Bakwadi.

“ALEBAMO YA LELAPA” LA RONA LE “BOSWA” JWA RONA

Fa nako e ntse e tsamaya, dilo tsa bogologolo di a nyelela mme bontsi jwa rona re eletsa e kete re ka bo re ile ra baya direkoto tsotlhe tsa malapa a rona. Lephata la Mabolokelo a Dilo Tsa Kgale le dira ka natla go boloka le go kwala boswa jwa rona jo bontsi le jo bo golang. Ditshwantsho tse di beilweng sentle mo Bobolokelong di ka tsewa e le karolo ya “alebamo ya lelapa” la rona. Dikgatiso tsa rona tsa bogologolo, dipego tse di kgatlhang tse motho a di begileng le dilo tse re ka di gopolang tse di ka se lekanngweng le sepe, ke mangwe a matlotlo a a leng mo Mabolokelong. Dilo tseo ke “boswa jo bo tlogelelwang dikokomana” mme di re sedimosetsa ka dilo tse di direlwang puso ya Modimo e bile di re thusa go leba kwa pele re na le tsholofelo ka bokamoso jwa lelapa la rona la semoya.

Re go laletsa gore o ithute ka Lephata la Mabolokelo a Dilo Tsa Kgale o dirisa karolo eno e ntšha ya “Go Tswa mo Mabolokelong a Rona.” E tla nna gone makgetlo mangwe mo dikgatisong tsa makasine o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo. Ka sekai, mo kgatisong e e latelang re rulaganya go kwala pego e e nang le ditshwantsho e e tla arabang dipotso tseno: Kolotsana ya Dawn e ne e le eng? E ne e dirisiwa ke bomang? E ne ya dirisiwa leng, gone e dirisetswa eng?

Go tshwana le alebamo ya lelapa e e re gopotsang dilo dingwe, dilo tseno tse di mo Mabolokelong di re bolelela go le gontsi ka rona le ka bomoya jwa batho ba ba tshedileng pele ga rona—ka tumelo le bopelokgale jwa batho ba ba tlileng pele ga rona, ka boitumelo le dikgwetlho tsa go direla Rrarona yo o lorato yo o kwa legodimong, le ka ga kaelo ya Modimo mmogo le ka go ema batho ba gagwe nokeng a sa kgaotse. (Dute. 33:27) Re tlhomamisegile gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a go leka go boloka hisitori ya rona, e le gore re nne seoposengwe le go nonotshediwa go dira thato ya gagwe go feta le fa e le leng pele.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go Sekaseka Se se Mo Mabolokelong

Fa go dirwa dikgatiso tsa Bokeresete, di-DVD le dikgatiso tse dingwe tse di theilweng mo Baebeleng, bakwadi ba rona, bataki, babatlisisi le ba bangwe ba dirisa dilo tse di mo mabolokelong. Ka jalo, Lephata la Mabolokelo a Dilo Tsa Kgale le na le maikarabelo a go batla dilo tse dintsi tsa bogologolo go tswa kwa diofising tsa makala, kwa mafapheng a Bethele, kwa diphuthegong, mo bathong bangwe le mo ditheong tsa lefatshe, ba bo ba di kgobokanya le go di boloka. Mma re sekasekeng dikarolo tse di latelang tse di akarediwang ke tiro eno:

Go Kgobokanya Dilo Le go Di Sekaseka: Dilwana tse di tlhomologileng di nna di tsenngwa mo Mabolokelong ano. Bontsi jwa dilo tseno di abiwa ka bopelonomi kgotsa di adimiwa mo bathong ba ba malapa a bone ba sa bolong go direla Jehofa ka boikanyegi ka makgolokgolo a dingwaga. Go sekaseka dilo tse di ntseng jalo le go di bapisa go re thusa gore re kgone go tlhaloganya hisitori ya rona ka mo go oketsegileng le go tlhaloganya hisitori ya batho ba ba tshetseng mo nakong e e fetileng.

Go Dira Lenaane: Lephata la Mabolokelo a Dilo Tsa Kgale le na le dilo di le diketekete mme dingwe tsa tsone di na le dingwaga tse di fetang lekgolo. Go na le mefuta e mentsi ya dilo mo Mabolokelong mme go tshwanetse ga dirwa lenaane la nngwe le nngwe ya tsone e le gore di tle di bonwe motlhofo le go dirisiwa fa go dirwa dipatlisiso mo nakong e e tlang.

Go Tsosoloswa le go Tlhokomelwa: Dibuka tse di ka senyegang motlhofo le dilo tsa bogologolo di a baakanngwa le go tlhokomelwa go dirisiwa mekgwa ya maemo a a kwa godimo ya go tsosolosa dilo. Makwalo, ditshwantsho, dipego tse di tlhagang mo makwalodikgannyeng, difilimi le dilo tse di rekotilweng di tsenngwa mo khomputareng. Ka jalo, di ka kgona go bonwa mo khomputareng e le gore di se ka tsa tshwarwa ka diatla mme tsa senyega.

Kwa di Bolokiwang le Kwa di Tsewang Gone: Dilo tse di mo Mabolokelong di bewa ka tsela e e nang le thulaganyo le e e sireletsegileng gore di se ka tsa latlhega le gore di se ka tsa senngwa ke lesedi le bongola. Go dirwa lenaane mo khomputareng le le thusang fa go dirwa dipatlisiso le fa go tsewa matlotlo ano a bogologolo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 32]

1. Papetla ya “Photo-Drama of Creation.” 2. Lenaane la peeletso. 3. Koloi e e nang le sebuelagodimo. 4. Khabara ya Tora ya Tebelo ya April 15, 1912. 5. Kitsiso ya go golegwa ga J. F. Rutherford. 6.Maekerofounu wa WBBR. 7. Fonokerafa. 8. Kgetsana ya go tshola dibuka. 9. Dintlhanyana tse di ikwaletsweng. 10. Thelekerama e e yang kwa go J. F. Rutherford.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela