LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w18 November ts. 32
  • Re ka Naya Jehofa Mpho Efe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re ka Naya Jehofa Mpho Efe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Mpho ya ga Jehofa”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • “Madinyana a le Mabedi a Tshipi”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e Tshegediwa Jang?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Re Leboga Jehofa ka Tsela e lo Ratang ba Bangwe ka Yone
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
w18 November ts. 32
donate.jw.org

Re ka Naya Jehofa Mpho Efe?

JESU o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Dit. 20:35) Go ntse jalo ka kamano ya rona le Jehofa. Goreng re rialo? Jehofa o re neile dimpho di le dintsi tse di dirang gore re itumele mme re ka itumela le go feta fa re mo naya mpho. Re ka naya Jehofa mpho efe? Diane 3:9 ya re: “Tlotla Jehofa ka dilo tsa gago tse di tlhwatlhwakgolo.” Dilo tsa rona “tse di tlhwatlhwakgolo” di akaretsa nako ya rona, bokgoni, maatla le dilo tse re nang le tsone. Fa re dirisa dilo tseo go tshegetsa tiro ya Bogosi, re a bo re naya Jehofa mpho mme seo se tla dira gore re itumele.

Ke eng se se tla re thusang gore re ntshetse Jehofa meneelo? Moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakorintha a re ba “beele sengwe kwa thoko” gore ba kgone go ntsha moneelo. (1 Bakor. 16:2) O ka bona kae tshedimosetso e e oketsegileng malebana le ditsela tsa go ntsha meneelo mo nageng ya lona? Bona lebokoso le le fa tlase.

Go na le dinaga tse dingwe tse o sa kgoneng go ntsha moneelo mo Internet. Le fa go ntse jalo, fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe ya go ntsha moneelo tsena mo tsebeng ya go ntsha meneelo. Mo dinageng tse dingwe, o tla fitlhela tshedimosetso e e arabang dipotso tse gantsi di bodiwang ka go ntsha meneelo.

Tsela e e Motlhofo ya go Ntsha Moneelo mo Internet

GO MOTLHOFO GO E BONA

  • Internet

    Kwala donate.jw.org mo Internet

  • JW Library

    Mo tsebeng ya ntlha ya JW Library tobetsa linki ya “Donations”

GO MOTLHOFO GO E DIRISA

Ntsha moneelo gangwe, kgotsa dira gore moneelo o tsewe mo akhaontong ya gago kgwedi le kgwedi:

  • Worldwide Work (Tiro ya Lefatshe Lotlhe)

  • Your Congregation (Phuthego ya Lona)

  • Regional Convention (Kopano ya Tikologo)

  • Circuit Assembly (Kopano ya Potologo)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela